Fetela kwa tshedimosetsong

Boporofeti ke Eng?

Boporofeti ke Eng?

Karabo ya Baebele

Boporofeti ke molaetsa o o tswang kwa Modimong. Baebele ya re baporofeti “ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.” (2 Petere 1:20, 21) Ka jalo, moporofeti ke motho yo Modimo a mo nayang molaetsa gore a o bolelele ba bangwe.—Ditiro 3:18.

Modimo o ne a naya baporofeti molaetsa jang?

Modimo o ne a dirisa ditsela tse di farologaneng:

  • Go ba kwalela. Modimo o ne a dirisa mokgwa ono gangwe fa a ne a naya Moshe Melao e e Lesome e a neng a e kwadile.—Ekesodo 31:18.

  • A dirisa baengele. Ka sekai, Modimo o ne a dirisa moengele go bolelela Moshe molaetsa o a neng a batla gore Moshe a o neye Faro wa Egepeto. (Ekesodo 3:2-4, 10) Fa Modimo a ne a tlhoka gore molaetsa o kwalwe, o ne a laela baengele go dira jalo, jaaka a ile a dira fa a ne a raya Moshe a re: “Ikwalele mafoko ano, ka gonne ke dira kgolagano le wena le Iseraele tumalanong le mafoko ano.”Ekesodo 34:27. *

  • Diponatshegelo. Ka dinako tse dingwe, seno se ne se direga moporofeti a ntse a sa robala. (Isaia 1:1; Habakuke 1:1) Diponatshegelo tse dingwe di ne di bonala e kete ke tiragalo ya mmatota ka gonne batho ba teng ba ne ba nna le seabe mo go tsone. (Luke 9:28-36; Tshenolo 1:10-17) Ka dinako tse dingwe diponatshegelo tseno di ne di diragalela motho a le mo maibing. (Ditiro 10:10, 11; 22:17-21) Gape Modimo o ne a naya baporofeti ba gagwe melaetsa ka ditoro.—Daniele 7:1; Ditiro 16:9, 10.

  • Ka go kaela tsela e ba akanyang ka yone. Modimo o ne a bolelela baporofeti ba gagwe molaetsa ka go kaela tsela e ba akanyang ka yone. Seno ke se se kaiwang ke mafoko a Baebele a a reng: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.” Mafoko ano a a reng “tlhotlheleditswe ke Modimo” gape a ka ranolwa e le lokwalo lotlhe lo “buduletse ke Modimo.” (2 Timotheo 3:16; The Emphasised Bible) Modimo o ne a dirisa moya o o boitshepo go ‘budulela’ dikakanyo tsa gagwe mo mogopolong wa batlhanka ba gagwe. Molaetsa o ne o tswa kwa Modimo mme gone batho ba ne ba di kwala ba dirisa mafoko a bone.—2 Samuele 23:1, 2.

A ka dinako tsotlhe boporofeti bo tlhalosa se se tla diregang mo isagweng?

Nnyaa, ga se ka dinako tsotlhe boporofeti jwa Baebele bo buang ka dilo tse di tla diregang mo nakong e e tlang. Mme gone, melaetsa e mentsi ya Modimo e bua ka dilo tse di tla diregang mo isagweng. Ka sekai, baporofeti ba Modimo ba ne ba tlhola ba tlhagisa Baiseraele ba bogologolo ka dilo tse di sa siamang tse ba neng ba di dira. Ba ne ba ba bolelela ka dilo tse di molemo tse di tla diregang mo isagweng fa ba reetsa Modimo le tse di bosula tse di tla diregang fa ba sa mo reetse. (Jeremia 25:4-6) Baiseraele ba ne ba tla itlhophela gore ba tsaya tsela efe.—Duteronome 30:19, 20.

Dikai tsa boporofeti jwa Baebele jo bo neng bo sa bue ka isagwe

  • Nako nngwe fa Baiseraele ba kopa Modimo gore a ba thuse, Jehofa o ne a roma moporofeti wa gagwe gore a ba bolelele gore a ka se ba thuse ka gonne ba ganne go mo ikobela.—Baatlhodi 6:6-10.

  • Fa Jesu a ne a bua le mosadi wa Mosamarea, Modimo o ne a senolela Jesu dilo tse mosadi yono a di dirileng mo nakong e e fetileng. Mosadi yono o ne a re Jesu ke moporofeti le fa gone Jesu a sa mmolelela sepe ka dilo tse di tla diregang mo isagweng.—Johane 4:17-19.

  • Fa baba ba ga Jesu ba ne ba mo sekisa, ba ne ba mo itaya ba bo ba mo raya ba re: “Porofeta. Ke mang yo o go iteileng?” Ba ne ba sa reye gore Jesu a bue ka sengwe se se tla diregang mo isagweng, go na le moo ba ne ba batla gore a kope Modimo gore a mo senolele gore ke mang yo o mo iteileng.—Luke 22:63, 64.

^ ser. 4 Le fa kwa tshimologong go ka tswa go lebega e kete Modimo o ne a bua le Moshe ka tlhamalalo, Baebele e bontsha gore Modimo o ne a dirisa baengele go kwalela Moshe Melao e e Lesome.—Ditiro 7:53; Bagalatia 3:19.