Fetela kwa tshedimosetsong

Go Tsalwa Sesha go Kaya Eng?

Go Tsalwa Sesha go Kaya Eng?

Karabo ya Baebele

Mo Baebeleng go “tsalwa gape” kgotsa go tsalwa sesha go kaya tsela e Modimo a dirisang ka yone le batho bangwe ba ba rileng. (Johane 3:3, 7) Modimo o tsaya batho bao e le bana ba gagwe. (Baroma 8:15, 16; Bagalatia 4:5; 1 Johane 3:1) Re ka tshwantsha seo le fa motsadi a tsaya ngwana semolao gore e nne wa gagwe, ngwana yoo o nna karolo ya lelapa leo e bile o bidiwa ka sefane sa lone.—2 Bakorintha 6:18.

Goreng motho a tsalwa sesha?

Jesu o ne a re: “Fa motho a sa tsalwe gape, ga a ka ke a bona bogosi jwa Modimo.” (Johane 3:3) Ka jalo, go tsalwa gape kgotsa go tsalwa sesha go thusa motho gore a ipaakanyetse go ya go busa le Keresete mo Bogosing Jwa Modimo. Bogosi jono bo busa bo le kwa legodimong, ke ka moo Baebele e reng go “tsala sesha” ke boswa jo batho bano ba bo ‘beetsweng kwa magodimong.’ (1 Petere 1:3, 4) Modimo o tlhomamisetsa batho bao gore ba tla “busa mmogo jaaka dikgosi” le Keresete.—2 Timotheo 2:12; 2 Bakorintha 1:21, 22.

Motho o tsalwa sesha jang?

Fa Jesu a ne a tlotla ka kgang eno, o ne a tlhalosa gore batho ba ba tsalwang sesha ba ‘tsalwa ka metsi le moya.’ (Johane 3:5) Mafoko ano a bontsha gore motho o kolobediwa mo metsing, go tswa foo a bo a kolobediwa ka moya o o boitshepo.—Ditiro 1:5; 2:1-4.

Jesu e ne e le motho wa ntlha go tsalwa sesha. O ne a kolobediwa kwa Nokeng ya Joredane, go tswa foo Modimo a bo a mo tlotsa (kgotsa a mo kolobetsa) ka moya o o boitshepo. Seno se raya gore Jesu o ne a tsalwa sesha e le morwa Modimo a bo a nna le tsholofelo ya go boela kwa legodimong. (Mareko 1:9-11) Modimo o ne a diragatsa tsholofetso eo ka go tsosa Jesu mo baswing a bo a mo naya mmele wa semoya gore a ye go tshela kwa legodimong.—Ditiro 13:33.

Go na le batho ba bangwe ba ba neng ba amogela moya o o boitshepo morago ga go kolobediwa mo metsing. * (Ditiro 2:38, 41) Go tswa foo, ba nna le tsholofelo ya go ya go busa kwa legodimong, tsholofelo e Modimo a tla e diragatsang fa a ba tsosa mo baswing.—1 Bakorintha 15:42-49.

Dikgopolo tse di phoso ka go tsalwa sesha

Kgopolo e e phoso: Motho o tshwanetse go tsalwa sesha gore a bolokwe gape kgotsa gore e nne Mokeresete.

Boammaaruri: Setlhabelo sa ga Jesu ga se boloke fela batho ba ba tsalwang sesha ba ba yang go busa le Keresete kwa legodimong gape se thusa le batho ba ba tla tshelang mo lefatsheng. (1 Johane 2:1, 2; Tshenolo 5:9, 10) Batho bano ba tla nna le tshono ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise.—Pesalema 37:29; Mathaio 6:9, 10; Tshenolo 21:1-5.

Kgopolo e e phoso: Motho o kgona go itlhophela gore a o tla tsalwa sesha.

Boammaaruri: Mongwe le mongwe o kgona go nna tsala ya Modimo a bo a bolokwa. (1 Timotheo 2:3, 4; Jakobe 4:8) Le fa go ntse jalo, Modimo ke ene a tlhophang gore ke bomang ba ba tsalwang sesha. Baebele ya re go tsalwa sesha “go ikaegile, e seng ka yo o eletsang kgotsa ka yo o sianang, mme ka Modimo.”—Baroma 9:16.

^ ser. 5 Korenelio le batho ba a neng a na le bone ba ne ba amogela moya o o boitshepo pele ba kolobediwa mo metsing.—Ditiro 10:44-48.