Fetela kwa tshedimosetsong

Kolobetso ke Eng?

Kolobetso ke Eng?

Karabo ya Baebele

Kolobetso ke fa mmele otlhe wa motho o tsenngwa mo metsing o bo o ntshiwa gape. * Ke ka moo Jesu a ileng a kolobediwa mo nokeng. (Mathaio 3:13, 16) Monna wa Moethiopia le ene o ne a kopa go kolobediwa fa a bona “bodiba jwa metsi.”—Ditiro 8:36-40.

Se kolobetso e se kayang

Baebele e tshwantsha go kolobediwa le go fitlhwa. (Baroma 6:4; Bakolosa 2:12) Go kolobediwa mo metsing go bontsha gore motho o tlogetse tsela ya gagwe ya kgale mme o simolola botshelo jo bosha e le Mokeresete yo o ineetseng mo Modimong. Dikgato tse motho a di tsayang pele a kolobediwa ke thulaganyo e Modimo a e dirileng gore motho a nne le segakolodi se se phepa se se theilweng mo setlhabelong sa ga Jesu Keresete. (1 Petere 3:21) Ke ka moo Jesu a neng a ruta gore motho yo o batlang go nna morutwa wa gagwe o tshwanetse go kolobediwa.—Mathaio 28:19, 20.

A go kolobediwa go tlosa maleo a motho?

Nnyaa. Baebele ya re madi a ga Jesu ke one a tlosang boleo. (Baroma 5:8, 9; 1 Johane 1:7) Le fa go ntse jalo, motho o solegelwa molemo ke setlhabelo sa ga Jesu fa a na le tumelo, a fetola tsela e a tshelang ka yone gore a dire dilo go ya ka dithuto tsa ga Jesu, a bo a kolobediwa.—Ditiro 2:38; 3:19.

A Baebele e ruta gore masea a tshwanetse go kolobediwa?

Nnyaa, thuto eo ga e yo mo Baebeleng. Dikereke dingwe di kolobetsa masea ka go a kgatsha kgotsa go a tshela metsi mo tlhogong a bo a newa leina. Mme gone motho o kolobediwa fela fa a setse a godile sentle e bile a dumela “dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo.” (Ditiro 8:12) Motho o utlwa dikgang tseno pele, a bo a di amogela le go ikwatlhaya, tseno ke dikgato tse losea lo ka se kang lwa di tsaya.—Ditiro 2:22, 38, 41.

Mo godimo ga moo, Baebele e bontsha gore Modimo o tsaya bana ba le boitshepo ka gonne batsadi ba bone ba ikanyega mo go ene. (1 Bakorintha 7:14) Seo se ka bo se sa tlhokege fa e le gore masea a ne a tshwanetse go kolobediwa. *

Dikgopolo tse di phoso ka kolobetso

Kgopolo e e phoso: Go kgatsha kgotsa go tshela motho ka metsi go tshwana fela le go ina mmele wa gagwe otlhe mo metsing.

Boammaaruri: Batho botlhe ba ba kolobeditsweng ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ne ba tsenngwa mo metsing. Ka sekai, fa Filipo a ne a kolobetsa monna wa Moethiopia, Baebele ya re ba ne “ba fologela mo teng ga metsi.” Fa a sena go mo kolobetsa, Baebele ya re ba ne ba “tswa mo metsing.”—Ditiro 8:36-39. *

Kgopolo e e phoso: Fa Baebele e re lelapa lotlhe le ne le kolobediwa, masea le one a ne a akarediwa. Ka sekai, Baebele e bua jaana ka modisa wa kgolegelo wa kwa Filipi e re: “Botlhe ba ba mo ntlong ya gagwe . . . ba ne ba kolobediwa.”—Ditiro 16:31-34.

Boammaaruri: Pego eno ya Baebele e bontsha gore batho ba ba neng ba kolobediwa ba ne ba tlhaloganya “lefoko la ga Jehofa” e bile ba ne ba “ipela thata.” (Ditiro 16:32, 34) Seno se dira gore re swetse gore ga go na losea lope lo lo neng lwa kolobediwa ka nako eo ka gonne masea a ne a ka se ka a tlhaloganya lefoko la ga Jehofa.

Kgopolo e e phoso: Fa Jesu a ne a re Bogosi jwa magodimo ke jwa bana ba bannye o ne a kaya gore masea a tshwanetse go kolobediwa.—Mathaio 19:13-15; Mareko 10:13-16.

Boammaaruri: Jesu o ne a sa bue ka kolobetso fa a ne a bua mafoko ao. Go na le moo, o ne a bontsha batho gore fa ba batla go tsena mo Bogosing Jwa Modimo ba tshwanetse go tshwana le bana, ba nne batho ba ba bonolo le ba ba reetsang.—Mathaio 18:4; Luke 18:16, 17.

^ ser. 1 Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “kolobetso” le kaya “go ina.” Bona tsebe 529 ya Theological Dictionary of the New Testament, Bolumo I.

^ ser. 5 The International Standard Bible Encyclopedia, ya re “[Tesetamente e Ntšha] ga e bue sepe ka go kolobediwa ga masea.” Moetlo ono o ile wa ata thata ka gonne “batho ba ne ba akanya gore kolobetso e botlhokwa thata” ka gonne e tlosa maleo.—Bolumo  1, tsebe  416-417.

^ ser. 7 New Catholic Encyclopedia e bua jaana mo setlhogong se se reng “Kolobetso (mo Baebeleng)”: “Kereke ya bogologolo e ne e ina motho mo metsing fa a kolobediwa.”—Bolumo 2, tsebe 59.