Fetela kwa tshedimosetsong

Moganetsakeresete ke Mang?

Moganetsakeresete ke Mang?

Karabo ya Baebele

Moganetsakeresete ga se motho a le mongwe fela kgotsa mokgatlho mongwe ka gonne Baebele ya re go na le “baganetsakeresete ba le bantsi.” (1 Johane 2:18) Go na le moo, lefoko “moganetsakeresete” le ranotswe go tswa mo lefokong la Segerika le le kayang “go nna kgatlhanong le (kgotsa mo boemong jwa ga) Keresete,” le kaya mongwe le mongwe yo o dirang dilo tse di latelang:

Baebele ga e tlhalose fela gore batho ba ba dirang dilo tseno ba bontsha gore ba ganetsa Keresete, gape e ba bitsa botlhe e re ke “baganetsakeresete.” (2 Johane 7) Baganetsakeresete ba ile ba simolola go nna gone fa e sa le ka motlha wa baaposetoloi go tla go fitlha le gompieno. Baebele e ile ya bolelelapele gore ba tla nna gone.—1 Johane 4:3.

Kafa o ka lemogang baganetsakeresete ka gone

  • Ba ruta maaka ka Jesu. (Mathaio 24:9, 11) Ka sekai, batho ba ba rutang thuto ya Tharonngwe kgotsa ba ba rutang gore Jesu ke Modimo Mothatayotlhe, tota ba ganetsana le se Jesu a neng a se bua fa a ne a re: “Rara o mogolo bogolo go nna.”—Johane 14:28.

  • Baganetsakeresete ga ba dumele se Jesu a neng a se bua malebana le kafa Bogosi Jwa Modimo bo dirang ka gone. Ka sekai, baeteledipele bangwe ba dikereke ba re Keresete o dirisa dipuso tsa batho go diragatsa maikaelelo a gagwe. Le fa go ntse jalo, seno ga se dumalane le se Jesu a neng a se bua fa a ne a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.”—Johane 18:36.

  • Ba re Jesu ke Morena wa bone mme ga ba ikobele ditaelo tsa gagwe go akaretsa le taelo ya gore ba rere dikgang tse di molemo tsa Bogosi.—Mathaio 28:19, 20; Luke 6:46; Ditiro 10:42.