Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

Tsholofelo ya Lefatshe la Paradaise e Fetotse Botshelo Jwa Me!

Tsholofelo ya Lefatshe la Paradaise e Fetotse Botshelo Jwa Me!
  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1974

  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: LATVIA

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A LE MO KGAISANONG E E KOTSI YA DIKUTA

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke tsholetswe kwa Riga, motsemogolo wa Latvia. Nna le nkgonne re godisitswe ke mmè. Le fa gone Mmè e le Mokatoliki, re ne re ya kerekeng fela ka malatsi a boikhutso a bodumedi. Ke ne ke ntse ke dumela gore go na le maatla mangwe a a kwa godimo, mme fa ke ne ke le mosha ke ne ke kgatlhiwa ke dilo tse dingwe tse dintsi.

Fa ke ntse ke gola, mmè o ne a lemoga gore ke rata go tlhatlhamolola dilo mme ke boe ke di baakanya. E re ka go ne go na le dilo tse dintsi mo ntlong tse di neng di ka tlhatlhamololwa, ka metlha o ne a tshaba go ntlogela ke le nosi kwa gae. Ka jalo, o ne a nnaya setshamekisi sa dikarolwana tsa tshipi se ke neng ke kgona go se tlhatlhamolola, mme ke ne ke rata go se tlhatlhamolola ke bo ke boa ke se baakanya gape. Go rata go tlhatlhamolola dilo jalo go ne go tsamaisana le lorato lo longwe lo ke neng ke na le lone—go palama dikuta. Mmè o ne a nkwadisa mo kgaisanong ya dikuta e e neng e bidiwa Zelta Mopēds (The Golden Moped). Ke ne ka simolola go gaisana ka dikuta tse dinnye tse di seng lobelo mme moragonyana ka gaisana ka dikuta.

Ke ne ke ithuta dilo ka bonako mme go ise go ye kae, ka ne ka atlega mo motshamekong ono o o lobelo e bile o le kotsi. Ke ne ka fenya dikgaisano tsa kwa Latvia tsa dikuta tse dikgolo mme ka makgetlho a mabedi ke ne ka fenya Dikgaisano Tsa Dikuta Tse Dikgolo Tsa Baltic States.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Fa ke ne ke dira sentle tota mo tirong ya me, kgarebe ya me e bong Evija (yo moragonyana a ileng a nna mosadi wa me) o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa. O ile a bona dikgatiso tsa bone tse di neng di na le setlankana sa go kopa thuto ya Baebele. O ne a se tlatsa mme a se romela. Go ise go ye kae, Basupi ba babedi ba ne ba mo etela mme a simolola go ithuta Baebele le bone. Ke ne ke se na mathata le gone, mme ka nako eo, ke ne ke se na kgatlhego e kalo mo bodumeding.

Moragonyana, Basupi ba ne ba nkopa gore ke kopanele mo thutong ya ga Evija ya Baebele mme ke reetse. Ke ne ka dumela mme ke ne ka rata se ke se utlwang. Sengwe se se neng sa  nkama thata e ne e le tsholofelo ya lefatshe la paradaise. Ka sekai, ba ne ba mpontsha ditemana tse di mo go Pesalema 37:10, 11, tse di reng: “Mme mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng; ruri o tla sekaseka lefelo la gagwe, mme o tla bo a seyo. Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” Tsholofelo eo e ne ya nkgatlha tota.

Kgatlhego ya me ya dilo tsa semoya e ne ya tswelela e gola. Ke ne ka simolola go lemoga kafa maaka a bodumedi a leng mantsi ka teng. Go farologana le seo, dithuto tsa Baebele di ne di nkgatlha ka gonne di ne di utlwala sentle e bile di tlhaloganyesega.

Fa ke ntse ke ithuta Baebele, ke ne ka ithuta kafa Jehofa a tseelang botshelo kwa godimo ka teng le kafa bo leng le botlhokwa thata ka teng. (Pesalema 36:9) Seo se ne sa dira gore ke akanye ka go gaisana ga me mo dikgaisanong—ke ne ke sa tlhole ke batla go tsenya botshelo jwa me mo kotsing. Go na le moo, ke ne ke batla go dirisa botshelo jwa me go galaletsa Jehofa. Ka jalo, botumo, kgalalelo le monate wa go gaisana ka dikuta o ne o sa tlhole o le botlhokwa mo go nna.

Ke ne ka simolola go tlhaloganya gore ke ikarabelela mo go Jehofa, Monei wa botshelo

Ka 1996, ke ne ka ya kwa kopanong ya kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Tallin, kwa Estonia, mo lefelong le le neng le se kgakala le setadiamo sa dikoloi se gantsi ke neng ke gaisana mo go lone. Kwa kopanong, ke ne ka bona batho ba ba tswang kwa dinageng tse di farologaneng ba kopane mmogo ka kutlwano le ka kagiso. Ka sekai, fa mongwe wa Basupi a latlhegelwa ke kgetsi ya gagwe, ke ne ke akanya gore a ka se tlhole a e bona. Mme go ise go ye kae, Mosupi yo mongwe o ne a bona kgetsi eo mme a e busa go se na sepe se se tlhaelang mo go yone. Ke ne ka gakgamala tota! Gone jaanong ke tlhaloganya gore ruri Basupi ba tshela ka melao e e kwa godimo ya Baebele. Nna le Evija re ne ra tswelela go dira kgatelopele mo thutong ya rona mme ka 1997 re ne ra kolobediwa go nna Basupi ba ga Jehofa.

KAFA KE SOLOGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Dingwe tsa ditsala tsa me di ne tsa swa ka ntlha ya botshelo jwa bone jo bo sa laolesegeng le jwa dikuta tse di lobelo. E re ka ke ne ke ithuta Baebele, ke ne ka simolola go tlhaloganya gore ke ikarabelela mo go Jehofa, Monei wa botshelo. Go tlhaloganya seo e ka tswa e le sone se se bolokileng botshelo jwa me.

Ka dingwaga di le nnè, nna le Evija re ile ra nna le tshiamelo ya go nna badiredi ba nako e e tletseng kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Riga. Gone jaanong re itumelela go godisa morwadiarona, Alise le go mo thusa gore a gole a rata Jehofa. Gape ke na le tshiamelo ya gore ke ye letsatsi le le lengwe mo bekeng kwa ofising ya thanolo, go ya go baakanya dikoloi le dilo tse dingwe tse di robegileng. Ke itumela thata go bo ke kgona go dirisa bokgoni jwa me jo ke ileng ka simolola go nna le jone fa ke ne ke le ngwana ka tsela e e mosola! Ee, ke sa ntse ke tlhatlhamolola dilo ke bo ke boa ke di baakanya.

Ke anaanela thata tshiamelo ya me ya go neela bosupi ka Modimo o o osi wa boammaaruri ke na le ba lelapa la me, mme seno sotlhe ke ka ntlha ya se ke se ithutileng mo Baebeleng. Ee, tsholofelo ya lefatshe la paradaise e ile ya fetola botshelo jwa me!