Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 ETSA TUMELO YA BONE | ELIJA

O ne A Itshoka Fa a Ne a Direlwa Tshiamololo

O ne A Itshoka Fa a Ne a Direlwa Tshiamololo

ELIJA o ne a tsamaya gaufi le Mokgatšha wa Joredane. O ne a na le dibeke di le dintsi a le mo loetong, a tswa kwa bokone a ya kwa Thabeng ya Horebe e e kgakala. Jaanong, fa a setse a boetse gape mo motseng wa gaabo wa Iseraele, o kgona go bona diphetogo di le dintsi. Ditlamorago tsa komelelo e kgolo di simolola go nyelela. Dipula tse di sarasarang tsa letlhabula di ne di simolola go na mme balemi ba ne ba le kwa masimong a bone ba lema. Moporofeti yono o ka tswa a ile a gomotsega fa a bona naga e siama, mme o ne a amegile thata ka batho. Kamano ya bone le Modimo e ne e sa siama gotlhelele. Ba le bantsi ba bone ba ne ba sa ntse ba na le bothata jwa go obamela Baale, mme Elija o ne a na le tiro e ntsi e a tshwanetseng go e dira. *

Gaufi le motse wa Abele-mehola, Elija o ne a bona go dirwa tiro e kgolo ya go lema. Go ne go na le dipholo di le 24 di tsentswe mo jokweng ka bobedi mme ditlhopha di le 12 tseo di ne di lema di latelana, di epa mesele mo mmung o o bongola. Monna yo o neng a eteletse setlhopha sa bofelo pele, e ne e le ene yo Elija a neng a mmatla. E ne e le Elisha, monna yo Jehofa a neng a mo tlhophile go tlhatlhama Elija. Elija o kile a akanya gore ke ene fela yo o ikanyegang mo Modimong, ka jalo, ga go pelaelo gore o ne a lebeletse pele thata go kopana le monna yono.—1 Dikgosi 18:22; 19:14-19.

A Elija o ne a ikutlwa a okaoka go abela motho yo o mongwe mangwe a maikarabelo a gagwe, go abelana ditshiamelo tsa gagwe le yo mongwe kgotsa a o ne a akanya gore ka letsatsi lengwe o tla tseelwa boemo ke motho yo mongwe? Tota ga re itse; e bile re ka se ganele gore go ka direga gore o ne a tshwenyegile ka dilo tseo. Boammaaruri ke gore, e ne e le “motho yo o nang le maikutlo a a tshwanang le a rona.” (Jakobe 5:17) Le fa go ntse jalo, Baebele ya re: “Elija a kgabaganyetsa kwa go ene mme a latlhela seaparo sa gagwe se se mo tlhaolang mo go ene.” (1 Dikgosi 19:19) Seaparo sa ga Elija se se mo tlhaolang—se ka tswa se ne se dirilwe ka letlalo la nku kgotsa la podi—se ne se aparwa e le seaparo sa kafa ntle mme se bontsha gore motho o tlhomilwe ka tsela e e kgethegileng ke Jehofa. Ka jalo, go se latlhela mo magetleng a ga Elisha go ne go na le bokao jo bogolo. Elija o ne a reetsa taelo ya ga Jehofa ya gore a tlhome Elisha go nna motlhatlhami wa gagwe ka pelo yotlhe. Elija o ne a ikanya Modimo mme a mo ikobela.

Ka boikokobetso, Elija o ne a tlhoma Elisha go nna motlhatlhami wa gagwe

Lekawana leno lone, le ne ke ikemiseditse go thusa moporofeti yo o neng a setse a godile. Elisha o ne a ka se tlhatlhame Elija ka yone nako eo. Go na le moo, ka dingwaga di ka nna thataro, o ne a thusa le go tsamaya le moporofeti yo o godileng a ikokobeditse, mme moragonyana o ne a itsege e le mongwe “yo o neng a tshela metsi mo diatleng tsa ga Elija.” (2 Dikgosi 3:11) A bo go ne go gomotsa Elija jang ne go bo a ne a na le mothusi yo o nang le bokgoni e bile a rata go thusa! Ga go pelaelo gore banna ba babedi bano ba ne ba nna ditsala tse dikgolo. Go kgothatsana ga bone go tshwanetse ga bo go ile ga ba thusa boobabedi gore ba itshoke le fa ba ne ba bona tshiamololo e kgolo mo nageng eo. Boikepo jwa ga kgosi Ahabe bo ne bo nnela maswe le go feta.

A o tle o lebane le tshiamololo? Bontsi jwa rona re lebana le tshiamololo mo lefatsheng leno le le bosula. Fa o ka nna le tsala e e ratang Modimo, o ka kgona go itshoka . Gape o ka ithuta go le gontsi ka tumelo ya ga Elija ka nako ya fa a ne a lebane le tshiamololo.

 “NANOGA O YE GO KGATLHANTSHA AHABE”

Elija le Elisha ba ile ba dira ka natla go nonotsha batho semoyeng. Go bonala ba ile ba etelela pele go thapisa baporofeti ba bangwe, ba go ka tswang go ne go dirilwe dithulaganyo tsa gore ba ye kwa dikolong tse di rileng. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, Elija o ne a amogela kabelo eno e ntšha go tswa mo go Jehofa: “Nanoga, o ye go kgatlhantsha Ahabe kgosi ya Iseraele.” (1 Dikgosi 21:18) Ahabe o ne a dirile eng?

Kgosi eo e ne e setse e le motlhanogi, e le kgosi e e bosula go gaisa kwa Iseraele ka nako eo. O ne a nyetse Jesebele mme a dira gore kobamelo ya ga Baale e aname mo nageng mme kgosi ka boene a nna le seabe mo kobamelong eo. (1 Dikgosi 16:31-33) Kobamelo ya ga Baale e ne e akaretsa meetlo ya botsalo, moetlo wa boaka tota le e leng go ntsha bana ditlhabelo. Mo godimo ga moo, Ahabe o ne a sa tswa go gana go ikobela taelo ya ga Jehofa ya gore a bolaye Kgosi e e boikepo ya Siria e bong Bene-hadade. Ga go pelaelo gore lebaka la go bo Ahabe a ne a gana go dira seo e ne e le ka go bo a ne a lebeletse go bona madi. (1 Dikgosi, kgaolo 20) Le fa go ntse jalo, gone jaanong, bopelotshetlha, go rata dikhumo le go rata thubakanyo ga ga Ahabe le Jesebele go ile magoletsa le go feta.

Ahabe o ne a na le ntlo ya segosi kwa Samarea—mme e ne e le moago o mogolo thata! Gape o ne a na le ntlo ya segosi kwa Jesereele, bokgakala jwa dikilometara di le 37. Gaufi le yone, go ne go na le tshimo ya mofine. Ahabe o ne a meletsa setsha seo mathe, setsha se e neng e le sa monna mongwe yo o bidiwang Nabothe. Ahabe o ne a mmitsa mme a mo solofetsa gore o tla mo naya madi kgotsa ba tla dira kgwebo mmogo fa a ka mo naya tshimo ya gagwe ya mofine. Le fa go ntse jalo, Nabothe o ne a re: “Go ka se direge ka nna, mo ponong ya ga Jehofa, gore ke go neye se borremogologolwane ba se ruileng boswa.” (1 Dikgosi 21:3) A Nabothe o ne a le tlhogoethata? Kgotsa a o ne a sa akanyetse dilo sentle? Batho ba le bantsi ba akanya jalo. Gone mme, o ne a ikobela Molao wa ga Jehofa, o o neng o sa letlelele Baiseraele gore ba rekise sengwe se e leng boswa jwa lelapa. (Lefitiko 25:23-28) Mo go Nabothe, go ne go ka se direge gore a tlole Molao wa Modimo. E ne e le monna yo o nang le tumelo e bile a le pelokgale, ka gonne o ne a itse sentle gore go ne go le kotsi go sa dire se Ahabe a se batlang.

Le fa go ntse jalo, Ahabe ene o ne a sa akanye sepe ka Molao wa ga Jehofa. O ne a ya gae “a ngadile e bile a kotlomane pelo” ka go bo a sa bona se a se batlang. Re bala jaana: “A rapama mo sekanamelong sa gagwe mme a nna sefatlhego sa gagwe se lebisitswe go sele, a se ka a ja.” (1 Dikgosi 21:4) Fa Jesebele a bona monna wa gagwe a ngadile jalo, o ne a dira leano ka bonako go dira gore a bone se a se batlang—mme fa a ntse a dira seo, o ne a batla le go bolaya lelapa le le se nang molato.

O ka se kgone go bala ka leano la gagwe o bo o sa gakgamadiwe ke boikepo jwa gagwe. Kgosigadi Jesebele o ne a itse Molao wa Modimo o o neng o batla gore go nne le basupi ba babedi go tlhomamisa boammaaruri jwa kgang e e masisi. (Duteronome 19:15) Ka jalo, o ne a kwala makwalo a dirisa leina la ga Ahabe, a laela banna ba batlotlegi ba kwa Jesereele gore ba batle banna ba babedi ba ba tla dumelang go latofatsa Nabothe ka maaka—ditatofatso tsa tlhapatso, tse katlholo ya tsone e neng e le loso. Leano la gagwe le ne la atlega thata. Banna ba babedi “ba ba se nang molemo wa sepe” ba ne ba neela bosupi jwa maaka ka Nabothe mme o ne a kgobotlediwa ka maje gore a swe. Ga go a felela  foo—bomorwa Nabothe le bone ba ne ba bolawa! * (1 Dikgosi 21:5-14; Lefitiko 24:16; 2 Dikgosi 9:26) Tota e bile, Ahabe o ne a tlogetse go nna tlhogo mme a letlelela mosadi wa gagwe go dira sengwe le sengwe se a se batlang le go bolaya batho ba ba se nang molato bao.

Akanya fela gore Elija o ne a ikutlwa jang fa Jehofa a mmolelela gore kgosi le kgosigadi ba dirile eng. Go ka kgoba marapo thata fa go lebega fa batho ba ba bosula ba atlega go gatelela batho ba ba se nang molato. (Pesalema 73:3-5, 12, 13) Gompieno, gantsi re bona go dirwa tshiamololo e e setlhogo—ka dinako tse dingwe e dirwa tota le ke banna ba ba nang le maatla ba ba bolelelang gore ke baemedi ba Modimo. Le fa go ntse jalo, re ka gomodiwa ke pego eno. Baebele e re gakolola gore ga go na sepe se se fitlhegileng mo go Jehofa. O bona sengwe le sengwe. (Bahebera 4:13) Mme o dira eng ka dilo tse di bosula tse a di bonang?

“A O MPONE, WENA MMABA WA ME!”

Jehofa o ne a romela Elija kwa go Ahabe. Modimo o ne a bolela jaana ka tlhamalalo: “Ke yole mo tshimong ya mofine ya ga Nabothe.” (1 Dikgosi 21:18) Fa Jesebele a ne a bolelela Ahabe gore tshimo ya mofine jaanong ke ya gagwe, o ne a tsoga ka yone nako eo mme a ya go itumelela thuo ya gagwe e ntšha. Ga a ise a ko a akanye gore Jehofa o mo lebile. Akanya fela gore sefatlhego sa gagwe se ne se ntse jang fa a ntse a tsamatsamaya mo tshimong eo ya mofine, a akanya ka kafa a neng a batla go dira lefelo leo tshingwana e ntle ka teng. Mme ka tshoganyetso fela, Elija a tlhaga! Boitumelo mo sefatlhegong sa ga Ahabe bo ne jwa fetoga, a supa bogale le letlhoo fa a bua mafoko ano: “A o mpone, wena mmaba wa me!”—1 Dikgosi 21:20.

“A o mpone, wena mmaba wa me!”

Mafoko a ga Ahabe a supa ditsela tse pedi tsa boeleele. Sa ntlha, fa a raya Elija a re, “A o mpone” Ahabe o ne a itshupa gore o ne a sa akanye ka Jehofa. Jehofa o ne a setse a ‘mmone.’ O ne a bone tsela e Ahabe a neng a sa dirise kgololesego ya gagwe ya go itlhophela sentle ka yone mme a boga ditlamorago tsa leano le le boikepo la ga Jesebele. Modimo o ne a bona pelo ya ga Ahabe, a bona gore dikhumo ke selo sa botlhokwa thata mo go ene go na le kutlwelobotlhoko, go bontsha tshiamiso kgotsa bopelotlhomogi. Sa bobedi, fa a ne a raya Elija a re “Wena mmaba wa me!” Ahabe o ne a bontsha kafa a neng a tlhoile monna yo e neng e le tsala ya ga Jehofa Modimo ka teng, monna yo gape a ka bong a thusitse Ahabe gore a tlogele tsela ya gagwe e e kotsi.

Re ka ithuta dilo tse di botlhokwa mo boeleeleng jwa ga Ahabe. Ka metlha re tshwanetse go gakologelwa gore Jehofa Modimo o bona sengwe le sengwe. E re ka e le Rre yo o lorato, o itse fa re fapoga mo tseleng ya se  se siameng mme o eletsa gore re fetole ditsela tsa rona. Gantsi o dirisa ditsala tsa gagwe tse e leng batho ba ba ikanyegang, go re thusa, batho ba ba jaaka Elija, ba isetsang batho ba bangwe mafoko a Modimo. A bo re tla bo re dira phoso jang ne fa re leba ditsala tsa Modimo e le baba ba rona!—Pesalema 141:5.

Akanya o utlwa Elija a araba Ahabe a re: “Ke go bone.” O ne a itse se Ahabe tota a leng sone—legodu, mmolai le motsuolodi yo o tsuologelang Jehofa Modimo. A bo a ne a le pelokgale jang ne go lebana le monna yo o boikepo yono! Elija o ne a tswelela a bolelela Ahabe ka katlholo ya Modimo. Jehofa o ne a itse sengwe le sengwe se se diregang—boikepo jwa lelapa la ga Ahabe bo ne bo aname, e bile bo ne bo tlhotlheletsa batho go dira bosula. Ka jalo, Elija o ne a bolelela Ahabe gore Modimo o laotse go “feela gore go nne phepa” e leng go fedisa losika lotlhe lwa segosi. Jesebele le ene o tla otlhaiwa.—1 Dikgosi 21:20-26.

Elija o ne a sa akanye mo pelong ya gagwe gore batho ba ka kgona go dira boikepo le tshiamololo ba bo ba sa atlholwe. Go motlhofo go akanya jalo mo lefatsheng le re tshelang mo go lone gompieno. Pego ya Baebele e re gakolola gore Jehofa Modimo o bona se se diregang mme gape o tlisa tshiamiso ka nako ya gagwe e a e beileng. Lefoko la gagwe le re tlhomamisetsa gore letsatsi le a tla, le ka lone a tla fedisang tshiamololo yotlhe, a e fedisetsa ruri. (Pesalema 37:10, 11) Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa gore: ‘A dikatlholo tsa Modimo di akaretsa kotlhao fela? A di kutlwelobotlhoko?’

“A O BONE KAFA AHABE A IKOKOBEDITSENG KA TENG?”

Gongwe Elija o ne a gakgamala go bona kafa Ahabe a tsibogelang katlholo ya Modimo ka teng. Pego eo ya re: “Fela fa Ahabe a sena go utlwa mafoko ano, a gagoganya diaparo tsa gagwe le go apara letsela la kgetsi mo nameng ya gagwe; mme a itima dijo a ba a nna a rapame mo letseleng la kgetsi e bile a tsamaya a kgobegile marapo.” (1 Dikgosi 21:27) A Ahabe o ne a ikwatlhaya mo ditseleng tsa gagwe?

Re ka re o ne a dira diphetogo dingwe tse di siameng. Ahabe o ne a ikokobetsa—sengwe se ruri se neng se le thata mo mothong yo o mabela e bile a le boikgogomoso. A mme o ne a ikwatlhaya tota? Ela tlhoko, fa re bapisa Ahabe le kgosi e e neng ya tla moragonyana e e ka tswang e ne e mo gaisa ka boikepo—Manase. Fa Jehofa a ne a otlhaya Manase, monna yoo o ne a ikokobetsa, a kopa Jehofa gore a mo thuse. Mme o ne a dira se se fetang moo. Go tswa foo, o ne a fetola botshelo jwa gagwe ka go fedisa ditshwantsho tsa medingwana e a neng a e tlhomile, a dira maiteko a go direla Jehofa, a bo a kgothaletsa batho ba gagwe go dira se se tshwanang. (2 Ditiragalo 33:1-17) A re bona Ahabe a dira se se tshwanang? Ka maswabi, ga a dire jalo.

A Jehofa o ile a ela tlhoko gore Ahabe o ne a itshupa phatlalatsa gore o hutsafetse? Jehofa o ne a raya Elija a re: “A o bone kafa Ahabe a ikokobeditseng ka teng ka ntlha ya me? Ka lebaka la gore o ikokobeditse ka ntlha ya me, ga ke na go tlisa masetlapelo mo metlheng ya gagwe. Ke tla tlisa masetlapelo mo ntlong ya gagwe mo metlheng ya ga morwawe.” (1 Dikgosi 21:29) A Jehofa o ne a itshwarela Ahabe? Nnyaa, o ne a tla mmontsha kutlwelobotlhoko e e ntseng jalo fa fela a ne a ka ikwatlhaya. (Esekiele 33:14-16) Mme e re ka Ahabe a ne a bontsha gore o ikwatlhaya go sekaenyana, Jehofa o ne a tsiboga ka go mmontsha kutlwelobotlhoko ka selekanyo se se rileng. Ahabe o ne a se kitla a bona tsela e e utlwisang botlhoko e ba lelapa la gagwe lotlhe ba neng ba tla fedisiwa ka yone.

Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a sa ntse a tla otlhaya monna yono. Moragonyana Jehofa o ne a buisana le baengele ba gagwe malebana le tsela e e botoka ya go tsietsa Ahabe gore a kopanele mo ntweng gore a tle a bolawe. Ka bonako morago ga foo, Jehofa o ne a otlhaya Ahabe. E re ka Ahabe a ne a gobaditswe, o ne a dutla madi gore a bo a swe a le mo kareng ya gagwe. Pego eo e oketsa ka dintlha tseno tse di utlwisang botlhoko: Fa kara ya segosi e ntse e tlhatswiwa, dintša dingwe di ne tsa latswa madi a kgosi. Ka tsela eno ya phatlalatsa, mafoko a ga Jehofa a Elija a ileng a a bolelela Ahabe a ne a diragadiwa: “Kwa lefelong le dintša di latsweditseng madi a ga Nabothe teng, dintša di tla latswa madi a gago teng.”—1 Dikgosi 21:19; 22:19-22, 34-38.

Go bolawa ga ga Ahabe e ne e le segopotso se se tlhomameng mo go Elija, Elisha le batho ba bangwe ba ba ikanyegang ba Modimo, gore Jehofa ga a lebala bopelokgale le tumelo ya ga Nabothe. Modimo wa tshiamiso ga a ke le ka motlha a palelwa ke go otlhaya batho ba ba boikepo, e ka tswa e le ka yone nako eo kgotsa mo nakong e e tlang; e bile ga a palelwe ke go bontsha kutlwelobotlhoko fa a otlhaya batho, fa e le gore go na le lebaka la go dira jalo. (Dipalo 14:18) A bo eo e ne e le thuto e e molemo jang ne mo go Elija, yo a ileng a itshoka ka dingwaga tse dintsi kafa tlase ga puso ya kgosi eo e e boikepo! A o kile wa direlwa tshiamololo? A o lebeletse pele go bona Modimo a tsaya kgato? O tla bo o dira sentle go etsa tumelo ya ga Elija. Ene le molekane wa gagwe e bong Elisha, ba ne ba tswelela ba bolela melaetsa ya Modimo, ba ntse ba itshokela tshiamololo!

^ ser. 3 Jehofa o ile a dirisa komelelo ya dingwaga di le tharo le halofo go bontsha gore Baale, yo o neng a obamelwa go twe ke ene yo o tlisang pula le lotsalo, o ne a se na maatla. (1 Dikgosi kgaolo 18) Bona ditlhogo tsa “Etsa Tumelo ya Bone” mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo tsa Ferikgong 1 le Moranang 1, 2008.

^ ser. 13 Fa e le gore Jesebele a ne a tshaba gore tshimo ya mofine e ne e tla newa baruaboswa ba ga Nabothe, o ka tswa a ile a tlhotlheletsega gore a rulaganye gore bomorwa Nabothe ba bolawe. Go bona motlotlo o o bontshang gore ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a letlelela ditiro tse di ntseng jalo tsa kgatelelo, bona setlhogo sa “Babadi ba Botsa” mo makasineng ono.