Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho
  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1960
  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: FINLAND
  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MOOPEDI WA MMINO WA HEAVY-METAL

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke goletse mo lefelong la batho ba ba sa humang, mo motseng wa Turku o o gaufi le boemakepe. Rre e ne e le mmampodi wa mabole, e bile nna le morwarre re ne re rata motshameko wa mabole. Ka nako ya fa ke sa ntse ke tsena sekolo, gantsi ke ne ke rata go lwa. Fa ke sa ntse ke le mosha, ke ne ka itsalanya le segongwana se se tumileng, mme seo se ile sa dira gore ke tsene mo dintweng tse di setlhogo. Gape ke ne ka simolola go itse mmino wa heavy-metal mme ka simolola go nna le ditoro tsa go nna moopedi yo o tumileng wa mmino wa rock.

Ke ne ka reka meropa, ka simolola setlhopha sa mmino mme go ise go ye kae, ke ne ka nna moeteledipele mo setlhopheng. Ke ne ke rata go itshwara ka tsela e e sa laolesegeng fa ke le mo seraleng. E re ka setlhopha sa rona se ne se le tlhaga e bile se lebega se sa laolesege, ka bonya ka bonya re ne ra simolola go itsege. Re ne ra simolola go tshameka mmino fa pele ga batho ba le bantsi mme re ne ra dira direkoto di le mmalwa, ya bofelo mo go tsone e ne ya ratiwa thata. Mo e ka nnang kwa bowelong jwa dingwaga tsa bo1980, re ne ra ya United States go ya go dira gore setlhopha sa rona se itsege. Re ne ra tshameka mmino wa rona ka makgetlho a le mmalwa kwa New York le kwa Los Angeles, e bile re ne ra ikgolaganya le batho ba ba thapiseditsweng tiro mo kgwebong ya mmino pele re boela kwa Finland.

Le fa ke ne ke itumelela go nna mo setlhopheng seno, ke ne ke eletsa gore botshelo jwa me bo nne le bokao jo bo botoka. Ke ne ke sa rate moya wa kgaisano wa batho ba ba neng ba le mo kgwebong ya mmino e bile ke ne ka kgobiwa marapo ke go bo ke ne ke tshela botshelo jo bo se nang bokao. Ke ne ke akanya gore ke motho yo o bosula, mme ke tshaba go ya go fisiwa mo molelong wa dihele. Ke ne ka leka go batla dikarabo mo dibukeng tsa mefuta yotlhe ya bodumedi mme gape ke ne ka rapelela thuso ya Modimo ka tlhoafalo, le fa gone ke ne ke akanya gore le ka motlha nka se mo itumedise.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

E le gore ke kgone go itlamela, ke ne ke bereka kwa posong ya lefelo la gaetsho. Ka letsatsi lengwe, ke ne ka lemoga gore modirimmogo le nna ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka mmotsa dipotso di le dintsi. Dikarabo tsa gagwe tse di tswang mo Dikwalong di ne tsa nkgatlha, ka jalo, ke ne ka dumela gore a ithute Baebele le nna.  Fa ke setse ke na le dibeke di le mmalwa ke ithuta Baebele, setlhopha sa rona se ne sa newa konteraka e e ngokang ya go rekota ka tsholofetso ya go golola alebamo kwa United States. Ke ne ke akanya gore eno ke tshono e e tlang gangwe fela mo botshelong.

Ke ne ka bolelela Mosupi yo ke neng ke ithuta le ene gore tota ke batla go dira alebamo ya bofelo, mme morago ga foo ke tla dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa me. Ga a ka a mpolelela gore o akanya eng ka seno; o ne a nkopa fela gore ke bale mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 6:24. Temana eo ya re: “Ga go ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi.” Ke ne ka gakgamala fa ke lemoga bokao jwa mafoko a ga Jesu. Mme morago ga malatsi a le mmalwa, motho yo o nthutang Baebele ke ene yo o neng a gakgamala! Ke ne ka mmolelela gore ka go bo ke batla go latela Jesu, ke tlogetse setlhopha!

Baebele e ne e ntse jaaka seipone se se mpontshang makoa a me. (Jakobe 1:22-25) Ke ne ka bona gore ke ne ke le peloethata: Ke ne ke le boikgogomoso, ke rata maemo thata. Ke ne ke dirisa puo ya matlhapa, ke lwa, ke goga e bile ke nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. Fa ke lemoga gore boitshwaro jwa me ga bo dumalane le melaometheo ya Baebele, ke ne ka kgobega marapo thata. Le fa go ne go le thata, ke ne ke ikemiseditse go dira diphetogo tse di tlhokegang.—Baefeso 4:22-24.

“Rrarona yo o kwa legodimong o kutlwelobotlhoko, e bile o batla go thusa batho ba ba ikutlwang ba le molato ka ntlha ya diphoso tse ba di dirileng tse ba di ikwatlhaelang”

Ke ne ke tshwenngwa thata ke dilo tse di sa siamang tse ke di dirileng mo nakong e e fetileng, segolobogolo fa ke simolola go ithuta Baebele. Mme Mosupi yo ke neng ke ithuta Baebele le ene o ne a nthusa thata. O ne a mpontsha se Baebele e se buang mo go Isaia 1:18: “Le fa maleo a lona a ka nna jaaka bohibidu jo bo letlhololo, a tla dirwa masweu fela jaaka kapoko.” Temana eno le ditemana tse dingwe tsa Baebele di ne tsa ntlhomamisetsa gore Rrarona yo o kwa legodimong o kutlwelobotlhoko, e bile o batla go thusa batho ba ba ikutlwang ba le molato ka ntlha ya diphoso tse ba di dirileng tse ba di ikwatlhaelang.

Fa ke simolola go itse Jehofa le go mo rata, ke ne ka batla go ineela mo go ene. (Pesalema 40:8) Ke ne ka kolobediwa ka 1992 kwa kopanong ya ditšhabatšhaba ya Basupi ba ga Jehofa e e neng e tshwaretswe kwa St. Petersburg, Russia.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Ke dirile ditsala di le dintsi tse di molemo tsa baobamedi ba ga Jehofa. Gangwe le gape, re kopana mmogo go tshameka mmino o o siameng le go itumelela mpho eno e e tswang kwa Modimong. (Jakobe 1:17) Ke segofaditswe ka mosadi wa me yo o rategang e bong Kristina. Ke ile ka dira dilo di le dintsi le ene—go itumela mmogo, go lebana le dikgwetlho tsa botshelo, le e leng go mmulela mafatlha.

Fa nkabo ke sa nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, nkabo ke sule. Mo nakong e e fetileng, ka metlha ke ne ke nna ke le mo mathateng. Jaanong botshelo jwa me bo na le bokao jwa mmatota, e bile sengwe le sengwe se tsamaya sentle.