Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Norway

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Norway

DINGWAGA di le mmalwa tse di fetileng banyalani bangwe ba ba wetsang dingwaga tsa bo40, e bong Roald le Elsebeth ba ne ba tshela monate kwa Bergen, e leng toropo ya bobedi e kgolo kwa Norway. Bone mmogo le morwadiabone e bong Isabel le morwaabone e bong Fabian, ba ne ba nna le seabe ka boikanyegi mo ditirong tsa phuthego. Roald e ne e le mogolwane mme Elsebeth ene e ne e le mmulatsela, fa Isabel le Fabian bone e ne e le baboledi ba ba gatetseng pele.

Le fa go ntse jalo, ka September 2009, lelapa leno le ne la swetsa go dira sengwe se se farologaneng—go fetsa beke ba rera kwa kgaolong e e kwa kgakala. Ka jalo, Roald, Elsebeth le Fabian yo a neng a na le dingwaga di le 18, ba ne ba ya kwa Nordkyn, e leng setlhaketlhake se se kwa porofenseng ya Finnmark, kwa godimo ga Arctic Circle. Fa ba le koo, ba ne ba rera kwa motseng wa Kjøllefjord ba na le bakaulengwe le bokgaitsadi, ba le bone ba neng ba tlile go rera mo kgaolong eno e e kgakala. Roald o gakologelwa jaana: “Fa beke eo e simologa, ke ne ke kgotsofaletse gore ke kgonne go rulaganya dilo sentle, e le gore ke nne le seabe mo tirong eno e e kgethegileng beke yotlhe.” Mme gone moragonyana mo go yone beke eo, Roald o ne a simolola go sa nnisege. Go ne ga diragala eng?

 POTSO E E SA LEBELELWANG

Roald a re: “Mmulatsela mongwe yo o direlang kwa Finnmark, e bong Mario, o ne a re botsa potso e re neng re sa e lebelela, ya gore a re ka itumelela go fudugela wa toropong e e bidiwang Lakselv, go ya go thusa phuthego e e nang le baboledi ba le 23.” Roald o ne a gakgamadiwa thata ke potso eo. O tlhalosa jaana: “Nna le Elsebeth re kile ra akanya ka go ya go direla kwa go neng go na le tlhokego e kgolwane gone—mme seo re ne re tla se dira fa bana ba setse ba godile e bile ba tswile mo lelapeng.” Tota e bile malatsi a le mmalwa a Roald a a feditseng a rera mo kgaolong eo e e kgakala, a ne a mo thusa go bona gore batho ba iketleeleditse go ithuta ka ga Jehofa. Batho ba ne ba tlhoka thuso gone jaanong e seng nako e e tlang. A re: “Potso eo e ne ya tshwenya segakolodi sa me ya ba ya ntlhora boroko masigo a le mmalwa.” Morago ga moo, Mario o ne a tsamaya ka koloi le Roald le lelapa la gagwe a ba isa kwa Lakselv, e e ka nnang dikilometara di le 240 kwa borwa jwa Kjøllefjord. Mario o ne a batla gore Roald le lelapa la gagwe ba iponele phuthego eno e nnye.

Fa ba le kwa Lakselv, Andreas yo e leng mongwe wa bagolwane ba babedi ba koo, o ne a bontsha baeti bano lefelo leo le Holo ya Bogosi. Batho ba mo phuthegong ya koo ba ne ba amogela Roald le Elsebeth ka lorato, ba bo ba ba bolelela gore ba ka itumela fa lelapa la bone le ka fudugela koo go tla go thusa ka tiro ya Bogosi. Andreas o ne a bua a nyenya a re, o setse a rulaganyeditse Roald le Fabian gore ba tle dipotsolotsong tsa go batla tiro mo lefelong leo! Baeng bao ba ne ba tla dirang eng?

KE TLHOPHE ENG?

Kwa tshimologong Fabian o ne a re: “Ga ke na kgatlhego ya go fudugela koo.” Kakanyo ya go kgaogana le ditsala tse a godileng le tsone mo phuthegong ya gaabo le go fudugela kwa torotswaneng e nnye e ne e sa utlwale. Gape o ne a ise a fetse thapiso ya gagwe ya go nna rametlakase. Le fa go ntse jalo, fa Isabel (yo ka nako eo a neng a na le dingwaga di le 21) a ne a bodiwa ka go fudugela koo, o ne a re: “Seo ke sone se tota ke sa bolong go se batla!” Mme gone, Isabel o ne a re: “Fa ke ntse ke akanya thata ka kgang eno, ke ne ke ipotsa gore, ‘A tota seno ke kakanyo e e molemo? A ke tla tlhologelelwa ditsala tsa me? A ke tswelele ke le mo phuthegong eno ya rona e botshelo bo leng motlhofo mo go yone?’” Elsebeth ene o ne a tsibogela jang taletso eno? “Ke ne ke bona seno e le kabelo e e tswang kwa go Jehofa, le fa go ntse jalo, ke ne ka akanya ka ntlo ya rona e e sa tswang go tlhabololwa le dithoto tsotlhe tse re di kgobokantseng mo dingwageng tse 25 tse di fetileng.”

Elsebeth le Isabel

Fa beke e e kgethegileng e fela, Roald le lelapa la gagwe ba ne ba boela kwa Bergen, mme ba ne ba nna ba akantse ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Lakselv e e leng dikilometara di ka nna 2 100. Elsebeth a re: “Ke ne ka rapela Jehofa gantsi, mme gape ke ne ke golagana le ditsala tse re kopaneng le tsone ka go romelelana ditshwantsho le maitemogelo.” Roald a re: “Ke ne ke tlhoka nako ya go akanyetsa kgang eno. Gape ke ne ke tshwanetse go akanyetsa gore re ne re tla itlamela jang. Ke ne ka rapela Jehofa thata, ka bua le lelapa la me le bakaulengwe ba ba nang le maitemogelo.” Fabian ene a re: “Fa ke ntse ke akanya ka kgang eno, ke ne ka lemoga gore ga ke na lebaka le le utlwalang la go gana. Ke ne ka rapela Jehofa gantsi, mme keletso ya go fuduga e ne ya gola mo go nna.” Mme go tweng ka Isabel? E le gore a ipaakanyetse go fuduga, o ne a simolola go nna mmulatsela mo toropong ya gaabo. Morago ga go fetsa dikgwedi di le thataro e le mmulatsela le go nna le thuto ya Baebele ya botho, o ne a ikutlwa a siametse go fuduga.

BA TSAYA DIKGATO GO FITLHELELA MOKGELE WA BONE

Fa keletso ya lelapa leno ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane ya baboledi gone e ntse e gola, le ne la dira sengwe go fitlhelela mokgele wa lone. Roald o ne a na le tiro e e mo duelang sentle e a neng a e rata, mme o ne a kopa malatsi a boikhutso a lobaka lwa ngwaga. Le fa go ntse jalo, mothapi wa gagwe o ne a mo kopa gore a dire tiro ya nakwana—a bereke dibeke tse pedi, mme tse thataro a se ka a bereka. Roald a re: “Ke ne ka fokolediwa lotseno fela thata, mme gone seo e ne e se bothata.”

Elsebeth o tlhalosa jaana: “Mogatsake o ne a nkopa gore ke leke go batla ntlo kwa Lakselv le go hirisa ya rona e e kwa Bergen. Seno se ne sa re tlhoka nako e ntsi le matsapa mme gone re ne ra atlega. Moragonyana, bana ba rona ba ne ba bona tiro ya nakwana mme ba kgona go re thusa ka ditshenyegelo tsa dijo le dipalangwa.”

Isabel a re: “E re ka re fudugetse kwa torotswaneng e nnye, ke ne ka lebana le kgwetlho e kgolo ya go bona  tiro gore ke itlamele fa ke ntse ke le mmulatsela. Ka dinako dingwe go ne go bonala go se na tsholofelo.” Isabel o ne a kgona go itlamela ka go dira ditiro tsa nakwana di le mmalwa—di ka nna robonngwe mo ngwageng wa ntlha. Mme go tweng ka Fabian? O ne a re: “E le gore ke feleletse dithuto tsa me tsa motlakase, ke ne ke tshwanetse go bona tiro e e neng e tla nthapisa. Ke ne ka bona tiro eo kwa Lakselv. Mme moragonyana ke ne ka falola ditlhatlhobo tsa me, ka bo ka bona tiro ya nakwana ya go nna rametlakase.”

KAFA BANGWE BA ILENG BA ATOLOSA TIRELO YA BONE KA GONE

Marelius le Kesia ba neela mosadi wa Mo-Sami bosupi kwa Norway

Marelius le mosadi wa gagwe e bong Kesia, le bone ba ne ba batla go direla kwa go neng go na le tlhokego e kgolwane ya baboledi gone. Marelius yo jaanong a nang le dingwaga di le 29 a re: “Dipuo le dipotsolotso tsa kwa kopanong tse di malebana le go tsaya bobulatsela di ile tsa ntlhotlheletsa gore ke akanye ka go atolosa bodiredi jwa me.” Le fa go ntse jalo, Kesia yo jaanong a nang le dingwaga di le 26, o ne a fitlhela kgang ya go fudugela kgakala le ba losika e le kgwetlho. O ne a re: “Kgang fela ya go akanya ka go nna kgakala le batho ba ke ba ratang e ne e ntshosa.” Mo godimo ga moo, Marelius o ne a bereka tiro ya nako e e tletseng gore a duele sekoloto sa ntlo ya bone. A re: “Go ikaega ka Jehofa le go nna re rapela re mo kopa gore a re thuse go dira diphetogo, go ne ga dira gore re kgone go fuduga.” Kwa tshimologong, ba ne ba fetsa nako e ntsi ba ithuta Baebele. Morago ga moo, banyalani bano ba ne ba rekisa ntlo, ba tlogela tiro mme ka August 2011 ba fudugela kwa toropong ya Alta kwa bokone jwa Norway. E le gore ba kgone go itlamela fa e ntse e le babulatsela koo, Marelius o bereka e le ramatlotlo mme Kesia ene o bereka mo lebenkeleng.

Knut le Lisbeth, banyalani ba ba mo dingwageng tsa bo30, ba ne ba amiwa ke maitemogelo a a tswang mo Yearbook a a buang ka bakaulengwe ba ba direlang kwa go nang le tlhokego e kgolwane ya baboledi ba Bogosi gone. Lisbeth a re: “Maitemogelo ano a dirile gore re akanyetse go ya go direla kwa nageng e nngwe, le fa go ntse jalo, ke ne ke okaoka ka gonne ke ne ke sa dumele gore motho fela yo o tshwanang le nna a ka kgona go dira tiro eno.” Le fa go le jalo, ba ne ba dira sengwe go fitlhelela mokgele wa bone. Knut a re: “Re ne ra rekisa ntlo ya rona, mme gore re boloke madi, re ne ra ya go dula le mmè. Moragonyana re ne ra fudugela kwa phuthegong ya Seesemane kwa Bergen, mme ra nna ngwaga otlhe koo le mmaagwe Lisbeth gore re kgone go ipaakanyetsa go direla kwa nageng e sele.” Go ise go e kae, Knut le Lisbeth ba ne ba setse ba ipaakanyeditse go fudugela kwa Uganda. Ngwaga le ngwaga ba nna ba boela kwa Norway dikgwedi di le pedi go ya go bereka. Seno se ba thusa go nna le madi a a lekaneng gore ba kgone go nna kwa Uganda ngwaga otlhe mme ba dire tiro ya go rera.

“LEKANG MME LO BONE GORE JEHOFA O MOLEMO”

“Lelapa la rona le atamalane thata.”—Roald

Dilo di ne tsa tsamaela jang badiri bano ba ba iketleeditseng? Roald a re: “Re kgona go fetsa nako e ntsi mmogo re le lelapa mo lefelong leno le le kwa kgakala, go feta fa re ne re le kwa Bergen. Lelapa la rona le atamalane fela thata. Go bona bana ba rona ba gatela pele semoyeng e nnile tshegofatso e kgolo.” O tswelela  ka gore: “Gape re na le boikutlo jo bo siameng ka dithoto. Re lemogile gore ga di botlhokwa jaaka re ne re akantse.”

Elsebeth o ne a bona go tlhokega gore a ithute puo e nngwe. Ka ntlha yang? Tshimo ya Phuthego ya Lakselv e akaretsa motse wa Karasjok, kwa go nang le Ba-Sami ba le bantsi gone—e leng batho ba ba tlholegang mo dikgaolong tse di kwa bokone jwa Norway, Sweden, Finland le Russia. E le gore Elsebeth a kgone go bua le batho bano motlhofo, o ne a ithuta puo ya Se-Sami. Gone jaanong o kgona go tshwara motlotlo o mokhutshwane ka puo eo. A o itumelela tshimo eno e ntšha? O bua jaana a itumetse: “Ke na le dithuto tsa Baebele di le thataro. Ruri ke itumelela kabelo eno!”

Fabian yo jaanong e leng mmulatsela le motlhanka wa bodiredi o tlhalosa gore, ene le Isabel ba thusitse basha bangwe ba bararo mo phuthegong ya bone e ntšha ba ba neng ba tlhoka go kgothadiwa, gore ba nne le seabe mo ditirong tsa phuthego. Gone jaanong basha bano ba bararo ba tlhagafetse mo bodireding. Tota e bile, ba babedi ba bone ba kolobeditswe e bile e ne e le babulatsela ba ba thusang ka March 2012. Mongwe wa basha bano yo o neng a setse a koafala semoyeng, o ne a leboga Fabian le Isabel go bo ba mo thusitse gore a gatele pele. Fabian a re: “Ke ne ke amegile tota fa ke mo utlwa a rialo. A bo e le selo se se itumedisang jang ne go thusa mongwe!” Isabel a re: “Mo kabelong eno, tota ke ‘ile ka leka mme ka bona gore Jehofa o molemo.’” (Pes. 34:8) O oketsa jaana: “Mo godimo ga moo, go direla mono go monate tota!”

Knut le Lisbeth ba ithuta le lelapa lengwe kwa Uganda

Gone jaanong Marelius le Kesia ba tshela botshelo jo bo motlhofo mme gone e le jo bo kgotsofatsang. Phuthego e ba fudugetseng kwa go yone ya kwa Alta, gone jaanong e na le baboledi ba le 41. Marelius a re: “Fa ke leba kwa morago, go a kgothatsa go bona ka moo botshelo jwa rona bo fetogileng ka gone. Re leboga Jehofa go bo re kgona go mo direla fano re le babulatsela. Ga go na sepe se se kgotsofatsang go feta seo.” Kesia a re: “Ke ithutile go ikanya Jehofa ka botlalo, mme o ntse a re tlhokometse thata. Gape ke fitlhetse gore go nna kgakala le ba losika, go nthusitse gore ke anaanele motsotswana mongwe le mongwe o ke o fetsang ke na le bone. Ga ke ise ke ikwatlhaele tshwetso e re e dirileng.”

Go ntse go ya jang ka Knut le Lisbeth kwa Uganda? Knut a re: “Go re tsere nako go tlwaela tikologo le setso sa mono. Le fa gone gantsi re tlhaelelwa ke metsi le motlakase e bile re nna le mathata a mala, re kgona go tshwara dithuto tse dintsi tsa Baebele kafa re batlang ka teng!” Lisbeth a re: “Sekgala sa halofo ya ura go tswa mo re nna teng, go na le metse e e iseng e rerelwe dikgang tse di molemo. Fa re ya koo, re fitlhela batho ba bala Baebele, ba bo ba re kopa gore re ba rute. Go ruta batho bao ba ba ikokobeditseng molaetsa wa Baebele ke boitumelo jo bo seng kana ka sepe!”

A bo Moeteledipele wa rona e bong Keresete Jesu, a itumetse jang ne fa a leba a le kwa legodimong a bona kafa tiro e a e simolotseng ya go rera e dirwang ka gone mo dikgaolong tse dintsi tsa lefatshe! Ee, batho botlhe ba Modimo, ba ipela thata go bo ba ile ba ithaopa ka go rata go diragatsa taelo ya ga Jesu ya go ‘dira batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.’—Math. 28:19, 20.