Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letsholo le le Rulagantsweng Sentle le Nna le Diphelelo Tse di Molemo

Letsholo le le Rulagantsweng Sentle le Nna le Diphelelo Tse di Molemo

María Isabel ke mmoledi yo monnye yo o tlhagafetseng yo o nnang mo toropong ya San Bernardo e e kwa nageng ya Chile kwa Amerika Borwa. Ene mmogo le lelapa la gaabo ke ba morafe wa Mapuche. Lelapa lotlhe la gaabo le ntse le eme nokeng maiteko a gore go tlhomiwe phuthego e ntšha ya puo ya Mapuche, e gape e bidiwang Mapudungun.

Kitsiso e e ileng ya dirwa ya gore Segopotso sa loso lwa ga Keresete se tla tshwarwa ka puo ya Mapudungun le gore go gatisitswe dipampitshana tsa taletso di le 2 000 ka puo eo, e ile ya dira gore María Isabel a je marapo a tlhogo. O ne a tla dira eng gore a thuse? O ne a gakologelwa kafa basha bangwe ba Basupi ba ileng ba atlega ka gone fa ba ne ba rerela bana ba ba tsenang sekolo le bone le barutabana. O ile a bua le batsadi ba gagwe ka kgang eo, mme ba ne ba swetsa ka gore Maria Isabel a leke go akanya ka leano la go phasalatsa dipampitshana tseo kwa sekolong. O ile a tla ka leano lefe?

Maria Isabel o ne a simolola ka go kopa tetla mo balaoding ba sekolo gore a manege taletso eo mo dikgorong tse dikgolo tsa sekolo. Ba ne ba amogela kopo ya gagwe ba bo ba mo akgolela matsapa ao a a tsereng. Letsatsi lengwe mo kokoanong ya mo mosong, mogokgo wa sekolo o ne a dira kitsiso malebana le taletso eo a dirisa sebuelagodimo!

Go tswa foo, Maria Isabel o ne a kopa go etela diphaposi tsotlhe tsa borutelo. Morago ga gore barutabana ba mo neye tetla ya go dira jalo, o ne a botsa baithuti mo phaposing nngwe le nngwe ya borutelo gore a go na le ba e leng ba morafe wa Mapuche. Maria Isabel a re: “Ke ne ke akantse gore gongwe mo sekolong sotlhe go tla nna le baithuti ba le 10 kgotsa 15 ba ba tswang mo morafeng wa Mapuche, mme go ne go na le ba le bantsi mo ke ileng ka feleletsa ke ntshitse ditaletso di le 150!”

“O NE A SOLOFETSE GO BONA MONGWE YO MOGOLWANE”

Mosadi mongwe yo o ileng a bona taletso eo kwa dikgorong tsa sekolo, o ne a botsa gore ke mang yo a ka buang le ene mabapi le tiragalo eo. Akanya fela gore o tshwanetse a bo a ne a gakgametse jang ne fa a bontshiwa mosetsanyana wa dingwaga di le lesome! Maria Isabel o ne a akgela jaana a nyenya: “O ne a solofetse go bona mongwe yo mogolwane.” Morago ga gore Maria Isabel a mo neye taletso le go mo tlhalosetsa dintlha ka bokhutshwane, o ne a kopa mosadi yoo aterese ya gagwe gore ene le batsadi ba gagwe ba mo etele go tla go mmolelela mo go oketsegileng ka Bogosi jwa Modimo. A bo baboledi ba ba 20 ba ba direlang mo tshimong e go buiwang puo ya Mapudungun, ba ne ba itumetse thata jang ne go bona mosadi yoo mmogo le batho ba bangwe ba ba kgatlhegang ba le 26 ba Mapuche ba le gone kwa Segopotsong. Gone jaanong setlhotshwana seo ke phuthego e e gatelang pele!

Go sa kgathalesege dingwaga tsa gago, a le wena o ka laletsa baithutimmogo le wena kgotsa badirimmogo kwa Segopotsong, gore ba tle go reetsa puo ya phatlalatsa kgotsa go nna gone kwa kopanong ya kgaolo? Ke eng o sa dire dipatlisiso mo dikgatisong tsa rona go bona maitemogelo a a ka go nayang dikgakololo tsa kafa o ka dirang seno ka gone ka katlego? Gape, kopa Jehofa gore a go neye moya o o boitshepo gore o go thuse go nna le bopelokgale jwa go bua ka ene. (Luke 11:13) Fa o dira jalo, le wena o ka itumelela le go kgothadiwa thata ke diphelelo tse di molemo tsa letsholo la gago le le rulagantsweng sentle.