Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Myanmar

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Myanmar

“THOBO e kgolo, eleruri, mme badiri ba mmalwa. Jalo kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Luke 10:2) Mafoko ano a a ileng a buiwa ke Jesu dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, a tlhalosa maemo a kwa Myanmar. Ke eng fa re rialo? Naga eno e na le baagi ba ka nna dimilione di le 55 mme e na le baboledi ba le 4 200 fela.

Mme gone, “Mong wa thobo” e bong Jehofa o ile a ama dipelo tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba dinaga tse di farologaneng mme ba ile ba ya go thusa mo tirong ya go rera kwa nageng eno. Ke eng se se dirileng gore ba fudugele kwa nageng eno? Mme ba itumelela masego afe? Mma re bone.

“TLANG! RE TLHOKA BABULATSELA!”

Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, mmulatsela mongwe wa kwa Japane e bong Kazuhiro o ne a idibala mme a isiwa bookelong. Ngaka e ne ya mmolelela gore o na le bolwetse jwa go wa mme ya mo laela gore a se ka a kgweetsa dingwaga tse pedi. Kazuhiro o ne a gakgametse. O ne a ipotsa jaana: ‘Ke a go kgona jang go tswelela ke le mmulatsela ke sa kgone go kgweetsa?’ O ne a kopa Jehofa gore a mo thuse gore a kgone go tswelela e le mmulatsela.

Kazuhiro le Mari

Kazuhiro a re: “Moragonyana, tsala ya me e e neng e direla kwa Myanmar e ile ya utlwa ka mathata a me. O ne a nteletsa a bo a re: ‘Mo Myanmar re dirisa dibese. Fa o ka tla kwano, o tla tswelela o le mmulatsela o sa tlhoke go dirisa koloi.’ Ke ne ka botsa ngaka ya me gore a go siame gore ke fudugele kwa Myanmar le fa gone ke na le bolwetse jono. O ne a nthaya a re: ‘Ngaka nngwe ya boboko ya kwa Myanmar e teng mo Japane gone jaanong, ke tla go isa kwa go yone. Fa o ka nna le bothata, o tla go thusa.’ Ke ne ka tsaya seo e le karabo e e tswang kwa go Jehofa.”

Kazuhiro o ile a kwalela ofisi ya lekala ya kwa Myanmar a kopa gore ene le mosadi wa gagwe ba ye go direla kwa nageng eo. Morago ga malatsi a le matlhano fela, ofisi ya lekala e ne ya araba jaana: “Tlang, re tlhoka babulatsela.” Kazuhiro le mosadi wa gagwe e bong Mari ba ile ba rekisa dikoloi tsa bone mme ba ipaakanyetsa go tsamaya. Gompieno ba itumelela go thusa mo setlhopheng sa puo ya diatla kwa Mandalay. Kazuhiro a re: “Se se ntiragaletseng se dirile gore tumelo ya rona mo go se Jehofa a re solofetsang sone mo go Pesalema 37:5 e nonofe. Ya re: ‘Pitikela tsela ya gago mo go Jehofa, o mo ikanye, mme o tla tsaya kgato.’”

JEHOFA O DIRA KGORO YA BOTSO

Ka 2014, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Myanmar ba ile ba nna le kopano e e kgethegileng. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa dinageng tse dingwe ba ne ba le teng kwa kopanong eo. Mongwe wa bone wa kwa United States e bong Monique yo o nang le dingwaga di le 34 a re: “Fa ke tswa kwa kopanong eo, ke ile ka rapela, ke botsa Jehofa gore ke dire eng. Gape ke ile ka bua le batsadi ba me ka mekgele e ke e ipeetseng yone mo tirelong ya ga Jehofa. Re ile ra dumalana gore ke boele kwa Myanmar, mme gone go ile ga ntsaya nakonyana e bile ke ile ka rapela thata pele ke dira tshwetso eo.”

Monique le Li

Monique a re: “Jesu o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba ‘bale ditshenyegelo.’ Ka jalo, ke ile ka ipotsa jaana: ‘A nka kgona go fudugela kwa Myanmar? Fa ke le koo, a nka kgona go itlhokomela ke sa dirise nako e ntsi mo tirong ya boitshediso?’” A re: “Ke ile ka lemoga gore ga ke na madi a a lekaneng gore nka fudugela kwa nageng e nngwe.” Ka jalo, ke eng se se mo thusitseng gore a fuduge?—Luke 14:28.

A re: “Letsatsi lengwe motho yo ke neng ke mmerekela o ne a kopa go mpona. Ke ne ke tshogile, ke akanya gore ke feletswe ke tiro. Go ne go sa nna jalo, o ne a nteboga, a re ke dira tiro e ntle. Morago ga moo o ile a mpolelela gore ke tlile go newa bonus. Bonus eo e ile ya nthusa gore ke kgone go fudugela kwa Myanmar.”

Monique o ntse a direla kwa Myanmar fa e sa le ka December 2014. O ikutlwa jang ka go direla kwa go nang le tlhokego gone? A re: “Ke itumelela go nna fano. Ke na le dithuto tsa Baebele di le tharo. Mongwe wa bone o na le dingwaga di le 67. Ka dinako tsotlhe o ntumedisa a itumetse. Fa a sena go ithuta gore leina la Modimo ke Jehofa, o ne a gelela dikeledi. O ne a re: ‘Ke lekgetlo la ntlha mo botshelong jwa me ke utlwa gore leina la Modimo ke Jehofa. Monique, o monnye mo go nna, mme gone, o nthutile selo sa botlhokwa thata.’ Le nna ke ne ka gelela dikeledi. Maitemogelo a a tshwanang le ano a dira gore go direla kwa go nang le tlhokego gone e nne tiro e e itumedisang.” Bosheng jaana, Monique o ne a nna le tshiamelo ya go ya kwa Sekolong sa Baboledi ba Bogosi.

Selo se sengwe se se ileng sa tlhotlheletsa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba fudugele mo Myanmar e ne e le pego ya naga eno e e mo Bukeng ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2013. Kgaitsadi mongwe yo o mo masimologong a dingwaga tsa bo30, e bong Li o ne a nna kwa Borwabotlhaba Jwa Asia. O ne a na le tiro ya ka metlha, mme gone, pego ya Buka ya Ngwaga e ile ya dira gore a akanyetse go direla kwa Myanmar. A re: “Ka 2014 fa ke ne ke ile kopanong e e kgethegileng kwa Yangon, ke ne ka kopana le banyalani ba ba neng ba direla kwa go nang le tlhokego gone mo tshimong ya Se-China kwa Myanmar. E re ka le nna ke bua Se-China, ke ne ka dira tshwetso ya gore ke fudugele kwa Myanmar gore ke dire mmogo le setlhopha seo. Nna le Monique re ne ra fudugela kwa Mandalay. Jehofa o ne a re thusa go bona tiro ya nakwana ya go nna barutabana kwa sekolong sengwe mme re ne ra bona folete nngwe e e fa gaufi. Le fa gone go le mogote e bile go na le mathata a mangwe, ke itumelela go direla kwano. Batho ba mo Myanmar ba tshela botshelo jo bo motlhofo, ba maitseo e bile ba iketleeleditse go reetsa dikgang tse di molemo. Go a itumedisa go bona kafa Jehofa a segofatsang tiro ka gone. Ke dumela gore ke thato ya ga Jehofa go bo ke le fano mo Mandalay.”

JEHOFA O UTLWA DITHAPELO

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba direlang kwa go nang le tlhokego gone ba ile ba lemoga gore go botlhokwa go rapela. Ka sekai, akanya ka Jumpei le mosadi wa gagwe e bong Nao ba ba mo magareng a dingwaga tsa bo30. Ba ne ba direla mo phuthegong ya puo ya diatla mo Japane. Goreng ba fudugetse kwa Myanmar? Jumpei a re: “Nna le mosadi wa me ga re bolo go nna le mokgele wa go direla kwa go nang le tlhokego gone kwa nageng e nngwe. Mokaulengwe mongwe yo o tswang mo phuthegong ya rona ya puo ya diatla mo Japane o ne a fudugela kwa Myanmar. Le fa gone re ne re se na madi a mantsi, ka May 2010, le rona re ne ra fuduga. Bakaulengwe le bokgaitsadi mo Myanmar ba ne ba re amogela ka lorato!” Jumpei o ikutlwa jang ka tshimo ya puo ya diatla mo Myanmar? A re: “Batho ba ba kgatlhegang ba bantsi. Fa re bontsha beng ba matlo ba ba sa utlweng mo ditsebeng dibidio tsa puo ya diatla, ba a itumela. Ruri re itumelela tshwetso e re e dirileng ya go tla go direla Jehofa kwano!”

Nao le Jumpei

Jumpei le Nao ba ile ba lebana jang le mathata a bone a madi? A re: “Morago ga dingwaga tse tharo, re ne re dirisitse bontsi jwa madi a rona mme re ne re se na madi a a lekaneng go duela rente ya ngwaga o o latelang. Nna le mosadi wa me re ne ra rapela thata. Go ne ga direga sengwe se re neng re sa se lebelela, re ne ra amogela lekwalo le le tswang kwa ofising ya lekala le le tlhalosang gore re neilwe tshiamelo ya go nna babulatsela ba ba kgethegileng ba nakwana. Re ne ra ikanya Jehofa mme ga a ka a re latlha. O ntse a re tlhokomela ka ditsela tsotlhe.” Bosheng jaana, Jumpei le Nao le bone ba ile ba ya kwa Sekolong sa Baboledi ba Bogosi.

JEHOFA O ROTLOETSA BA LE BANTSI

Ke eng se se ileng sa tlhotlheletsa Simone yo o nang le dingwaga di le 43 yo o tswang kwa Italy, le mosadi wa gagwe e bong Anna, yo o nang le dingwaga di le 37 yo o tswang kwa New Zealand, gore ba fudugele kwa Myanmar? Anna a re: “Ke pego ya Myanmar e e mo Bukeng ya Ngwaga ya 2013!” Simone a re: “Ke tshiamelo e e kgolo go nna mo Myanmar. Botshelo fano bo motlhofo e bile ke kgona go dirisa nako e e oketsegileng mo tirong ya ga Jehofa. Go a itumedisa go bona kafa Jehofa a re tlhokomelang ka gone fa re direla mo go nang le tlhokego gone.” (Pes. 121:5) Anna a re: “Ke itumetse tota. Re tshela botshelo jo bo motlhofo. Ke fetsa nako e ntsi le monna wa me e bile re atamalane thata. Gape re nnile le ditsala tse di molemo. Batho ga ba ganetse Basupi, go na le moo, ba a kgatlhega!” Ka ditsela dife?

Simone le Anna

Anna a re: “Letsatsi lengwe kwa marekisetsong ke ne ka rerela mosetsana mongwe yo o tsenang yunibesithi mme re ne ra rulaganya gore re kopane gape. Fa re kopana, o ne a tlile le tsala ya gagwe. Lekgetlo le le latelang, o ne a tla le batho ba bangwe. Moragonyana, o ne a tla le ba bangwe gape. Gone jaanong ke ithuta Baebele le ba le batlhano ba bone.” Simone a re: “Batho mo tshimong ba botsalano e bile ba batla go ithuta. Batho ba le bantsi ba a kgatlhega, ka jalo, ga re na nako e e lekaneng ya go ba ruta botlhe.”

Sachio le Mizuho

Ke eng se se thusitseng ba le bantsi gore ba feleletse ba ile kwa Myanmar? Mizuho wa kwa Japane a re: “Nna le monna wa me e bong Sachio ga re bolo go batla go ya go direla kwa nageng e go nang le tlhokego gone, mme gone, re ne re tla ya kae? Fa re sena go bala pego ya Myanmar e e mo Bukeng ya Ngwaga ya 2013, re ne ra kgatlhiwa ke maitemogelo a a kgothatsang mme ra simolola go akanya ka gore a re ka kgona go fudugela gone.” Sachio a re: “Re ne ra ya go fetsa beke kwa Yangon, e leng toropokgolo ya Myanmar, gore re bone gore maemo a ntse jang. Go etela lefelo leno go ile ga re tlhotlheletsa gore re fudugele kwano.”

A O KA KGONA GO DIRELA KWA GO NANG LE TLHOKEGO GONE?

Jane, Danica, Rodney, le Jordan

Rodney le mosadi wa gagwe e bong Jane, ba ba tswang kwa Australia mme ba le mo dingwageng tsa bo50 le morwaabone e bong Jordan le morwadiabone e bong Danica, ba ntse ba direla kwa go nang le tlhokego gone mo Myanmar go tloga ka 2010. Rodney a re: “Re ne ra kgatlhiwa thata ke go bona kafa batho ba neng ba batla go ithuta ka Modimo ka gone. Nka kgothaletsa malapa a mangwe gore le one a ye go direla kwa mafelong a a tshwanang le Myanmar.” Ka ntlha yang? A re: “Go fudugela kwano go dirile gore lelapa la rona le atamalane le Jehofa! Basha ba le bantsi ba nna ba tshwaregile ka difouno, dikoloi, tiro, jalo le jalo. Bana ba rona bone ba ithuta mafoko a masha a ba ka a dirisang mo bodireding. Ba ithuta gore ba ka thusa jang batho ba ba sa tlhaloganyeng Baebele le gore ba ka arabela jang kwa dipokanong e bile ba dira dilo tse dingwe tse dintsi tse di amanang le kobamelo ya rona.”

Oliver le Anna

Oliver yo o nang le dingwaga di le 37 mme a tswa kwa United States o tlhalosa lebaka la go bo a ka rotloetsa Bakeresetemmogo le ene gore ba tsenele tirelo eno. A re: “Go direla Jehofa mo maemong a ke sa a tlwaelang go nthusitse. Go fudugela kwa nageng e nngwe go nthusitse gore ke nne pelokgale le gore ke ikanye Jehofa go sa kgathalasege maemo a ke lebanang le one. Go dira le batho ba ke neng ke sa ba itse mme gone re dumela dilo tse di tshwanang go nthusitse go bona gore ga go na sepe se se botlhokwa jaaka Bogosi Jwa Modimo.” Gompieno, Oliver le mosadi wa gagwe e bong Anna, ba sa ntse ba direla mo tshimong ya puo ya Se-China.

Trazel

Trazel yo o nang le dingwaga di le 52 yo o tswang kwa Australia, o ntse a direla mo Myanmar go tloga ka 2004. A re: “Ke kgothaletsa batho ba ba ka kgonang, gore ba ye go direla kwa go nang le tlhokego gone. Ke lemogile gore fa o batla go direla Jehofa mo go oketsegileng, o tla segofatsa maiteko a gago. Ga ke ise ke akanye gore ke tla tsamaya ke tshela jaana ka gonne tiro eno e solegela molemo e bile e a kgotsofatsa.”

E kete mafoko ao a ba ba direlang kwa go nang le tlhokego gone kwa Myanmar a ka go tlhotlheletsa go thusa batho ba ba siameng ba ba iseng ba utlwe dikgang tse di molemo. Ba ba direlang kwa go nang le tlhokego gone ba goeletsa jaana: “Tsweetswee, tla ka kwano mo Myanmar o re thuse!”