Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

“Mosadi” yo go buiwang ka ene mo go Isaia 60:1 ke mang, mme o “tsoga” ka tsela efe e bile o “phatsimisa lesedi” jang?

Isaia 60:1 e a re: “Tsoga wena mosadi, phatsimisa lesedi, ka gonne lesedi la gago le tlile. Kgalalelo ya ga Jehofa e a go phatsimela.” Ditemana dingwe mo bukeng ya Isaia di re bontsha gore “mosadi” yono ke Siona kgotsa Jerusalema, e ka nako eo e neng e le motsemogolo wa Juda. (Isa. 60:14; 62:1, 2) Jerusalema e emela setšhaba sotlhe sa Iseraele. Mafoko a Isaia a ileng a a bua, a dira gore re ipotse dipotso tseno tse pedi: Ya ntlha, Jerusalema e “tsoga” le go “phatsimisa lesedi” ka tsela efe, e bile e dira jalo leng? Ya bobedi, a se Isaia a ileng a se bua se a diragadiwa gompieno?

Jerusalema e “tsoga” le go “phatsimisa lesedi” ka tsela efe, e bile e dira jalo leng? Jerusalema le tempele ya yone di ile tsa nna matlotla fa Bajuda ba ne ba le kwa botshwarwa kwa Babelona dingwaga di le 70. Mme fa Bababelona ba sena go fenya Bameda le Baperesia, Baiseraele ba ba neng ba le mo dikarolong tse di farologaneng tsa Mmusomogolo wa Babelona, ba ne ba gololesegile gore ba boele kwa nageng ya bone gore ba ye go direla Jehofa gape. (Esera 1:1-4) Fa ngwaga wa 537 B.C.E. o simologa, ditso di le 12 tsa Baiseraele di ile tsa dira jalo. (Isa. 60:4) Ba ile ba simolola go ntshetsa Jehofa ditlhabelo, ba keteka meletlo ba bo ba aga tempele. (Esera 3:1-4, 7-11; 6:16-22) Jaanong Jehofa o ne a galalediwa mo Jerusalema kgotsa mo bathong ba gagwe. Go tswa foo, bone ba ile ba phatsimisa lesedi mo ditšhabeng tse dingwe tse di neng di sa itse Jehofa.

Mme gone, boporofeti jwa ga Isaia ga bo a diragadiwa jotlhe ka nako eo. Baiseraele ba le bantsi ga ba a ka ba tswelela ba ikobela Jehofa. (Neh. 13:27; Mal. 1:6-8; 2:13, 14; Math. 15:7-9) Moragonyana, ba ile ba gana Mesia e bong Jesu Keresete. (Math. 27:1, 2) Ka jalo ka 70 C.E., Jerusalema le tempele ya yone di ile tsa senngwa gape lekgetlo la bobedi.

Jehofa o ne a boleletse pele gore seo se ne se tlile go direga. (Dan. 9:24-27) Go a bonala gore e ne e se boikaelelo jwa ga Jehofa gore motse wa Jerusalema o diragatse boporofeti jotlhe jo bo mo go Isaia kgaolo 60.

A se Isaia a ileng a se bua se a diragadiwa gompieno? Ee, mme se diragadiwa mo mosading wa tshwantshetso e bong “Jerusalema yo o kwa legodimong.” Moaposetoloi Paulo o ne a re mosadi yono ke “mmaarona.” (Bagal. 4:26) Jerusalema yo o kwa legodimong ke baengele ba ga Jehofa ba ba ikanyegang. Bana ba gagwe ke Jesu le Bakeresete ba ba tloditsweng ba le 144 000 ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong jaaka Paulo. Bakeresete bano ba ba tloditsweng ke “setšhaba se se boitshepo” kgotsa “Iseraele wa Modimo.”​—1 Pet. 2:9; Bagal. 6:16.

Jerusalema yo o kwa legodimong o ile a “tsoga” ka tsela efe e bile o ile a “phatsimisa lesedi” jang? O ile a dira jalo a dirisa bana ba gagwe ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng. A re boneng gore se se ileng sa ba diragalela se tshwana jang le se se ileng sa bolelelwa pele mo go Isaia kgaolo 60.

Bakeresete ba ba tloditsweng ba ile ba tshwanelwa ke go “tsoga” ka gonne ba ne ba le mo lefifing fa botlhanogi bo ne bo anama morago ga gore baaposetoloi ba tlhokafale. (Math. 13:37-43) Ka nako eo, ba ile ba simolola go laolwa ke Babelona yo Mogolo e leng mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ile ba tswelela ba laolwa ke Babelona yo Mogolo go fitlha “mo malatsing a bofelo” a a simologileng ka 1914. (Math. 13:39, 40) Nakonyana morago ga moo, ka 1919, ba ne ba gololwa mme ka yone nako eo ba ne ba simolola go phatsimisa lesedi ka go rerela batho ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. a Fa e sa le ka nako eo, batho ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba ne ba tla mo leseding leo, go akaretsa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng kgotsa “dikgosi” tse go buiwang ka tsone mo go Isaia 60:3.​—Tshen. 5:9, 10.

Mo nakong e e tlang, Bakeresete ba ba tloditsweng ba tlile go phatsimisa lesedi le go feta. Re raya jang? Ba tla nna karolo ya “Jerusalema yo Mosha” kgotsa dikgosi le baperesiti ba le 144 000.​—Tshen. 14:1; 21:1, 2, 24; 22:3-5.

Jerusalema yo Mosha o tla nna le seabe se segolo mo go diragadiweng ga boporofeti jo bo mo go Isaia 60:1. (Bapisa Isaia 60:1, 1, 3, 5, 11, 19, 20 le Tshenolo 21:2, 9-11, 22-26.) Fela jaaka bogosi jwa Iseraele wa bogologolo bo ne bo le kwa Jerusalema, Jerusalema yo Mosha le Jesu ba tlile go busa kwa legodimong. Mme gone, Jerusalema yo Mosha “o fologa [jang] a tswa kwa legodimong kwa Modimong”? O dira jalo ka go thusa batho ba ba boifang Modimo ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe gore ba ‘tsamaye mo leseding la’ gagwe. Gape o tla ba golola mo boleong le mo losong. (Tshen. 21:3, 4, 24) Seo se tla dira gore ‘dilo tsotlhe di dirwe disha,’ fela jaaka Isaia le baporofeti ba bangwe ba boleletse pele. (Dit. 3:21) Tiro ya go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri e simologile fa Jesu a nna Kgosi e bile e tla fela kwa bofelong jwa Dingwaga di le Sekete.

a Kobamelo ya boammaaruri e ile ya tsosolosiwa ka 1919. Seno se tlhalosiwa gape mo go Esekiele 37:1-14 le mo go Tshenolo 11:7-12. Esekiele o ne a bolelela pele gore Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba ne ba tla obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang morago ga go fetsa lobaka lo loleele ba le kwa botshwarwa. Boporofeti jo bo mo go Tshenolo bo bua ka bakaulengwe ba le mmalwa ba ba tloditsweng ba ba neng ba eteletse pele. Bo tlhalosa gore ba ne ba tla boa ba dira tiro ya ga Jehofa gape morago ga go fetsa lobaka lo lokhutshwane ba sa kgone go mo direla ka gonne ba ne ba le kwa kgolegelong. Mme ka 1919, ba ile ba tlhomiwa go nna “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.”​—Math. 24:45; bona le buka ya setlhogo se se reng Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela E e Mo Itumedisang! ts. 118.