Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikgwetlho Tsa go Fudugela Kwa Phuthegong e Nngwe

Dikgwetlho Tsa go Fudugela Kwa Phuthegong e Nngwe

A O KILE wa fudugela kwa phuthegong e nngwe? Fa go le jalo, gongwe o ka dumalana le Jean-Charles. A re: “Go fudugela kwa phuthegong e nngwe, ga se kgetsi e potlana. Mo godimo ga moo, o tshwanetse go netefatsa gore ba lelapa la gago ba nna ba atamalane le Jehofa.” Fa o fuduga, o ka nna wa tshwanelwa ke go batla tiro, lefelo le o ka nnang kwa go lone, gongwe le dikolo tse bana ba ka tsenang kwa go tsone. Gape maemo a bosa, tsela e batho ba tshelang ka yone le tshimo ya phuthego e o fudugelang kwa go yone, e ka nna kgwetlho.

Nicolas le Céline ba ile ba lebana le kgwetlho e nngwe. Ofisi ya lekala ya kwa France e ile ya ba kopa gore ba fudugele kwa phuthegong e nngwe. Ba re: “Ka bonakonyana fela fa re sena go fuduga, re ile ra simolola go tlhologelelwa ditsala tsa rona ka gonne re ne re ise re tlwaele bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego e re neng re fudugetse kwa go yone.” a E re ka go fuduga go na le dikgwetlho, ke eng se se ka go thusang fa o fudugela kwa phuthegong e nngwe? O ka kgothatsa ba bangwe jang kwa phuthegong e o fudugelang kwa go yone, mme bone ba ka go kgothatsa jang?

MELAOMETHEO E LE MENÊ E E KA GO THUSANG

Ikaege ka Jehofa

1. Ikaege ka Jehofa. (Pes. 37:5) Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Kazumi wa kwa Japan, o ile a fetsa dingwaga di le 20 a le mo phuthegong nngwe, mme fa tiro ya monna wa gagwe e ne e mo isa kwa lefelong le lengwe, ba ile ba tshwanelwa ke go fuduga. O ile a ‘itsise Jehofa tsela ya gagwe’ jang? A re: “Ke ne ke bolelela Jehofa kafa ke ikutlwang ka gone. Fa ke tshwenyegile, ke tshogile e bile ke jewa ke bodutu, ke ne ke mmulela mafatlha. Nako le nako fa ke dira jalo, o ne a nnamola.”

Ke eng se se ka go thusang gore o ikaege ka Jehofa le go feta? Fela jaaka sejalo se tlhoka metsi le menontsha gore se gole, tumelo ya rona le yone e tshwanetse go nonotshiwa gore e gole. Nicolas yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng, o ile a akanyetsa kwa teng ka banna ba ba ileng ba itima dilo di le dintsi gore ba direle Jehofa. Banna bao ba akaretsa Aborahame, Jesu le Paulo. Go dira jalo go ile ga mo thusa gore a tshepe gore Jehofa o tla mo thusa. Go ithuta Baebele ka metlha go tla go thusa gore o kgone go fenya dikgwetlho dipe fela tse o ka lebanang le tsone, e bile o tla ithuta dilo di le dintsi tse o ka kgonang go di dirisa go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi kwa phuthegong e o fudugelang kwa go yone.

O se ka wa bapisa phuthego e o tswang kwa go yone le e o fudugetseng mo go yone

2. O se ka wa bapisa phuthego e o tswang kwa go yone le e o fudugetseng mo go yone. (Mor. 7:10) Mokaulengwe Jules yo o tswang kwa Benin, o ne a sa tlwaela tsela e batho ba neng ba dira dilo ka yone kwa United States. A re: “Ke ne ke ikutlwa e kete ke patelesega go bolelela mongwe le mongwe yo ke kopanang le ene gore ke godile jang.” E re ka a ne a sa tlwaela tsela e dilo di neng di dirwa ka yone, o ne a simolola go nnela kgakala le bakaulengwe le bokgaitsadi. Mme gone, dilo di ile tsa fetoga fa a sena go ipha nako ya go ba tlwaela. Jules a re: “Ke dumela gore batho botlhe mo lefatsheng ba a tshwana. Se se farologanang fela ke tsela e ba itlhalosang ka yone. Go botlhokwa tota gore re amogele batho ba bangwe jaaka ba ntse.” Ka jalo, o se ka wa bapisa bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego e o tswang kwa go yone le ba e o fudugetseng mo go yone. Kgaitsadi mongwe yo e leng mmulatsela yo o bidiwang Anne-Lise a re: “Fa ke fuduga, ke ne ke sa lebelela gore sengwe le sengwe se dirwe jaaka se ne se dirwa kwa ke tswang teng. Go na le moo, ke ne ke ikemiseditse go ithuta dilo tse disha.”

Bagolwane le bone ga ba a tshwanela go bapisa phuthego e ba tswang kwa go yone le e ba fudugetseng mo go yone. Bakaulengwe ba mo phuthegong e o fudugetseng mo go yone, ba ka tswa ba dira dilo ka tsela e e sa tshwaneng le e di neng di dirwa ka yone kwa phuthegong e o tswang kwa go yone. Mme seo ga se reye gore ga ba dire dilo sentle. Go botoka gore o ithute gore dilo di dirwa jang mo lefelong leo, pele o akantsha gore go ka dirwa eng. (Mor. 3:1, 7b) O se ka wa leka go pateletsa bakaulengwe gore ba dire dilo ka tsela e o akanyang ka yone, go na le moo ba tlhomele sekao.​—2 Bakor. 1:24.

Dira ditiro tse di farologaneng mo phuthegong

3. Dira ditiro tse di farologaneng mo phuthegong. (Bafil. 1:27) Ke boammaaruri gore go fuduga go tlhoka nako le maatla. Mme gone, go botlhokwa gore o ye kwa Holong ya Bogosi fela fa o goroga. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba tlhoka go go bona gore ba atamalane le wena le gore ba kgone go go thusa. Lucinda yo o neng a fudugela kwa South Africa le bomorwadie ba le babedi a re: “Ditsala tsa me di ne tsa nkgakolola gore ke atamalane le bakaulengwe le bokgaitsadi kwa phuthegong e re neng re fudugela kwa go yone, ke bereke le bone kwa tshimong le gore ke arabele kwa dipokanong. Gape ke ile ka bolelela bakaulengwe gore ba ka tshwarela pokano ya tshimo kwa legaeng la rona.”

Fa ‘o wa o tsoga’ le bakaulengwe le bokgaitsadi mme o dira ditiro tse di farologaneng mo phuthegong, o tla bo o bontsha gore o na le “tumelo mo dikgannyeng tse di molemo.” Bagolwane ba ile ba kgothaletsa kgaitsadi Anne-Lise yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng gore a bereke le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba farologaneng mo tshimong. Seo se ile sa felela ka eng? A re: “Ke ile ka lemoga gore go dira jalo go nthusa go tsalana le batho ba ba farologaneng.” Gape fa o ithaopela go phepafatsa Holo ya Bogosi le go e tlhokomela, o tla bo o bontsha gore jaanong o gorogile mo lapeng! Fa o dira jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba tla atamalana le wena, e bile o tla ikutlwa o le karolo ya phuthego.

Dira ditsala

4. Dira ditsala. (2 Bakor. 6:11-13) Fa batho ba lemoga gore o amega ka bone, go tla nna motlhofo gore e nne ditsala tsa gago. Ka jalo, goroga nako e sa ntse e le teng kwa dipokanong mme o se ka wa tsamaya ka bonako gore o kgone go tlotla le bone. Leka go itse maina a bone. Fa o gopola maina a batho, o le botsalano e bile o atamelesega, ba tla batla go go itse le go nna ditsala tsa gago.

O se ka wa itira se o seng sone fela gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa phuthegong e o fudugelang kwa go yone ba go rate. Dira se Lucinda a ileng a se tlhalosa. A re: “Gone jaanong re na le ditsala tse dintsi ka gonne re ile ra laletsa bakaulengwe le bokgaitsadi kwa legaeng la rona.”

“AMOGELANANG”

Batho ba bangwe ba thatafalelwa ke go kopana le batho ba ba sa ba itseng kwa Holong ya Bogosi. Ka jalo, o ka dira eng go ba tlhofofaletsa dilo? Moaposetoloi Paulo o ne a re kgothaletsa gore re ‘amogelane, fela jaaka Keresete le ene a ne a re amogela.’ (Bar. 15:7) Bagolwane ba ka etsa Keresete ka go thusa ba ba sa tswang go fudugela mo phuthegong gore ba phuthologe. (Bona lebokoso le le reng, “ Ke Eng Se se Ka go Thusang fa o Batla go Fuduga?”) Mme gone, botlhe mo phuthegong go akaretsa le bana, ba ka kgona go dira jalo.

Le fa gone go amogela baeng go akaretsa go laletsa batho kwa legaeng la gago, gape go akaretsa go thusa batho ka dilo tse ba di tlhokang. Ka sekai, kgaitsadi mongwe o ile a ithaopela go thusa kgaitsadi yo o sa tswang go fudugela mo phuthegong ya bone. O ile a tsamaya le ene mo toropong a bo a mmontsha gore a ka bona kae dipalangwa tsa botlhe. Kgaitsadi yoo o ile a itumela tota, e bile o ile a kgona go tlwaela lefelo leo.

GO FUDUGA GO KA GO THUSA GORE O NNE MOTHO YO O BOTOKA

Gantsi fa tsie e gola, e apola letlalo makgetlo a le mantsi gore e kgone go fofa. Ka tsela e e tshwanang, fa o fudugela kwa phuthegong e nngwe, o tshwanetse go tlogela dilo tse di ka dirang gore o se ka wa gatela pele mo phuthegong. Nicolas le Céline ba re: “Go fuduga go re rutile dilo di le dintsi. Gore re kgone go tlwaela batho le mafelo mangwe, re ile ra tshwanelwa ke go nna le dinonofo dingwe tse di rileng.” Jean-Charles yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng, o tlhalosa kafa go fuduga go thusitseng lelapa la gagwe ka gone. A re: “Go fuduga go ile ga thusa bana ba rona gore ba atamalane le Jehofa. Dikgwedi di le mmalwa re sena go fuduga, morwadiarona o ile a newa puo mo dipokanong tsa mo gare ga beke. Morwa wa rona ene e ne ya nna mmoledi yo o sa kolobediwang.”

A go na le maemo mangwe a a dirang gore o se ka wa kgona go fudugela kwa phuthegong e nngwe, gongwe kwa go nang le tlhokego gone? Go dirisa dikakantsho tse di mo setlhogong seno, go tla go thusa gore o ikutlwe e kete o fudugetse kwa phuthegong e nngwe. Bontsha gore o ikaega ka Jehofa ka go nna o dira ditiro tse di farologaneng mo phuthegong, o bereka le bakaulengwe le bokgaitsadi mo tshimong, o dira ditsala e bile o atamalana le ba o setseng o ba itse. Gongwe o ka thusa ba ba fudugetseng mo phuthegong ya lona kgotsa ba ba tlhokang. E re ka Bakeresete ba boammaaruri ba bonwa ka lorato, fa o thusa ba bangwe o tla atamalana le Jehofa. (Joh. 13:35) Ga go pelaelo gore Jehofa o itumelela ditlhabelo tse di ntseng jalo.​—Baheb. 13:16.

Le fa go fuduga e le namane e tona ya tiro, bakaulengwe le bokgaitsadi ba itumetse mo diphuthegong tse ba fudugetseng mo go tsone. Anne-Lise a re: “Go fudugela mo phuthegong e nngwe go nthusitse gore ke itse bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe.” Kazumi ene a re: “Fa motho a fuduga, o kgona go lemoga gore Modimo o mo ema nôkeng ka ditsela tse dingwe.” Jules ene a re: “Bakaulengwe le bokgaitsadi ba nthusitse gore ke phuthologe. Gone jaanong ke ba tsaya e le ba lelapa la gaetsho e bile ke akanya gore go tla nna thata go kgaogana le bone.”

a Fa e le gore o tlhoka kgakololo e e ka go thusang ka gonne o tlhologelelwa legae, bala setlhogo se se reng, “Go Itshokela go Tlhologelelwa Legae O le Mo Tirelong ya Modimo” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 15, 1994.