Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Disele Tsa Gago—Dilaeborari Tse di Tshelang!

Disele Tsa Gago—Dilaeborari Tse di Tshelang!

KA 1953, baithuti bangwe ba dikhemikale tse di raraaneng tsa ditshedi e bong James Watson le Francis Crick, ba ne ba ribolola sengwe se se botlhokwa se se re thusitseng go tlhaloganya botshelo botoka. Ba ile ba lemoga gore DNA e bopegileng jang. * DNA eno e e lebegang jaaka tlhale e gantsi e fitlhelwang mo karolong e e mo gare ya sele, e na le molaetsa kgotsa tshedimosetso e e dirang gore disele di nne jaaka dilaeborari tse di tshelang. Ruri eo e ne e le phitlhelelo e kgolo mo go tsa thutatshelo! Mme gone, botlhokwa jwa tshedimosetso e e mo diseleng ke bofe? Tota tshedimosetso eo e tsene jang mo seleng?

LEBAKA LA GO BO DISELE DI TLHOKA TSHEDIMOSETSO

A o kile wa ipotsa gore go tla jang gore thotse e nne setlhare kgotsa gore lee le le kopaneng le peo e nne motho? A o kile wa ipotsa gore go tlile jang gore o nne le botho le ditebego tse o nang le tsone? Re ka bona dikarabo mo tshedimosetsong e e mo DNA.

Mo e ka nnang disele tsotlhe di na le DNA, e leng dimolekhule tse di raraaneng tse e keteng llere e telele e e tshophegileng. Dijini tsotlhe tsa motho di kopane le disele tse di nang le DNA, di na le se go ka tweng ke mapalamelo a llere a dikhemikale a ka nna dibilione di le tharo. Baitsesaense ba re lepalamelo lengwe le lengwe le dirwa ke dikhemikale tse pedi tsa tse nnè. Nngwe le nngwe ya dikhemikale tseo e na le tlhaka e e e emelang e leng A, C, G le T—tse nnè fa di feletse. * Ka 1957, Crick o ne a tlhalosa gore tsela e mapalamelo ano a dikhemikale a tlhomaganang ka yone, e bopa tshedimosetso e e mo diseleng. Kgang eno e ne ya simolola go tlhaloganngwa ka bo1960.

Tshedimosetso—ya ditshwantsho, medumo kgotsa mafoko—e ka bolokiwa le go dirisiwa ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, dikhomputara di boloka tshedimosetso ka tsela ya ileketeroniki. Disele tsone di e boloka mo DNA di bo di e dirisa. DNA e fetela mo diseleng fa di kgaogana le mo ditsheding fa di tsala—e leng sengwe se se dirang gore botshelo bo nne teng.

Disele di dirisa jang tshedimosetso e e mo go tsone? Akanya DNA e le diresipe tse di latelwang kgato ka kgato, tse ntlha nngwe le nngwe ya tsone e kwadilweng ka kelotlhoko. Go na le gore se se apewang se felele e le kuku, e nna khabetšhe kgotsa kgomo. Boammaaruri ke gore, thulaganyo e disele di e latelang e itiragalela ka boyone mme e raraane.

Tshedimosetso ya sele ya baketeria e ka tlatsa buka ya ditsebe di ka nna 1 000

Tshedimosetso eno ya dijini e nna e le teng gore e dirisiwe go emisetsa disele tse di tshwaeditsweng ke malwetse ka tse disha kgotsa go fetisetsa dipopego le botho mo ngwaneng. DNA e kgona go boloka tshedimosetso e kana kang? Akanya ka setshedi se sennye thata e leng baketeria. Moitsesaense wa Mojeremane e bong Bernd-Olaf Küppers a re: “Fa tshedimosetso eo e ne e ka tshwantshiwa le puo, mokwalo o o tlhalosang tsela e sele ya baketeria e bopegileng ka yone, o ne o ka tlatsa buka ya ditsebe di ka nna sekete.” Go a utlwala go bo porofesa wa khemiseteri e bong David Deamer a kwadile jaana: “Tota le karolo e nnye thata e e raraaneng mo setsheding e ka jesa kgakge.” Tshedimosetso ya dijini tse di kopaneng le disele tse di nang le DNA e ka lekanngwa le eng? Küppers a re: “[E] ka tlatsa laeborari e e nang le dibolumo di feta sekete.”

“E KWADILWE KA TSELA E RE KA E TLHALOGANYANG”

Küppers a re tshedimosetso ya DNA e ka bapisiwa le puo. Mme fela jaaka puo, tshedimosetso eno e na le thulaganyo e e siameng ya mafoko.

Se go ka tweng ke mafoko le dipolelwana tsa DNA, di dira “diresipe” tse di kaelang diporoteine le dilo tse dingwe tse di bopang disele tse di farologaneng go bopa mmele wa motho. Ka sekai, “resipe” e ka dira gore go nne le disele tsa marapo, tsa mesifa, tsa ditshika kgotsa tsa letlalo. Moithutatshelo e bong Richard Dawkins a re: “DNA e e lebegang jaaka tlhale e na le tshedimosetso ka dikhemikale tsa sele, tse nngwe le nngwe ya tsone e nang le tlhaka e le nngwe. Le fa gone go se motlhofo go dumela seno, tshedimosetso eno e kwadilwe ka tsela e re ka e tlhaloganyang.”

Mokwadi mongwe wa Baebele e bong Dafide o ne a rapela Modimo jaana: “Matlho a gago a ne a mpona ke le losea lo lo mo popelong, mme dikarolo tsotlhe tsa lone di ne di kwadilwe mo bukeng ya gago.” (Pesalema 139:16) Ke boammaaruri gore, Dafide o ne a dirisa puo ya poko. Le fa go ntse jalo, o ne a nepile fela jaaka bakwadi ba bangwe ba Baebele. Ga go bape ba bone ba ba neng ba tlhotlhelediwa ke ditlhamane tsa batho ba bogologolo.—2 Samuele 23:1, 2; 2 Timotheo 3:16.

Go tla jang gore ngwana a nne le botho le ditebego tse motsadi a nang le tsone?

DNA E BONA TSHEDIMOSETSO JANG?

Go tlwaelegile gore fa baitsesaense ba sena go rarabolola sengwe se se thata, go tsoga dipotso tse dingwe. Go ne ga direga jalo fa go ribololwa DNA. Fa go ne go tlhaloganngwa gore DNA e na le tshedimosetso, batho ba ba akanyetsang kwa teng ba ne ba ipotsa jaana, ‘Tshedimosetso eo e tsene jang mo go yone?’ Ke boammaaruri gore ga go ope yo o boneng fa molekhule wa ntlha wa DNA o bopega. Ka jalo, re tshwanetse go ipatlela dikarabo. Le fa go ntse jalo, dikarabo tseno ga di a tshwanela go itlhamelwa. Ela tlhoko dipapiso tse di latelang.

  • Ka 1999, go ne ga bonwa dikgapetla tsa nkgo ya bogologolo e e nang le matshwao a a sa tlwaelegang kwa Pakistan. Matshwao ao a sa ntse a sa tlhaloganngwe. Le fa go ntse jalo, go tsewa gore a dirilwe ke motho.

  • Dingwaga di le mmalwa morago ga gore Watson le Crick ba ribolole gore DNA e bopegile jang, baitsefisikisi bangwe ba babedi ba ne ba simolola go dira dipatlisiso mo lefaufaung gore radio e bona jang tshedimosetso e e e tlhagisang. Mme karabo ga ise e bonwe le gompieno.

Ka jalo, kgangkgolo ke eng? Batho ba amanya tshedimosetso le botlhale, e ka ne tshedimosetso eo e le ya matshwao a a mo letsopeng kgotsa mo lefaufaung. Ga ba tlhoke go bona tshedimosetso eo go tswa kwa tshimologong gore ba dumalane le yone. Mme fa go ribololwa sengwe se se raraaneng—gore botshelo bo nnile gone jang—ba le bantsi ba ne ba sa amanye seo le botlhale mme ba re thulaganyo ya DNA ke selo se se se nang tlhaloganyo. A seo se a utlwala? A se boammaaruri? A saense e tshegetsa kgopolo eo? Baitsesaense ba le mmalwa ba ba tlotlegang ga ba dumalane le seo. Bangwe ba bone ke Dr. Gene Hwang le Porofesa Yan-Der Hsuuw. * Utlwa gore ba reng.

Dr. Gene Hwang o ithuta ka dijini. Pele a dira dipatlisiso, o ne a dumela gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe. O ne a bolelela Tsogang! jaana: “Go ithuta ka dijini go dira gore motho a tlhaloganye gore botshelo bo simologa jang—e leng sengwe se se dirang gore ke lemoge gore Mmopi o botlhale.”

Porofesa Yan-Der Hsuuw ke mookamedi wa dipatlisiso tsa losea lo lo mo popelong kwa National Pingtung University of Science and Technology kwa Taiwan. Le ene o ne a dumela gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe—mme fa a sena go dira dipatlisiso o ne a leba dilo ka tsela e sele. Fa a ne a bua ka go kgaogana ga disele le kafa di dirang ka gone, o ne a re: “Disele tse di siameng di tshwanetse go tlhagisa disele tse disha ka tsela e e siameng di bo di nne mo go tshwanetseng. Di simolola ka go ikopanya le dithishu, go tswa foo di bo di bopa maoto, matsogo le dirwe tse dingwe. Ke moenjenere ofe yo o neng a ka kgona go tlhama thulaganyo eno? Le fa go ntse jalo, tshedimosetso ya go bopega ga ngwana mo popelong e kwadilwe mo DNA. Fa ke akanya ka seno sotlhe, ke tlhatswega pelo gore botshelo bo tlhamilwe ke Modimo.”

Gene Hwang (ka fa molemeng) le Yan-Der Hsuuw

A GO BOTLHOKWA?

Ee, go botlhokwa! Fa e le gore botshelo bo tlhamilwe ke Modimo, ke ene a tshwanetseng go galalediwa, e seng thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe. (Tshenolo 4:11) Mme fa e le gore re bopilwe ke Mmopi yo o botlhale, go raya gore re na le lebaka la go bo re tshela. Go ne go se kitla go nna jalo fa go ne go sa latelwa dithulaganyo dipe gore botshelo bo nne gone. *

Ke boammaaruri gore batho ba ba akanyetsang kwa teng ba batla dikarabo tse di kgotsofatsang. Porofesa wa nyuroloji le wa malwetse a tlhaloganyo e bong Viktor Frankl a re: “Selo sa botlhokwa mo bathong ke go batla dikarabo ka botshelo.” Ka mafoko a mangwe re ka re, re na le keletso ya go atamalana le Modimo—sengwe se se ka kgonegang fela fa re dumela gore re bopilwe ke Modimo. Mme fa e le gore re bopilwe ke Modimo, a o re neile sengwe se se tla re thusang go atamalana le ene?

Jesu Keresete o ne a araba potso eo jaana: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa [kgotsa Modimo].” (Mathaio 4:4) Mafoko a ga Jehofa a a kwadilweng mo Baebeleng, a ile a dira gore batho ba le dimilione ba atamalane le Modimo, ba itse se ba se tshelelang le go ba naya tsholofelo ka isagwe. (1 Bathesalonika 2:13) E kete le wena o ka solegelwa molemo ke go ithuta Baebele. Mme gone, o tshwanetse go sekaseka buka eno e e sa tshwaneng le epe.

^ ser. 3 Watson le Crick ba ne ba fitlhelela seno ba dirisa dipatlisiso tse di dirilweng ka DNA, e e emelang deoxyribonucleic acid.—Bona lebokose le le reng “ DNA—Matlha a Botlhokwa.”

^ ser. 6 Ditlhaka tseo di emela adenine, cytosine, guanine le thymine.

^ ser. 18 Dipotsolotso tsa baitsesaense ba le mmalwa ba ba tlotlegang di mo website ya rona ya jw.org. Tobetsa konopo ya Search o bo o kwala “interview scientists.”

^ ser. 22 Dipotso malebana le popo le go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe di arabiwa ka botlalo mo boroutšhareng jwa The Origin of Life—Five Questions Worth Asking jo bo mo www.pr418.com le jwa Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi? jo bo mo www.pr418.com/tn.