Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 POTSOLOTSO | FRÉDÉRIC DUMOULIN

“Ke Tlhatswegile Pelo Gore Go na Le Mmopi”

“Ke Tlhatswegile Pelo Gore Go na Le Mmopi”

Frédéric Dumoulin o na le dingwaga di feta lesome a dira mo lephateng la dipatlisiso tsa go dira melemo kwa Ghent University kwa Belgium. O kile a nna molatolamodimo. Mme moragonyana Frédéric o ne a tlhatswega pelo gore Modimo o tlhamile botshelo. Tsogang! e ne ya botsa Frédéric—yo jaanong e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa—ka tiro ya gagwe le ka tumelo ya gagwe.

A bodumedi bo kile jwa nna le tlhotlheletso nngwe mo botshelong jwa gago fa o sa le ngwana?

Ee. Mmè o ne a tsena Kereke ya Katoliki ya Roma. Mme fa ke ne ke bala ka ga Botlhabanelatumelo le Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Bokgelogi, ke ne ka tenwa ke bodumedi mme ka se ka ka batla go amana ka gope le jone. Gape ke ne ka bala ka madumedi a e seng a Bokeresete mme ka bona go tshwana fela. Fa ke ne ke na le dingwaga di le 14, ke ne ka ipolelela gore boferefere jo bo tletseng mo bodumeding bo supa gore Modimo ga a yo. Ka jalo, fa ke ne ke rutiwa kgopolo ya gore dilo di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe kwa sekolong, ke ne ka swetsa ka gore botshelo bo nnile gone ka dithulaganyo dingwe tsa tlholego.

Ke eng se se go gogetseng mo saenseng?

Fa ke ne ke na le dingwaga di le supa, ke ne ka newa maekorosekopo mme e ne ya nna one setshamekisi sa me se ke se ratang thata. Sengwe sa dilo tse ke neng ke di dira ka one e ne e le go tlhatlhoba ditshenekegi tse di kgatlhang tse di jaaka dirurubele.

Go tlile jang gore o kgatlhegele go itse gore botshelo bo simologile jang?

Fa ke ne ke na le dingwaga di le 22, ke ne ka kopana le moitsesaense yo e neng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a dumela gore Modimo o tlhamile botshelo. Ke ne ke bona seo se sa tlwaelega tota. Ke ne ke akanya gore go tla nna motlhofo go mmontsha gore tumelo ya gagwe ga e utlwale. Mme ke ne ka gakgamadiwa ke gore o ne a na le dikarabo tse di utlwalang tsa dipotso tsa me. Ke ne ka simolola go batla go itse ka batho ba ba dumelang mo Modimong.

Dikgwedi di le mmalwa moragonyana, ke ne ka kopana le Mosupi yo mongwe yo o neng a na le kitso e ntsi ka dikgang tse di amanang le kalafi. Fa a ne a ithaopela go ntlhalosetsa se a se dumelang, ke ne ka dumela ka gonne ke ne ke batla go itse gore ke ka ntlha yang fa batho ba dumela mo Modimong. Ke ne ke batla go mo ntsha bobi mo matlhong.

 A o ne wa kgona go mmontsha gore se a se dumelang se phoso?

Nnyaa, ga ke a ka ka kgona. Ke ile ka simolola go batlisisa dikgopolo tse di malebana le tshimologo ya botshelo. Ke ne ka gakgamadiwa ke go lemoga gore baitsesaense bangwe ba ba tlhageletseng ba re tota le selenyana fela e e sa reng sepe e raraane thata jaana mo go ka se kgonegeng gore e ka tswa e tlholegile mo lefatsheng. Bangwe ba bone ba akanya gore disele tse di ntseng jalo di tswa kwa lefaufaung. Go na le dikganetsano tse dintsi malebana le gore botshelo bo simologile jang.

A go na le ntlha e go dumalanwang ka yone?

Se se gakgamatsang ke gore baitsesaense ba le bantsi ba dumela gore ka tsela nngwe dithulaganyo tsa tlholego di dirile gore botshelo bo tlhage mo dilong tse di sa tsheleng. Ke ne ka simolola go ipotsa gore, ‘Fa ba sa itse gore botshelo bo ka tswa bo nnile gone jang kwantle ga Mmopi, go tla jang gore ba tlhomamisege thata jaana gore bo simologile ka tsela eo?’ Ke ne ka simolola go sekaseka gore Baebele ya re botshelo bo simologile jang.

O ile wa dira ditshwetso dife ka Baebele?

Fa ke ntse ke ithuta Baebele mo go oketsegileng, ke ne ka tlhatswega pelo le go feta gore e boammaaruri. Ka sekai, ke bosheng fela jaana baitsesaense ba lemogileng gore go na le kwa lobopo lo simologileng gone. Mme temana e e simololang Baebele, e e kwadilweng dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng, ya re: “Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.” * Mme ke ne ka lemoga gore dilo tsotlhe tse Baebele e di buang tse di amanang le saense di boammaaruri.

Ke ne ka lemoga gore dilo tsotlhe tse Baebele e di buang tse di amanang le saense di boammaaruri

A go itse saense go dirile gore o thatafalelwe ke go dumela mo Modimong?

Nnyaa. Fa ke ne ke simolola go dumela mo Modimong, ke ne ke ntse ke ithutela saense kwa yunibesithing ka dingwaga di le tharo. Go tla go fitlha le gompieno, fa ke ntse ke ithuta mo go oketsegileng kafa ditshedi di dirilweng ka gone, ke tlhatswega pelo le go feta gore go na le Mmopi.

A o ka re naya sekai?

Ee. Ke ithutile kafa melemo le botlhole bo amang ditshedi ka teng. Sengwe sa dilo tse di tlhamilweng se se nkgatlhang ke kafa boboko jwa rona bo sireleditsweng ka teng mo dilong tse di kotsi le mo dibakaterieng. Go na le sengwe se se thibelang madi a rona gore a se ka a kopana le disele tsa boboko.

Ke eng se se kgatlhang ka seo?

Dingwaga di feta lekgolo tse di fetileng, babatlisisi ba ne ba lemoga gore dilo tse di tsenang mo mading a rona di tsena gongwe le gongwe mo mmeleng—kwantle ga mo bobokong le mo monyetsaneng. Ntlha eo e a nkgakgamatsa ka gonne ditshika tse dinnyennye di isa madi kwa seleng nngwe le nngwe ya boboko. Madi a phepafatsa disele tsotlhe tsa boboko e bile a di tlamela ka dijo le okosejene. Ka jalo, go tla jang gore madi a rona a se ka a tsena mo diseleng tsa boboko? Go fetile dingwaga di le dintsi go sa itsiwe.

Madi a thibelwa jang gore a se ka a tsena mo diseleng tsa boboko?

Ditshika tse dinnyennye tsa madi tse di ka bonwang fela ka maekorosekopo ga di tshwane le ditšhupu tsa polasetiki tse di dirang gore se se mo teng se se ka sa kopana le se se kwa ntle. Ditshika tsa madi di dirilwe ka disele. Disele tseno di letla diedi le ditshedi tse dinnyennye tse di bonwang fela ka maekorosekopo go feta mo go tsone le fa gare ga tsone. Le fa go ntse jalo, disele tse ditshika tsa madi tse di mo bobokong jwa rona di dirilweng ka tsone ga di a nna jalo. Tsone di kitlane thata. Disele tseno le tsela e di kitlaneng ka yone di jesa kgakge. Dithulaganyo tse dintsi tse di raraaneng di tlhomamisa gore dilo dingwe—tse di jaaka okosejene, khabonetaeokosaete le glucose—di feta fa gare ga madi le boboko ka tsela e e rulagantsweng. Mme dilo tse dingwe tse dikgolo, diporoteine le disele tsone ga di tsene. Ka jalo, thulaganyo e e thibelang madi gore a se ka a tsena mo diseleng tsa boboko e bereka le mo dimolekhuleng go tlhagisa dithibedi tsa dilo tsa mmatota, tsa dikhemikale le tsa thulaganyo e e jaaka motlakase. Kafa ke bonang ka teng, tsela eno e dilo di dirilweng ka yone e ka se ka ya bo e itiragaletse fela.