Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE

A o Laola Botshelo Jwa Gago?

A o Laola Botshelo Jwa Gago?

FA O ne o le monnye, o ne o batla go dira eng fa o gola? Gongwe o ne o batla go tsena mo lenyalong, go tokafatsa bokgoni bongwe kgotsa go nna le tiro e e itumedisang. Mme gantsi dilo ga di direge ka tsela e re e batlang. Maemo mangwe a a sa lebelelwang a ka fetola se o neng o ikaeletse go se dira. Seo se ne sa diragalela Anja, Delina le Gregory.

  • Anja wa kwa Jeremane, o ne a tshwarwa ke kankere a na le dingwaga tse 21 e bile o nna fela a le mo ntlong.

  • Delina wa mo United States, o tshwerwe ke mofuta mongwe wa bolwetse jo bo golafatsang mesifa o o bidiwang dystonia. Mo godimo ga moo, o tlhokomela bomonnawe ba le bararo ba ba golafetseng.

  • Gregory wa kwa Canada o na le bolwetse jwa go tlhobaela ka tsela e e feteletseng.

Le fa Anja, Delina le Gregory ba lebana le maemo a a thata, ba kgonne go laola matshelo a bone. Ba dirile seo jang?

Seane sa Baebele sa re: “A o itshupile o kgobegile marapo mo letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela.” (Diane 24:10) Se temana eno e se kayang se a utlwala: Tsela e o lebang dilo ka yone e botlhokwa thata. Fa o tshwenyega thata ka maemo a o lebanang le one, o ka se kgone go dira ditshwetso tse di molemo. Mme fa o leba dilo sentle go tla nna motlhofo gore o dire ditshwetso tse di siameng le go itumela mo maemong ao.

Bona kafa seno se neng sa thusa Anja, Delina le Gregory ka gone.