Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BAEBELE YA RENG?

Tiro

Tiro

Le fa Baebele e le buka ya bogologolo, melaometheo ya yone ga e felelwe ke nako. Se e se buang ka tiro se botlhokwa gompieno jaaka fa e ne e kwalwa.

O tshwanetse go leba tiro jang?

SE BANGWE BA SE BUANG

Gore o atlege o tshwanetse go dira ka botswapelo. Seo se dirile gore bangwe ba tsene ka tlhogo mo tirong mme ba tlhokomologe lelapa le botsogo jwa bone.

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele ya re re tshwanetse go leba tiro sentle. E re kgothaletsa go dira ka natla e bile e kgala botshwakga. (Diane 6:6-11; 13:4) Le fa go ntse jalo, ga e kgothaletse batho go berekela ruri. Go na le moo, e re kgothaletsa go nna le nako ya go tlhaba kgobe ka mmutlwa. Moreri 4:6 ya re: “Boikhutso jo bo tletseng seatla bo botoka go na le tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi le go kgaratlhela phefo.” Ka jalo, ga re a tshwanela go berekela ruri re bo re tlhokomologa ba malapa le botsogo jwa rona. Ga re a tshwanela go itapisa ka tiro!

“Ka ga motho ga go na sepe se se botoka fa e se gore a je mme eleruri a nwe le go dira gore moya wa gagwe o bone molemo ka ntlha ya tiro ya gagwe ya bonatla.”Moreri 2:24.

A go botlhokwa gore o dira tiro efe?

SE BANGWE BA SE BUANG

Fa tiro e duela madi a mantsi, e siame. Kgopolo eno le serai sa go dira madi ka bonako di dirile gore batho bangwe ba tsene mo dikgwebong tse di sa siamang kgotsa ba dire tiro e e seng ka fa molaong.

Bangwe ga ba batle go dira ditiro tse ba sa di rateng. Fa ba dira tiro e ba sa e rateng kgotsa e sa dire gore ba nne ba le matlhagatlhaga, ba re e a lapisa. Seo se dira gore ba se ka ba leba tiro sentle le gore ba se ka ba ntsha ga tshwene. Ba ka nna ba gana ditiro tse dingwe ka gonne ba akanya gore di tla ba diga seriti.

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele e kgala ditiro tsotlhe tsa bonweenwee kgotsa tse di ka utlwisang batho ba bangwe botlhoko. (Lefitiko 19:11, 13; Baroma 13:10) Tiro e e molemo e solegela ba bangwe molemo e bile e thusa modiri go ‘nna le segakolodi se se siameng.’—1 Petere 3:16.

Gape Baebele e ruta gore tiro e dira gore motho a kgotsofale a bo a kgone go itlamela le go tlamela ba lelapa la gagwe. Le fa go se phoso go dira ka natla, tiro ga e a tshwanela go nna selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa gago.

“Papa o nna a le makgabe a dipapetla. O a bereka, gape o na le maikarabelo mo phuthegong ya rona ya Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, o dira ka botswerere. O dira ditiro tse a tshwanetseng go di dira e bile o beela nako e nngwe kwa thoko go e fetsa le nna, nkgonne le mama. Papa o nna a tshwaregile mme o tekatekano.”—Alannah.

Ke boammaaruri gore go tlhatloga ga ditlhwatlhwa go ka dira gore re tshwenyege ka gore re tla duelela ditshenyegelo tsa rona jang mme Baebele e re kgothaletsa go nna tekatekano. Ya re: “E re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.” (1 Timotheo 6:8) Mafoko ano ga a reye gore re tshwanetse go tshela botshelo jwa boitlami. Mo godimo ga moo, ga re a tshwanela go batla dithoto tse dintsi le dilo tse re ka se kgoneng go di duelela.—Luke 12:15.

SEO SE KAYANG MO GO WENA?

Dira ka natla o bo o rate tiro ya gago. Le fa tiro e o e dirang e le ya maemo a a kwa tlase kgotsa e se e o neng o batla go e dira, leka go oketsa bokgoni jwa gago mo go yone. Fa o dira ka natla, o fitlhelela go le gontsi e bile fa o tokafatsa bokgoni jwa gago o itumelela tiro le go feta.

Nna tekatekano. Gangwe le gape ikhutse o bo o itapolose. Seno ke sengwe se o ka se itumelelang fa o sena go dira ka natla. Gape, fa o kgona go itlamela ka dilo tse o di tlhokang, o ikutlwa o le motho wa botlhokwa e bile o tlotlwa ke batho ba bangwe—go akaretsa ba lelapa la gago.—2 Bathesalonika 3:12.

“Jalo lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela mme lwa re, ‘Re tla ja eng?’ kgotsa, ‘Re tla nwa eng?’ kgotsa, ‘Re tla apara eng?’ . . . Rraalona wa selegodimo o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe.”Mathaio 6:31, 32.