Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GO THUSA LELAPA | BASHA

Tsela ya go Laola Bogale

Tsela ya go Laola Bogale

KGWETLHO

“Ke ne ka goa nkgonne ka bo ka thubaganya kgoro mo tshitswana e e mo morago ga yone e neng ya phunya lobota. Phatlha eo e ne e nna e nkgopotsa gore ke ile ka dira dilo tsa bongwana.” —Diane. *

“Ke ne ka goa ka re, ‘O rre yo o bosula!’ ke bo ke itaaganya kgoro. Mme pele e itaagana, ke ne ka bona gore Papa o utlwile botlhoko mme ka yone nako eo ka eletsa e kete nkabo ke sa bua.”—Lauren.

A o kile wa diragalelwa ke se se diragaletseng Lauren le Diane? Fa go le jalo, setlhogo seno se ka go thusa.

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Go phatloga ka bogale go ka go senya leina. Briana wa dingwaga di le 21 a re: “Ke ne ke ipolelela gore batho ba tshwanetse go tlhaloganya gore ke bogale. Mme ke ne ka lemoga gore fa batho ba sa laole bogale ba lebega ba se botlhale ka jalo seo sa dira gore ke lemoge gore—le nna batho ba nteba jalo!”

Baebele ya re: “Yo o bonako go galefa o tla dira boeleele.”—Diane 14:17.

Batho ba a tshaba fa go na le lekgwamolelo; ka tsela e e tshwanang, ba tla katoga motho yo o phatlogang ka bogale

Bogale bo ka dira gore batho ba go katoge. Daniel wa dingwaga di le 18 a re: “Fa o palelwa ke go laola bogale, batho le bone ba ka se go tlotle le go go tshwara ka seriti.” Elaine wa dingwaga di le 18 o dumalana le seo. A re: “Go nna bogale ga go kgatlhe. Go dira gore batho ba go tshabe.”

Baebele ya re: “O se ka wa nna molekane le ope yo o tlwaetseng go nna bogale; mme o se ka wa ikopanya le motho yo o shakgalang thata.”—Diane 22:24.

O ka kgona go tokafatsa. Sara wa dingwaga di le 15 a re: “Ga se ka metlha o ka kgonang go laola tsela e boemo bongwe bo dirang gore o ikutlwe ka yone, mme o ka kgona go laola kafa o bontshang ka gone gore o ikutlwa jang ka jone. Ga o tlhoke go galefa.”

Baebele ya re: “Yo o bonya go galefa o botoka go gaisa monna yo o thata, mme yo o laolang moya wa gagwe o botoka go gaisa yo o thopang motse.”—Diane 16:32.

SE O KA SE DIRANG

Ipeele mokgele. Go na le go re, “Ke tsela e ke leng ka yone,” leka go tokafatsa mo lobakeng lo lo rileng lwa nako—gongwe mo dikgweding di le thataro. Mo nakong eo, leka go bona gore o tokafatsa go le kana kang. Nako le nako fa o galefa, kwala (1) se se diregileng, (2) kafa o tsibogileng ka gone le (3) kafa o ka bong o tsibogile botoka ka gone—le lebaka la seo. Go tswa foo, ipeele mokgele wa go tsiboga botoka mo nakong e e tlang fa o rumotswe. Kakantsho: Kwala le tsela e e botoka e o tsibogang ka yone! Kwala tsela e e molemo e o ikutlwang ka yone fa o sena go bontsha boikgapo.—Molaomotheo wa Baebele: Bakolosa 3:8.

Se itlhaganelele go tsiboga ka bogale. Fa sengwe kgotsa mongwe a go galefisa, o se ka wa bua se se tlang pele mo mogopolong ka nako eo. Go na le moo, ema go se kae. Goga moya fa go tlhokega. Erik wa dingwaga di le 15 a re: “Fa ke goga moya ke nna le nako ya go akanya pele ke dira kgotsa ke bua se ke tla se ikwatlhaelang.”—Molaomotheo wa Baebele: Diane 21:23.

Leba matlhakore otlhe a kgang. Ka dinako dingwe o ka galefa ka gonne o leba letlhakore le le lengwe fela la kgang—karolo e e go amang. Leka go akanya gore ba bangwe ba ikutlwa jang. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Jessica la re: “Tota le fa batho ba mpifela, gantsi go reetsa gore ba ikutlwa jang go nthusa go ba tlhaloganya.”—Molaomotheo wa Baebele: Diane 19:11.

Fa go tlhokega, itsamaele. Baebele ya re: “Pele ga komano e tsoga, tswa o tsamaye.” (Diane 17:14) Fela jaaka temana eo e bontsha, ka dinako dingwe go botoka go tswa mo boemong jo bo galefisang. Go na le go nnela go akanya ka boemo joo le go itetla go galefa thata, dira dilo dingwe. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Danielle la re: “Fa ke ikatisa, go gatelelwa mo maikutlong go a fokotsega e bile go dira gore ke se ka ka galefa thata.”

O se ka wa tshwara sekgopi. Baebele ya re: “Fuduegang, mme lo se ka lwa leofa. Buelang mo pelong ya lona, . . . mme lo didimale.” (Pesalema 4:4) Ela tlhoko gore ga go phoso go fuduega. Potso ke gore, Go tla diregang morago ga foo? Lekawana lengwe le le bidiwang Richard la re: “Fa o letla batho ba bangwe gore ba go kgopise, o dira gore ba go laole. Goreng o sa leke go leba dilo ka tsela e e siameng?” Fa o dira jalo, o tla bo o laola bogale go na le gore bo go laole.

^ ser. 4 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.