Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ga ke Tlhome Mogopolo mo Bolwetseng Jwa Me”

“Ga ke Tlhome Mogopolo mo Bolwetseng Jwa Me”

“Ke ne ke tlhoka go thusiwa go palama le go fologa mo bolaong. Fa ke tsamaya, ke ne ke utlwa botlhoko. Mometso wa me o ne wa tswalega mo ke neng ke sa kgone go kometsa dipilisi. Ka simolola go nna le dintho tse di sa foleng mme tsa keka. Ke ne ka tswa ditlhagala mo mpeng ka bo ka nna le lesokolela. Ke ne ke sa itse gore go diregang. Ke ne ke le dingwaga di le lesome fela.”—Elisa.

Le fa Elisa a lwala o itumelela go ruta batho ba bangwe Baebele

SCLERODERMA—mo go kayang “letlalo le le thata”—ke lefoko le le dirisiwang go tlhalosa bolwetse jo bo tshwarang batho ba le dimilione di ka nna 2,5 mo lefatsheng lotlhe. Mofuta mongwe wa bolwetse jono o o tshwarang bana o bidiwa scleroderma se se tlwaelegileng, mme gantsi bo dira gore dithishu tsa letlalo di nne thata.

Le fa go ntse jalo, fa Elisa a na le dingwaga di le lesome o ne a tshwarwa ke scleroderma se se etegetseng—bolwetse jo bo sa ameng letlalo fela mme bo ama le go dira ga dirwe dingwe tse di akaretsang diphilo, pelo, makgwafo le mala. Dingaka di ne tsa re kalafi e Elisa a neng a tla e newa e ne e tla dira gore a tshele dingwaga di le tlhano fela. Gone jaanong dingwaga di le 14 moragonyana, Elisa o sa ntse a tshela. Le fa gone a sa fola, o leba botshelo ka tsela e e siameng. Tsogang! e ne ya bua le Elisa ka bolwetse jwa gagwe le gore o dira jang gore a bo itshokele.

O lemogile leng gore o a lwala?

Fa ke na le dingwaga di le robongwe, ke ne ka gobala mo sekgonong mme go ne go le botlhoko thata. Ntho e ne e keka mme e sa fole. Diteko tsa madi di ne tsa bontsha gore ke na le scleroderma se se etegetseng. E re ka botsogo jwa me bo ne bo nna bo koafala ka bonako, re ne re tshwanetse go bona ngaka e e alafang scleroderma.

A lo ne lwa e bona?

Re ne ra bona ngaka ya marapo. E ne ya bolelela batsadi ba me gore kalafi e go dirisiwang dikhemikale mo go yone e tla fokotsa scleroderma e bo e dira gore ke tshele dingwaga di le tlhano le gore bolwetse jwa me bo se ka jwa anama ka bonako. Bothata ke gore kalafi eno e ne e tla koafatsa masole a me a mmele. Tota le go tshwarwa ke sehuba go ne go ka mpakela bothata.

A o ne wa nna botoka?

Ee—ke leboga gore ke sa ntse ke tshela! Mme gone, fa ke na le dingwaga di le 12 ke ne ka simolola go nna le ditlhabi tse di botlhoko mo sehubeng tse di neng di tsaya metsotso e le 30, gantsi di ntshwara gabedi ka letsatsi. Di ne di le botlhoko thata mo di neng di dira gore ke goe.

Di ne di bakwa ke eng?

Dingaka di ne tsa lemoga gore selekanyo sa hemoglobin ya me se ne se le kwa tlase thata mo pelo ya me e neng e bereka thata go pompela madi kwa bobokong. Mo dibekeng di le mmalwa, kalafi e ne ya fokotsa ditlhabi. Mme go simolola ka nako eo, ke ne ka ipolelela gore go ka direga sengwe le sengwe. Ke ne ke le bokoa e bile ke sa kgone go dira sepe ka se se ntiragalelang.

E setse e le dingwaga di le 14 o tshela ka bolwetse jono. Gone jaanong o ikutlwa jang?

Ke sa ntse ke tshela ka ditlhabi e bile ke na le malwetse a mangwe a a amanang le scleroderma. A akaretsa ditlhagala, go ruruga makgwafo le lesokolela le le botlhoko. Le fa go ntse jalo, ga ke nnele go akanya ka bolwetse jwa me kgotsa go fetsa nako ke hutsafetse. Go na le dilo tse ke di dirang.

Dilo dife?

Ke rata go torowa, go dira diaparo le dibenyane. Sa botlhokwa le go feta ke gore, e re ka ke le Mosupi wa ga Jehofa, ke dira tiro ya go ruta batho Baebele. Le fa ke sa kgone go ya kwa matlong a batho, ke thusa Basupi ba bangwe go tshwara dithuto tsa Baebele le batho ba ba nnang mo lefelong la rona. Le nna ke ne ke na le dithuto. Bodiredi bo dira gore botshelo jwa me bo nne le bokao.

Goreng o dira tiro eno o ntse o na le mathata a gago?

Ke a itse gore tshedimosetso e ke e bolelelang batho e botlhokwa e bile e solegela molemo. Kwantle ga foo, ke a itumela fa ke thusa batho ba bangwe ka tsela eno. E bile ke nna le botsogo jo bo botoka! Ka nakonyana eo ke lebala le gore ke a lwala.

Baebele e go thusa jang gore o lebe dilo sentle?

E nkgopotsa gore bolwetse jwa me le malwetse a a tshwereng batho ba bangwe ke a nakwana. Tshenolo 21:4 ya re ka nako e Modimo a e tlhomileng “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” Go akanya ka ditemana tseno go dira gore ke dumele se Modimo a tla se direlang batho mo isagweng—e seng ba ba tshwerweng ke malwetse a a sa foleng fela mme batho botlhe.