Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Buka ya Jeremia

Dikgaolo

Lenaane la Diteng

  • 1

    • Jeremia o tlhomiwa go nna moporofeti (1-10)

    • Ponatshegelo ya setlhare sa thamane (11, 12)

    • Ponatshegelo ya pitsa (13-16)

    • Jeremia o a nonotshiwa gore a kgone go dira se a se laetsweng (17-19)

  • 2

    • Iseraele e tlogela Jehofa mme e direla medimo e mengwe (1-37)

      • Iseraele e tshwana le morara o sele (21)

      • Diaparo tsa gagwe di tladikilwe ke madi (34)

  • 3

    • Botlhanogi jo bo feteletseng jwa Iseraele (1-5)

    • Iseraele le Juda ke diaka (6-11)

    • Ba kopiwa gore ba ikwatlhaye (12-25)

  • 4

    • Go ikwatlhaya go tla dira gore ba segofadiwe (1-4)

    • Masetlapelo a tla a tswa kwa bokone (5-18)

    • Jeremia o utlwisiwa botlhoko ke masetlapelo a a tla tlang (19-31)

  • 5

    • Batho ba gana go reetsa fa Jehofa a ba otlhaya (1-13)

    • Ba a senngwa mme ga ba fedisiwe gotlhelele (14-19)

    • Jehofa o bona batho molato (20-31)

  • 6

    • Jerusalema e tloga e dikaganyediwa (1-9)

    • Jehofa o galefela Jerusalema (10-21)

      • Ba re “Go na le kagiso!” mme go se na kagiso (14)

    • Setšhaba se se tswang kwa bokone se ba tlhasela setlhogo (22-26)

    • Jeremia o nna motho yo o itshekisang tshipi (27-30)

  • 7

    • Ba ikanya tempele ya ga Jehofa ka tsela e e sa siamang (1-11)

    • Tempele e tla tshwana le Shilo (12-15)

    • Modimo o gana kobamelo ya maaka (16-34)

      • Ba obamela “Kgosigadi ya Legodimo” (18)

      • Ba ntsha bana ditlhabelo kwa Hinoma (31)

  • 8

    • Batho ba boela mo ditseleng tse bontsi bo tsamayang mo go tsone (1-7)

    • Go na le botlhale bofe kwantle ga lefoko la ga Jehofa? (8-17)

    • Jeremia o hutsafalela go bo Juda e phutlhame (18-22)

      • “A ga go na balema mo Gileade?” (22)

  • 9

    • Jeremia o hutsafetse thata (1-3a)

    • Jehofa o bona batho ba Juda molato (3b-16)

    • Ba hutsafalela Juda (17-22)

    • Ikgantshe ka go itse Jehofa (23-26)

  • 10

    • Medimo ya ditšhaba e bapisiwa le Modimo yo o tshelang (1-16)

    • Ba tloga ba senngwa ba bo ba isiwa botshwarwa (17, 18)

    • Jeremia o a hutsafala (19-22)

    • Thapelo ya ga Moporofeti Jeremia (23-25)

      • Motho ga a kgone go kaela botshelo jwa gagwe (23)

  • 11

    • Juda e tlogela kgolagano e e e dirileng le Modimo (1-17)

      • Medimo e mentsi jaaka metse (13)

    • Jeremia o tshwantshiwa le kwana e e isiwang tlhabong (18-20)

    • Batho ba gaabo Jeremia ba a mo ganetsa (21-23)

  • 12

    • Jeremia o a ngongorega (1-4)

    • Jehofa o a araba (5-17)

  • 13

    • Lebanta la letsela le le boleta le a senyega (1-11)

    • Dinkgo tsa beine di a thubaganngwa (12-14)

    • Bajuda ba ba sa reetseng ba tla isiwa botshwarwa (15-27)

      • “A Mokushe a ka fetola letlalo la gagwe?” (23)

  • 14

    • Komelelo, leuba le tšhaka (1-12)

    • Baporofeti ba ba porofetang maaka ba a kgalwa (13-18)

    • Jeremia o bolela maleo a batho (19-22)

  • 15

    • Jehofa ga a kitla a fetola katlholo ya gagwe (1-9)

    • Jeremia o a ngongorega (10)

    • Jehofa o a araba (11-14)

    • Thapelo ya ga Jeremia (15-18)

      • O itumelela go ja mafoko a Modimo (16)

    • Jehofa o nonotsha Jeremia (19-21)

  • 16

    • Jeremia ga a tshwanela go nyala, go hutsafala kgotsa go ya moketeng (1-9)

    • Kotlhao, go tswa foo lefatshe le a baakanngwa (10-21)

  • 17

    • Boleo jwa Juda bo kwadilwe ka pene e e gabang (1-4)

    • Jehofa o segofatsa ba ba mo ikanyang (5-8)

    • Pelo e boferefere (9-11)

    • Jehofa ke tsholofelo ya Iseraele (12, 13)

    • Thapelo ya ga Jeremia (14-18)

    • Bolokang Sabata e le boitshepo (19-27)

  • 18

    • Letsopa mo diatleng tsa mmopi wa letsopa (1-12)

    • Jehofa o fularela Iseraele (13-17)

    • Jeremia o logelwa leano; o a rapela (18-23)

  • 19

    • Jeremia o laelwa gore a thubaganye nkgwana ya letsopa (1-15)

      • Baale o ntshediwa ditlhabelo ka bana (5)

  • 20

    • Pashure o itaya Jeremia (1-6)

    • Jeremia ga a kgone go tlogela go rera (7-13)

      • Molaetsa wa Modimo o tshwana le molelo o o tukang (9)

      • Jehofa ke motlhabani yo o maatla (11)

    • Jeremia o a ngongorega (14-18)

  • 21

    • Jehofa ga a neye Sedekia se a se batlang (1-7)

    • Batho ba tshwanetse go tlhopha botshelo kgotsa loso (8-14)

  • 22

    • Melaetsa ya katlholo e e tla tlelang dikgosi tse di bosula (1-30)

      • Molaetsa o o ka ga Shalume (10-12)

      • Molaetsa o o ka ga Jehoiakime (13-23)

      • Molaetsa o o ka ga Konia (24-30)

  • 23

    • Badisa ba ba siameng le ba ba sa siamang (1-4)

    • Go tla nna le polokesego fa go busa “letlhogela le le siameng” (5-8)

    • Baporofeti ba maaka ba a kgalwa (9-32)

    • “Morwalo” wa ga Jehofa (33-40)

  • 24

    • Difeige tse di siameng le tse di sa siamang (1-10)

  • 25

    • Jehofa o ganetsana le ditšhaba (1-38)

      • Ditšhaba di tla direla Babelona dingwaga di le 70 (11)

      • Senwelo sa beine ya bogale jwa Modimo (15)

      • Masetlapelo a tswa mo setšhabeng se sengwe a ya kwa go se sengwe (32)

      • Ba Jehofa a ba bolaileng (33)

  • 26

    • Ba batla go bolaya Jeremia (1-15)

    • Jeremia ga a bolawe (16-19)

      • Mafoko a ga moporofeti Mika a a nopolwa (18)

    • Moporofeti Urija (20-24)

  • 27

    • Jokwe ya Babelona (1-11)

    • Sedekia o laelwa gore a ikobele Babelona (12-22)

  • 28

    • Jeremia o ganetsana le Hanania, moporofeti wa maaka (1-17)

  • 29

    • Lekwalo la ga Jeremia le le yang kwa batshwarweng ba Babelona (1-23)

      • Baiseraele ba tla boa morago ga dingwaga di le 70 (10)

    • Molaetsa o o yang kwa go Shemaia (24-32)

  • 30

    • Ba solofediwa gore ba tla boela kwa lefatsheng la bone ba bo ba fodisiwa (1-24)

  • 31

    • Masalela a Iseraele a tla aga kwa nageng ya one gape (1-30)

      • Ragele o lelela bomorwawe (15)

    • Kgolagano e ntšha (31-40)

  • 32

    • Jeremia o reka tshimo (1-15)

    • Thapelo ya ga Jeremia (16-25)

    • Jehofa o a araba (26-44)

  • 33

    • Naga e tla tsosolosiwa (1-13)

    • Go tla nna le polokesego fa go busa “letlhogela le le siameng” (14-16)

    • Kgolagano le Dafide le baperesiti (17-26)

      • Kgolagano e e malebana le motshegare le bosigo (20)

  • 34

    • Sedekia o bolelelwa molaetsa wa katlholo (1-7)

    • Ga ba ikobele kgolagano ya go golola makgoba (8-22)

  • 35

    • Barekabe ba tlhoma sekao se se molemo sa go ikoba (1-19)

  • 36

    • Jeremia o bua se se tshwanetseng go kwalwa mo momenong (1-7)

    • Baruke o balela momeno kwa godimo (8-19)

    • Jehoiakime o fisa momeno (20-26)

    • Molaetsa o kwalwa gape mo momenong o mosha (27-32)

  • 37

    • Bakaladia ba tlogela go tlhasela ka nakwana (1-10)

    • Jeremia o a tshwarwa (11-16)

    • Sedekia o kopana le Jeremia (17-21)

      • Jeremia o newa senkgwe (21)

  • 38

    • Jeremia o latlhelwa mo khuting ya go bolokela metsi (1-6)

    • Ebede-meleke o boloka Jeremia (7-13)

    • Jeremia o rotloetsa Sedekia gore a ineele (14-28)

  • 39

    • Jerusalema e a tlhaselwa (1-10)

      • Sedekia o a sia a bo a tshwarwa (4-7)

    • Jeremia o a sirelediwa (11-14)

    • Ebede-meleke o tla bolokwa (15-18)

  • 40

    • Nebusaradane o golola Jeremia (1-6)

    • Gedalia o tlhomiwa gore a okamele lefatshe (7-12)

    • Gedalia o logelwa leano (13-16)

  • 41

    • Ishemaele o bolaya Gedalia (1-10)

    • Johanane o dira gore Ishemaele a tshabe (11-18)

  • 42

    • Batho ba kopa Jeremia gore a ba rapelele ba kgone go kaelwa (1-6)

    • Jehofa o araba ka go re: “Lo se ka lwa ya kwa Egepeto” (7-22)

  • 43

    • Batho ga ba reetse ba bo ba ya kwa Egepeto (1-7)

    • Se Jehofa a se bolelelang Jeremia kwa Egepeto (8-13)

  • 44

    • Boporofeti jwa gore Bajuda ba ba kwa Egepeto ba tla welwa ke masetlapelo (1-14)

    • Batho ga ba reetse fa Modimo a ba tlhagisa (15-30)

      • Ba obamela “Kgosigadi ya Legodimo” (17-19)

  • 45

    • Molaetsa wa ga Jehofa o o yang kwa go Baruke (1-5)

  • 46

    • Boporofeti ka se se tla diragalelang Egepeto (1-26)

      • Nebukadenesare o tla fenya Egepeto (13, 26)

    • Dilo tse Iseraele e di solofediwang (27, 28)

  • 47

    • Boporofeti ka se se tla diragalelang Bafilisitia (1-7)

  • 48

    • Boporofeti ka se se tla diragalelang Moabe (1-47)

  • 49

    • Boporofeti ka se se tla diragalelang Amone (1-6)

    • Boporofeti ka se se tla diragalelang Edoma (7-22)

      • Setšhaba sa Edoma ga se sa tlhole se le gone (17, 18)

    • Boporofeti ka se se tla diragalelang Damaseko (23-27)

    • Boporofeti ka se se tla diragalelang Kedare le Hasore (28-33)

    • Boporofeti ka se se tla diragalelang Elama (34-39)

  • 50

    • Boporofeti ka se se tla diragalelang Babelona (1-46)

      • Tswang mo Babelona (8)

      • Iseraele o tla busediwa kwa nageng ya gagwe (17-19)

      • Metsi a Babelona a tla kgala (38)

      • Babelona ga a kitla a nniwa (39, 40)

  • 51

    • Boporofeti ka se se tla diragalelang Babelona (1-64)

      • Bameda ba tla tlhasela Babelona ka tshoganyetso (8-12)

      • Buka e latlhelwa mo Euferatese (59-64)

  • 52

    • Sedekia o tlhanogela Babelona (1-3)

    • Nebukadenesare o kampa go dikologa Jerusalema (4-11)

    • Motse le tempele di a senngwa (12-23)

    • Batho ba isiwa botshwarwa kwa Babelona (24-30)

    • Jehoiakine o gololwa kwa kgolegelong (31-34)