Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Buka ya Esekiele

Dikgaolo

Lenaane la Diteng

  • 1

    • Esekiele a le kwa Babelona o bona diponatshegelo tsa Modimo (1-3)

    • Ponatshegelo ya kara ya ga Jehofa ya kwa legodimong (4-28)

      • Setsuatsue, leru le molelo (4)

      • Ditshedi tse nnê (5-14)

      • Maotwana a manê (15-21)

      • Loapi lo lo tsabakelang jaaka dikgapetla tsa metsi (22-24)

      • Setulo sa bogosi sa ga Jehofa (25-28)

  • 2

    • Esekiele o romiwa gore a ye go porofeta (1-10)

      • “Le fa ba ka reetsa kgotsa ba gana go reetsa” (5)

      • O bontshiwa memeno ya dipina tsa khutsafalo (9, 10)

  • 3

    • Esekiele o laelwa gore a je memeno e a e neilweng ke Modimo (1-15)

    • Esekiele o nna molebeledi (16-27)

      • Go sa reetse go felela ka loso (18-21)

  • 4

    • Go bontshiwa gore Jerusalema e tlile go dikaganyediwa (1-17)

      • Molato o rwalwa malatsi a le 390 le malatsi a le 40 (4-7)

  • 5

    • Go bontshiwa tsela e Jerusalema e tlileng go tlhaselwa ka yone (1-17)

      • Moporofeti o beola moriri ka dikarolwana tse tharo (1-4)

      • Jerusalema o bosula go feta ditšhaba tse dingwe (7-9)

      • Batlhanogi ba bolawa ka ditsela tse tharo (12)

  • 6

    • Molaetsa wa se se tla diragalelang dithaba tsa Iseraele (1-14)

      • Medingwana e e ferosang sebete e a tlontlololwa (4-6)

      • “Lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa” (7)

  • 7

    • Bokhutlo bo gorogile (1-27)

      • Masetlapelo a a sa tshwaneng le ape (5)

      • Ba tla latlhela madi a bone mo mebileng (19)

      • Tempele e tla itshepololwa (22)

  • 8

    • Esekiele o isiwa kwa Jerusalema mo ponatshegelong (1-4)

    • O bona dilo tse di makgapha mo tempeleng (5-18)

      • Basadi ba lelela Tamuse (14)

      • Banna ba obamela letsatsi (16)

  • 9

    • Banna ba le barataro le monna yo o tshwereng lonaka lwa enke (1-11)

      • Katlholo e simolola mo lefelong le le boitshepo (6)

  • 10

    • Molelo o tsewa fa gare ga maotwana (1-8)

    • Ditšheruba le maotwana di a tlhalosiwa (9-17)

    • Kgalalelo ya Modimo e tswa mo tempeleng (18-22)

  • 11

    • Dikgosana tse di bosula di a kgalwa (1-13)

      • Motse o tshwantshiwa le pitsa (3-12)

    • Iseraele e tla boela kwa lefatsheng la yone (14-21)

      • Tsela e ba ‘akanyang ka yone e tla fetoga’ (19)

    • Kgalalelo ya Modimo e tswa mo Jerusalema (22, 23)

    • Esekiele o boela kwa Kaladia mo ponatshegelong (24, 25)

  • 12

    • Dilo tse di bontshang gore ba tla ya botshwarwa (1-20)

      • Morwalo o o baakanyeditsweng go ya botshwarwa (1-7)

      • Kgosana e tla tswa go le lefifi (8-16)

      • Senkgwe sa go tlhobaela, metsi a letshogo (17-20)

    • Mafoko a a tsietsang ga a boammaaruri (21-28)

      • “Ga go na lefoko lepe mo mafokong a me le le tla diegang” (28)

  • 13

    • Molaetsa wa se se tla diragalelang baporofeti ba maaka (1-16)

      • Dipota tsa kalaka di tla wa (10-12)

    • Molaetsa wa se se tla diragalelang baporofeti ba maaka ba basadi (17-23)

  • 14

    • Medingwana e a kgalwa (1-11)

    • Ruri Jerusalema e tla atlholwa! (12-23)

      • Noa, Daniele le Jobe ke banna ba ba siameng (14, 20)

  • 15

    • Jerusalema ke setlhare sa morara se se se nang mosola (1-8)

  • 16

    • Tsela e Modimo a ratang Jerusalema ka yone (1-63)

      • E fitlhetswe e le ngwana yo o latlhilweng (1-7)

      • Modimo o a e kgabisa a bo a dira kgolagano ya lenyalo le yone (8-14)

      • Ga e sa tlhole e ikanyega (15-34)

      • E otlhaiwa ka gonne e le seaka (35-43)

      • E tshwantshiwa le Samarea le Sodoma (44-58)

      • Modimo o gakologelwa kgolagano ya gagwe (59-63)

  • 17

    • Thamalakane ya bontsu ba babedi le setlhare sa morara (1-21)

    • Letlhogela le lennye le nna mosedara o mogolo thata (22-24)

  • 18

    • Mongwe le mongwe o ikarabelela ka maleo a gagwe (1-32)

      • Ope fela yo o leofang o tla swa (4)

      • Morwa ga a kitla a bonwa molato ka ntlha ya boleo jwa ga rraagwe (19, 20)

      • Modimo ga a itumedisiwe ke loso lwa motho yo o bosula (23)

      • Go ikwatlhaya go boloka botshelo (27, 28)

  • 19

    • Pina ya khutsafalo ya dikgosana tsa Iseraele (1-14)

  • 20

    • Kafa Iseraele e neng ya leofa ka gone (1-32)

    • Iseraele e solofediwa go boela kwa lefatsheng la yone (33-44)

    • Boporofeti ka se se tla diragalelang naga ya borwa (45-49)

  • 21

    • Tšhaka ya Modimo ya katlholo e tla tswa mo kgetsaneng ya yone (1-17)

    • Kgosi ya Babelona e tla tlhasela Jerusalema (18-24)

    • Kgosana e e bosula ya Iseraele e tla tlosiwa (25-27)

      • ‘Rola serwalo sa bogosi’ (26)

      • “Go fitlha yo o nang le tshwanelo ya semolao a goroga” (27)

    • Baamone ba tla tlelwa ke tšhaka (28-32)

  • 22

    • Jerusalema, motse o o nang le molato wa madi (1-16)

    • Iseraele ga e na mosola jaaka leswe la selefera (17-22)

    • Baeteledipele le batho ba Iseraele ba a kgalwa (23-31)

  • 23

    • Barwadi ba babedi ba ba sa ikanyegeng (1-49)

      • Ohola le Asiria (5-10)

      • Oholiba le Babelona le Egepeto (11-35)

      • Barwadi ba babedi ba a otlhaiwa (36-49)

  • 24

    • Jerusalema o tshwana le pitsa e e rusitseng (1-14)

    • Loso lwa mosadi wa ga Esekiele ke sesupo (15-27)

  • 25

    • Boporofeti ka se se tla diragalelang Amone (1-7)

    • Boporofeti ka se se tla diragalelang Moabe (8-11)

    • Boporofeti ka se se tla diragalelang Edoma (12-14)

    • Boporofeti ka se se tla diragalelang Filisitia (15-17)

  • 26

    • Boporofeti ka se se tla diragalelang Ture (1-21)

      • “Segotlo sa go anegela matlowa a a gogwang” (5, 14)

      • Maje le mmu di latlhelwa mo metsing (12)

  • 27

    • Pina ya khutsafalo e e opelelwang sekepe sa Ture se se nwelang (1-36)

  • 28

    • Boporofeti ka se se tla diragalelang kgosi ya Ture (1-10)

      • “Nna ke modimo” (2, 9)

    • Pina ya khutsafalo e e opelelwang kgosi ya Ture (11-19)

      • “O ne o le kwa Edene” (13)

      • “Tšheruba e e tloditsweng e e sireletsang” (14)

      • O ne wa “simolola go dira dilo tse di sa siamang” (15)

    • Boporofeti ka se se tla diragalelang Sidona (20-24)

    • Iseraele e busediwa kwa nageng ya yone (25, 26)

  • 29

    • Boporofeti ka se se tla diragalelang Faro (1-16)

    • Babelona e tla duelwa ka Egepeto (17-21)

  • 30

    • Boporofeti ka se se tla diragalelang Egepeto (1-19)

      • Boporofeti jwa gore Nebukadenesare o tla tlhaselwa (10)

    • Maatla a ga Faro a a fela (20-26)

  • 31

    • Egepeto, setlhare sa mosedara se se golelang kwa godimo se a wa (1-18)

  • 32

    • Pina ya khutsafalo ya ga Faro le Egepeto (1-16)

    • Egepeto e fitlhwa le ba ba sa rupang (17-32)

  • 33

    • Maikarabelo a molebeledi (1-20)

    • Pego ka go senngwa ga Jerusalema (21, 22)

    • Molaetsa o o yang kwa bathong ba ba nnang mo maropeng (23-29)

    • Batho ga ba reetse molaetsa (30-33)

      • Esekiele “o tshwana le pina ya lorato” (32)

      • “Moporofeti o ne a na le bone” (33)

  • 34

    • Badisa ba Iseraele ba bolelelwa molaetsa wa katlholo (1-10)

    • Jehofa o tlhokomela dinku tsa gagwe (11-31)

      • “Motlhanka wa me e bong Dafide” o tla di disa (23)

      • “Kgolagano ya kagiso” (25)

  • 35

    • Dithaba tsa Seire di a atlholwa (1-15)

  • 36

    • Dithaba tsa Iseraele di a atlholwa (1-15)

    • Iseraele e boela kwa nageng ya yone (16-38)

      • ‘Ke tla dira gore batho ba bone gore leina la me le boitshepo’ (23)

      • “E tshwana le tshingwana ya Edene” (35)

  • 37

    • Ponatshegelo ya mokgatšha wa marapo a a omeletseng (1-14)

    • Dithobane tse pedi di a kopanngwa (15-28)

      • Setšhaba se le sengwe se busiwa ke kgosi e le nngwe (22)

      • Kgolagano ya kagiso e tla nnela ruri (26)

  • 38

    • Gogo o tlhasela Iseraele (1-16)

    • Jehofa o galefela Gogo (17-23)

      • ‘Ditšhaba di tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa’ (23)

  • 39

    • Gogo le masole a gagwe ba a senngwa (1-10)

    • Lebitla kwa Mokgatšheng wa Hamone-Gogo (11-20)

    • Iseraele e boela kwa nageng ya yone (21-29)

      • Moya wa Modimo o tshololelwa mo Iseraele (29)

  • 40

    • Esekiele o isiwa kwa Iseraele mo ponatshegelong (1, 2)

    • Esekiele o bona tempele mo ponatshegelong (3, 4)

    • Malwapa le dikgoro (5-47)

      • Kgoro e e kwa ntle ka fa botlhaba (6-16)

      • Lolwapa lo lo kwa ntle; dikgoro tse dingwe (17-26)

      • Lolwapa lo lo ka fa teng le dikgoro (27-37)

      • Diphaposi tse go dirwang ditiro tsa tempele mo go tsone (38-46)

      • Sebeso (47)

    • Mathudi a tempele (48, 49)

  • 41

    • Phaposi e e boitshepo ya tempele (1-4)

    • Lobota le matlwana a a mo matlhakoreng (5-11)

    • Kago e e ka fa bophirima (12)

    • Dikago di a lekanngwa (13-15a)

    • Karolo e e ka fa teng ya phaposi e e boitshepo (15b-26)

  • 42

    • Dikago tsa diphaposi tsa bojelo (1-14)

    • Matlhakore a tempele a manê a a lekanngwa (15-20)

  • 43

    • Kgalalelo ya ga Jehofa e tlala mo tempeleng (1-12)

    • Sebeso (13-27)

  • 44

    • Kgoro e e ka fa botlhaba e tshwanetse go nna e tswetswe (1-3)

    • Melao e e amanang le batswakwa (4-9)

    • Melao e e ka ga Balefi le baperesiti (10-31)

  • 45

    • Moneelo o o boitshepo le motse (1-6)

    • Karolo e e abetsweng kgosana (7, 8)

    • Dikgosana di tshwanetse go ikanyega (9-12)

    • Meneelo ya batho le ya kgosana (13-25)

  • 46

    • Ditlhabelo mo malatsing a mangwe (1-15)

    • Boswa jwa naga ya kgosana (16-18)

    • Mafelo a go bedisediwang ditlhabelo mo go one (19-24)

  • 47

    • Molatswana o o elelang go tswa kwa tempeleng (1-12)

      • Metsi a nna a oketsega (2-5)

      • Metsi a lewatle a tla nna monate (8-10)

      • Mafelo a a seretse ga a kitla a fetoga (11)

      • Ditlhare tsa dijo le tsa go fodisa (12)

    • Melelwane ya naga (13-23)

  • 48

    • Lefatshe le a kgaoganngwa (1-29)

    • Dikgoro tse 12 tsa motse (30-35)

      • Motse o o bidiwang “Jehofa o Gone Koo” (35)