Ekesodo 6:1-30

  • Tsholofetso ya gore ba tla gololwa e a boelediwa (1-13)

    • Leina la ga Jehofa ga le ise le itsiwe ka botlalo (2, 3)

  • Tatelano ya losika lwa ga Moshe le Arone (14-27)

  • Moshe o tshwanetse go ya kwa go Faro gape (28-30)

6  Ka jalo Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Jaanong o tla bona se ke tla se dirang Faro.+ Seatla sa me se se nonofileng se tla mo pateletsa gore a ba lese ba tsamaye, e bile seatla sa me se se nonofileng se tla mo pateletsa gore a ba ntshe mo lefatsheng la gagwe.”+  Go tswa foo, Modimo o ne a raya Moshe a re: “Ke nna Jehofa.  Mme ke ne ke tle ke iponatse kwa go Aborahame, Isake le Jakobe ke le Modimo Mothatayotlhe,+ mme ga ke a ka ka ba itsise leina la me, Jehofa.+  Gape ke ne ka dira kgolagano le bone ya gore ke tla ba naya lefatshe la Kanana, lefatshe le ba neng ba nna mo go lone e le batswakwa.+  Jaanong ke utlwile selelo sa kutlobotlhoko sa batho ba Iseraele, ba Baegepeto ba ba dirileng makgoba, mme ke gakologelwa kgolagano ya me.+  “Ka jalo raya Baiseraele o re: ‘Ke nna Jehofa, mme ke tla lo ntsha mo tirong e e boima ya Baegepeto ke bo ke lo golola mo bokgobeng jwa bone,+ e bile ke tla lo namola ka lebogo le le otlolotsweng* le ka dikatlholo tse dikgolo.+  Ke tla lo tsaya gore lo nne setšhaba sa me, mme ke tla nna Modimo wa lona,+ ruri lo tla itse gore ke nna Jehofa, Modimo wa lona yo o lo ntshang mo kgatelelong ya Egepeto.  Mme ke tla lo tlisa mo lefatsheng le ke neng ka ikana* gore ke tla le naya Aborahame, Isake le Jakobe; mme ke tla le lo naya gore e nne la lona.+ Ke nna Jehofa.’”+  Moragonyana Moshe o ne a bolelela Baiseraele molaetsa ono, mme ba ne ba se ka ba mo reetsa ka gonne ba ne ba kgobegile marapo le ka gonne ba ne ba tshwerwe setlhogo e le makgoba.+ 10  Foo Jehofa o ne a bua le Moshe, a re: 11  “Ya kwa go Faro, kgosi ya Egepeto, o mmolelele gore a lese Baiseraele ba tswe mo lefatsheng la gagwe.” 12  Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a araba Jehofa a re: “Baiseraele ga ba a ntheetsa;+ Faro o tla ntheetsa jang e re ka ke sa kgone go bua sentle?”+ 13  Gape Jehofa o ne a bolelela Moshe le Arone ditaelo tse ba tshwanetseng go di bolelela Baiseraele le Faro, kgosi ya Egepeto, gore a ntshe Baiseraele mo lefatsheng la Egepeto. 14  Bano ke ditlhogo tsa malapa a bone: Bomorwa Rubene, leitibolo la ga Iseraele,+ e ne e le Hanoke, Palu, Heserone le Karami.+ Ano ke malapa a ga Rubene. 15  Bomorwa Simeone e ne e le Jemuele, Jamine, Ohade, Jakine, Sohare le Shaulo morwa mosadi wa Mokanana.+ Ano ke malapa a ga Simeone. 16  Ano ke maina a bomorwa Lefi+ go ya ka malapa a bone: Gereshone, Kohathe le Merari.+ Lefi o ne a tshela dingwaga di le 137. 17  Bomorwa Gereshone e ne e le Libeni le Shimei, go ya ka malapa a bone.+ 18  Bomorwa Kohathe e ne e le Amerame, Isehare, Heberone le Usiele.+ Kohathe o ne a tshela dingwaga di le 133. 19  Bomorwa Merari e ne e le Maheli le Mushi. Ano e ne e le malapa a Balefi, go ya ka tatelano ya malapa a bone.+ 20  Jaanong Amerame o ne a nyala Jokebede, kgaitsadie rraagwe.+ Jokebede o ne a mo tsholela Arone le Moshe.+ Amerame o ne a tshela dingwaga di le 137. 21  Bomorwa Isehare e ne e le Kora,+ Nefege le Sikeri. 22  Bomorwa Usiele e ne e le Mishaele, Elisafane+ le Sitheri. 23  Jaanong Arone o ne a nyala Elisheba, morwadia Aminadabe, kgaitsadie Nashone.+ O ne a mo tsholela Nadabe, Abihu, Eliasare le Ithamare.+ 24  Bomorwa Kora e ne e le Asire, Elekana le Abiasafe.+ Ano e ne e le malapa a Bakora.+ 25  Eliasare,+ morwa Arone, o ne a nyala mongwe wa bomorwadia Putiele. O ne a mo tsholela Finease.+ Bano ke ditlhogo tsa dikgotla tsa Balefi go ya ka malapa a bone.+ 26  Bano ke Arone le Moshe ba Jehofa a neng a ba raya a re: “Ntshang batho ba Iseraele mo lefatsheng la Egepeto go ya ka mephato ya bone.”*+ 27  Moshe le Arone+ ke bone ba ba neng ba bua le Faro, kgosi ya Egepeto, gore a ntshe batho ba Iseraele mo Egepeto. 28  Mo letsatsing leo, fa Jehofa a ne a bua le Moshe mo lefatsheng la Egepeto, 29  Jehofa o ne a raya Moshe, a re: “Ke nna Jehofa. Bolelela Faro, kgosi ya Egepeto, sengwe le sengwe se ke se buang le wena.” 30  Foo Moshe a bua jaana fa pele ga ga Jehofa: “Ga ke kgone go bua sentle, ka jalo Faro o tla ntheetsa jang?”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “nonofileng.”
Seheb., “ka tsholetsa seatla sa me.”
Seheb., “go ya ka masomosomo a bone.”