Baroma 15:1-33

  • Amogelanang fela jaaka Keresete a lo amogetse (1-13)

  • Paulo, motlhanka mo ditšhabeng (14-21)

  • Paulo o ipaakanyetsa loeto (22-33)

15  Mme rona ba ba nonofileng re tshwanetse go akanyetsa makoa a ba ba sa nonofang,+ mme re se ka ra dira se se re itumedisang.+  A mongwe le mongwe wa rona a itumedise moagelani wa gagwe ka go mo direla se se molemo gore a mo age.+  Gonne tota le Keresete o ne a se ka a dira se se mo itumedisang,+ fela jaaka go kwadilwe ka ene go twe: “Dilo tse di utlwisang botlhoko tse batho ba ba go kgobang ba di buang di nkwetse.”+  Gonne dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa mo Dikwalong bogologolo, di ne tsa kwalelwa go re ruta+ gore re nne le tsholofelo.+ Tota e bile, Dikwalo tseo di re thusa go itshoka e bile di a re gomotsa.+  Jaanong e kete Modimo yo o nayang batho boitshoko le kgomotso a ka dira gore lo akanye ka tsela e Keresete Jesu a neng a akanya ka yone,  gore lo galaletse Modimo, Rraagwe Morena wa rona Jesu Keresete lo le seoposengwe+ ka lentswe* le le lengwe.  Ka jalo amogelanang,+ fela jaaka Keresete le ene a ne a re amogela,+ ka gonne seno se galaletsa Modimo.  Gonne ke a lo bolelela, Keresete o ne a nna modiredi wa batho ba ba rupileng+ go bontsha gore Modimo o diragatsa se a se buileng le go bontsha gore ditsholofetso tse Modimo a neng a di solofetsa borraabonemogolo di boammaaruri.+  Gape o ne a dira jalo gore ditšhaba di tle di galaletse Modimo ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya gagwe,+ fela jaaka go kwadilwe go twe: “Ke gone ka moo ke tla go galaletsang mo ditšhabeng, mme ke tla opelela leina la gago dipako.”+ 10  Mme gape ga twe: “Lona ditšhaba, itumeleng le batho ba gagwe.”+ 11  Mo godimo ga moo, ga twe: “Bakang Jehofa,* lona ditšhaba tsotlhe, mme a batho botlhe ba mmake.”+ 12  Mme gape Isaia a re: “Go tla tswa mongwe mo lelapeng la ga Jese,+ mme o tla busa ditšhaba di le dintsi;+ ditšhaba tseo di tla mo letela gore a dire dilo tse molemo.”+ 13  E kete Modimo yo o nayang tsholofelo a ka dira gore lo itumele thata lo bo lo nne le kagiso e ntsi ka gonne lo mo ikanya, le gore moya o o boitshepo o tlatse dipelo tsa lona ka tsholofelo.+ 14  Jaanong ke tlhatswegile pelo ka lona bakaulengwe, gore lo dira dilo tse di molemo, lo na le kitso e bile lo kgona go gakololana.* 15  Le fa go ntse jalo, ke ne ka lo kwalela dintlha dingwe ke sa fitlhe sepe gore ke lo gakolole ka tsone, ka ntlha ya bopelonomi jo bogolo* jo Modimo a bo mpontshitseng. 16  Ke motlhanka wa ga Keresete Jesu mo ditšhabeng.+ Ke dira ka natla mo tirong e e boitshepo ya go rera dikgang tse di molemo tsa Modimo,+ gore ditšhaba tseno e nne setlhabelo se se itumedisang Modimo, setlhabelo se se dirilweng boitshepo ka moya o o boitshepo. 17  Ka jalo, ke a itumela ka gonne ke morutwa wa ga Keresete Jesu e bile ke dira tiro ya Modimo. 18  Ga nkitla ke bua sepe se ke se dirileng ka bonna mme ke tla bua ka se Keresete a se dirileng le se a se buileng a ntirisa gore ke thuse batho ba ditšhaba tse dingwe gore ba mo ikobele. 19  Ba ne ba reetsa ka ntlha ya ditshupo tse di maatla le dikgakgamatso+ tse di dirilweng ka moya wa Modimo o o boitshepo. Ka ntlha ya seno, ke ne ka rera dikgang tse di molemo ka botlalo ka ga Keresete go tswa kwa Jerusalema go ya go fitlha kwa Ilirikomo.+ 20  Boikaelelo jwa me e ne e le gore ke se ka ka bolela dikgang tse di molemo kwa leina la ga Keresete le neng le setse le itsiwe gone, gore ke se ka ka aga mo motheong wa motho yo mongwe. 21  Go ntse fela jaaka go kwadilwe go twe: “Ba ba sa bolelelwang sepe ka ene ba tla mmona, mme ba ba sa utlwang ka ga gagwe ba tla tlhaloganya.”+ 22  Ke gone ka moo ka makgetlo a le mantsi ke neng ka leka go tla kwa go lona mme ka palelwa. 23  Gone jaanong ke setse ke reretse dikgaolo tseno tsotlhe, mme ke na le dingwaga di le dintsi* ke eletsa go tla kwa go lona. 24  Ke solofela gore ke tla lo bona fa ke ya Sepeine. Ke tla nna le lona ka nakonyana, morago ga moo ke solofela gore lo tla mpuledisa.* 25  Mme jaanong ke tloga ke tsaya loeto ke ya Jerusalema go ya go thusa bakaulengwe.*+ 26  Gonne bakaulengwe ba kwa Makedonia le kwa Akaia ba itumeletse go ntshetsa bakaulengwe ba kwa Jerusalema ba ba humanegileng moneelo.+ 27  Ba ne ba itumeletse go dira jalo, tota e bile ba ne ba ba kolota. E re ka bakaulengwe ba kwa Jerusalema ba ne ba kgaoganya dilo tsa bone tse di tswang kwa Modimong le bone, le bone ba ne ba tshwanetse go ba naya dilo tse ba di tlhokang.+ 28  Ka jalo, fa ke sena go ba isetsa moneelo* ono, ke tla feta ka lona fa ke ya Sepeine. 29  Mo godimo ga moo, ke a itse gore fa ke tla kwa go lona, ke tla lo tlisetsa masego a mantsi a a tswang kwa go Keresete. 30  Jaanong bakaulengwe, e re ka re dumela mo go Morena wa rona Jesu Keresete e bile moya wa Modimo o dira gore re ratane, ke lo rotloetsa gore lo nthapelele,+ 31  gore ke tle ke falole+ mo diatleng tsa batho ba ba sa dumeleng mo go Jesu kwa Judea le gore bakaulengwe* ba kwa Jerusalema ba amogele moneelo ono.+ 32  Ka jalo, fa Modimo a ratile, ke tla tla kwa go lona ke itumetse thata e bile re tla kgothatsana. 33  A Modimo yo o nayang kagiso a nne le lona lotlhe.+ Amen.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “molomo.”
Kgotsa “rutana.”
Kgotsa gongwe “dingwaganyana.”
Kgotsa “mphelegetsa.”
Seger., “ba ba boitshepo.”
Seger., “leungo.”
Seger., “ba ba boitshepo.”