Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Buka ya Ntlha ya Samuele

Dikgaolo

Lenaane la Diteng

  • 1

    • Elekana le basadi ba gagwe (1-8)

    • Hana o rapelela gore a nne le ngwana wa mosimane (9-18)

    • Samuele o a tsholwa a bo a neelwa Jehofa (19-28)

  • 2

    • Thapelo ya ga Hana (1-11)

    • Maleo a bomorwa Eli (12-26)

    • Jehofa o atlhola ba lelapa la ga Eli (27-36)

  • 3

    • Samuele o a bidiwa gore a nne moporofeti (1-21)

  • 4

    • Bafilisitia ba gapa Letlole (1-11)

    • Eli le bomorwawe ba a swa (12-22)

  • 5

    • Letlole le kwa nageng ya Bafilisitia (1-12)

      • Dagone o tlhabisiwa ditlhong (1-5)

      • Bafilisitia ba otlhaiwa ka petso (6-12)

  • 6

    • Bafilisitia ba busetsa Letlole kwa Iseraele (1-21)

  • 7

    • Letlole le kwa Kiriathe-jearime (1)

    • Samuele o rotloetsa batho a re: ‘Direlang Jehofa fela’ (2-6)

    • Baiseraele ba a fenya kwa Misepa (7-14)

    • Samuele ke moatlhodi wa Baiseraele (15-17)

  • 8

    • Baiseraele ba batla kgosi (1-9)

    • Samuele o tlhagisa batho (10-18)

    • Jehofa o ba tlhomela kgosi (19-22)

  • 9

    • Samuele o kopana le Saulo (1-27)

  • 10

    • Saulo o tlodiwa gore e nne kgosi (1-16)

    • Batho ba itsisiwe gore Saulo ke kgosi (17-27)

  • 11

    • Saulo o fenya Baamone (1-11)

    • Go tlhomamisiwa gore Saulo ke kgosi gape (12-15)

  • 12

    • Samuele o a laela (1-25)

      • ‘Lo se ka lwa sala dilo tsa lefela morago’ (21)

      • Jehofa ga a kitla a latlha batho ba gagwe (22)

  • 13

    • Saulo o tlhopha masole (1-4)

    • Saulo o dira selo se a sa tshwanelang go se dira (5-9)

    • Samuele o kgalemela Saulo (10-14)

    • Baiseraele ga ba na dibetsa (15-23)

  • 14

    • Jonathane o a fenya kwa Mikemashe (1-14)

    • Modimo o tlhakatlhakanya baba ba Baiseraele (15-23)

    • Maikano a Saulo a neng a a dira ka lepotlapotla (24-46)

      • Batho ba ja nama le madi (32-34)

    • Dintwa tse Saulo a di loleng; lelapa la gagwe (47-52)

  • 15

    • Saulo ga a reetse taelo ya gore a bolaye Agage (1-9)

    • Samuele o kgalemela Saulo (10-23)

      • “Go ikoba go botoka go na le setlhabelo” (22)

    • Saulo ga a sa tlhole a amogelwa e le kgosi (24-29)

    • Samuele o bolaya Agage (30-35)

  • 16

    • Samuele o tlotsa Dafide go nna kgosi (1-13)

      • ‘Jehofa o bona se se mo pelong’ (7)

    • Moya wa Modimo o tlosiwa mo go Saulo (14-17)

    • Dafide o leletsa Saulo harepa (18-23)

  • 17

    • Dafide o fenya Goliathe (1-58)

      • Goliathe o kgoba Baiseraele (8-10)

      • Dafide o lwa le Goliathe (32-37)

      • Dafide o tlhabana mo leineng la ga Jehofa (45-47)

  • 18

    • Botsala jwa ga Dafide le Jonathane (1-4)

    • Diphenyo tsa ga Dafide di dira gore Saulo a fufege (5-9)

    • Saulo o leka go bolaya Dafide (10-19)

    • Dafide o nyala Mikale morwadia Saulo (20-30)

  • 19

    • Saulo o sa ntse a tlhoile Dafide (1-13)

    • Dafide o a sia ka gonne a tshaba Saulo (14-24)

  • 20

    • Jonathane o ema Dafide nôkeng (1-42)

  • 21

    • Dafide o ja senkgwe se se bewang fa pele ga Modimo kwa Nobe (1-9)

    • Dafide o itshwara jaaka setsenwa kwa Gathe (10-15)

  • 22

    • Dafide a le kwa Adulama le kwa Misepa (1-5)

    • Saulo o laela gore baperesiti ba kwa Nobe ba bolawe (6-19)

    • Abiathare o a sia (20-23)

  • 23

    • Dafide o lwela motse wa Keila (1-12)

    • Saulo o lelekisa Dafide (13-15)

    • Jonathane o nonotsha Dafide (16-18)

    • Dafide o falola Saulo ka soba la nnale (19-29)

  • 24

    • Dafide o gana go bolaya Saulo (1-22)

      • Dafide o tlotla motlodiwa wa ga Jehofa (6)

  • 25

    • Loso lwa ga Samuele (1)

    • Nabale o gana go thusa banna ba ga Dafide (2-13)

    • Abigaile o dira dilo ka botlhale (14-35)

      • ‘Kgetsi ya botshelo ya ga Jehofa’ (29)

    • Jehofa o fedisa botshelo jwa ga Nabale yo o se nang tlhaloganyo (36-38)

    • Abigaile e nna mosadi wa ga Dafide (39-44)

  • 26

    • Dafide o gana gape go bolaya Saulo (1-25)

      • Dafide o tlotla motlodiwa wa ga Jehofa (11)

  • 27

    • Bafilisitia ba naya Dafide Sikelage (1-12)

  • 28

    • Saulo o etela mosadi yo o dirisanang le badimo kwa Ene-dore (1-25)

  • 29

    • Bafilisitia ga ba tshepe Dafide (1-11)

  • 30

    • Baamaleke ba tlhasela Sikelage ba bo ba e fisa (1-6)

      • Dafide o nonotshiwa ke Modimo (6)

    • Dafide o fenya Baamaleke (7-31)

      • Dafide o golola ba ba neng ba tshwerwe (18, 19)

      • Dafide o dira molao wa go kgaoganya dilo tse di gapilweng (23, 24)

  • 31

    • Saulo le bomorwawe ba bararo ba a swa (1-13)