Fetela kwa tshedimosetsong

Ke Bomang ba ba Yang Kwa Diheleng?

Ke Bomang ba ba Yang Kwa Diheleng?

Karabo ya Baebele

Dihele (“Sheole” le “Hadese” mo puong ya ntlhantlha ya Baebele) ke lebitla, e seng lefelo le batho ba tlhokofadiwang ka molelo kwa go lone. Ke bomang ba ba yang kwa diheleng? Batho ba ba siameng le ba ba sa siamang. (Jobe 14:13; Pesalema 9:17) Baebele ya re lebitla ke ‘ntlo ya bokopanelo ya mongwe le mongwe yo o tshelang.’—Jobe 30:23.

Tota le Jesu o ne a ya kwa diheleng fa a sena go swa. Le fa go ntse jalo, “ga a ka a tlogelwa mo diheleng,” ka gonne Modimo o ne a mo tsosa.—Ditiro 2:31, 32, The Bible in Basic English.

A dihele di tla tswelela di le gone?

Botlhe ba ba yang kwa diheleng ba tla tswa, ka gonne Jesu o tla ba tsosa a dirisa maatla a a tswang kwa Modimong. (Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15) Fa boporofeti jo bo mo go Tshenolo 20:13 bo bua ka tsogo eo ya baswi ya mo isagweng, jwa re “loso le dihele tsa ntsha baswi ba ba mo go tsone.” (King James Version) Fa batho botlhe ba tla bo ba dule kwa diheleng, di ka se tlhole di nna teng; ga go ope yo o tla yang kwa go tsone gape ka gonne “loso lo tla bo lo seyo.”—Tshenolo 21:3, 4; 20:14.

Le fa go ntse jalo, ga se batho botlhe ba ba swang ba ba yang kwa diheleng. Baebele e bontsha gore go na le batho bangwe ba ba leng bosula thata mo ba ka se fetogeng. (Bahebera 10:26, 27) Fa batho bano ba swa, ga ba ye kwa diheleng, mme ba ya Gehenna, e e tshwantshetsang go senyediwa ruri. (Mathaio 5:29, 30) Ka sekai, Jesu o ne a re baeteledipele ba bodumedi ba baitimokanyi ba mo motlheng wa gagwe ba ne ba tlile go ya Gehenna.—Mathaio 23:27-33.