Fetela kwa tshedimosetsong

Bodiba Jwa Molelo ke Eng? A bo Tshwana le Dihele Kgotsa le Gehena?

Bodiba Jwa Molelo ke Eng? A bo Tshwana le Dihele Kgotsa le Gehena?

Karabo ya Baebele

Bodiba jwa molelo ke sengwe se se tshwantshetsang go senyediwa ruri. Bo tshwana le Gehena mme bo farologana le dihele, tse e leng lebitla le le tlwaelegileng la batho.

Ga se bodiba jwa mmatota

Ditemana tse tlhano tsa Baebele tse di umakang “bodiba jwa molelo,” di bontsha gore ga se bodiba jwa mmatota mme bo tshwantshetsa sengwe. (Tshenolo 19:20; 20:10, 14, 15; 21:8) Mo bodibeng jwa molelo go latlhelwa:

Bo tshwantshetsa go senyediwa ruri

Baebele ya re bodiba jwa molelo bo “kaya loso lwa bobedi.” (Tshenolo 20:14; 21:8) Loso lwa ntlha lo lo umakiwang mo Baebeleng lo bakilwe ke boleo jwa ga Adame. Loso lono lo ka dirololwa ka tsogo mme kgabagare Modimo o tla lo nyeletsa.​—1 Bakorintha 15:21, 22, 26.

Ga go na kgoro ya botso mo bodibeng jwa molelo jwa tshwantshetso

Bodiba jwa molelo bo tshwantshetsa mofuta o mongwe wa loso, e leng loso lwa bobedi. Le fa le lone lo tshwantshetsa go sa nne gone, lo farologane le lwa ntlha ka gonne Baebele ga e bue sepe ka gore go tla nna le tsogo mo losong lwa bobedi. Ka sekai, Baebele ya re Jesu o na le “dilotlolo tsa dihele le tsa loso,” se se bontshang gore o na le taolo ya go golola batho mo losong lo lo bakilweng ke boleo jwa ga Adame. (Tshenolo 1:​18; 20:13, King James Version) Le fa go ntse jalo, ga go ope yo o nang le dilotlolo tsa bodiba jwa molelo, le e leng Jesu tota. Bodiba jono jwa tshwantshetso bo emela go senyediwa ruri.​—2 Bathesalonika 1:9.

Bo tshwana le Gehena, Mokgatšha wa Hinoma

Gehena (Segerika geʹen·na) e umakiwa ka makgetlo a le 12 mo Baebeleng. Fela jaaka bodiba jwa molelo, e tshwantshetsa go senyediwa ruri. Le fa gone dithanolo dingwe di ranola lefoko leno e le “dihele,” Gehena e farologane le dihele (Sehebera sheʼohlʹ, Segerika haiʹdes).

Mokgatšha wa Hinoma

Lefoko “Gehena” le kaya “Mokgatšha wa Hinoma,” e leng mokgatšha o o ka fa ntle ga Jerusalema. Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, baagi ba motse ba ne ba dirile mokgatšha ono lefelo la go latlhela matlakala. Ba ne ba dira gore go nne go tuka molelo mo mokgatšheng ono gore go fisiwe matlakala; diboko di ne di ja se se setseng.

Jesu o ne a dirisa Gehena go tshwantshetsa go senyediwa ruri. (Mathaio 23:33) O ne a re kwa Gehena, ‘diboko ga di swe le molelo ga o time.’ (Mareko 9:​47, 48) Ka go rialo, o ne a tlhalosa boemo jwa Mokgatšha wa Hinoma mme gape a nopola le boporofeti jo bo mo go Isaia 66:24, jo bo reng: “Ba tla tswa ba ya go leba ditopo tsa batho ba ba neng ba ntirela tlolo; gonne diboko tse di mo go bone ga di kitla di swa le molelo wa bone ga o kitla o timiwa.” Setshwantsho sa ga Jesu ga se bue ka tlhokofatso, mme se bua ka go fedisiwa gotlhelele. Diboko le molelo di ja ditopo, e seng batho ba ba tshelang.

Baebele ga e bontshe gore motho a ka boa kwa Gehena. “Bodiba jwa molelo” le “Gehena e e tukang” di tshwantshetsa go senyediwa ruri.—Tshenolo 20:14, 15; 21:8; Mathaio 18:9.

“Ba tla tlhokofadiwa bosigo le motshegare ka bosaengkae le go ya go ile”—jang?

Fa e le gore bodiba jwa molelo bo tshwantshetsa go senyediwa ruri, ke eng fa Baebele e re Diabolo, sebatana le moporofeti wa maaka “ba tla tlhokofadiwa bosigo le motshegare ka bosaengkae le go ya go ile” mo go jone? (Tshenolo 20:10) Bona mabaka a le manè a a bontshang gore go tlhokofadiwa mono ga se ga mmatota:

  1. E le gore Diabolo a tlhokofadiwe ka bosakhutleng, o ne a tla tshwanelwa ke go tshelela ruri. Le fa go ntse jalo, Baebele ya re o tla nyelediwa, kgotsa a ka se tlhole a nna gone.​—Bahebera 2:​14.

  2. Botshelo jo bo sa khutleng ke mpho e e tswang kwa Modimong, e seng kotlhao.​—Baroma 6:​23.

  3. Sebatana le moporofeti wa maaka di tshwantshetsa sengwe, mme di ka se tlhokofadiwe ka tsela ya mmatota.

  4. Ditemana dingwe mo Baebeleng di bontsha gore go tlhokofadiwa ga ga Diabolo ke go golegwa ka bosakhutleng, mo go kayang go senyediwa ruri.

Mo Baebeleng polelwana “go tlhokofadiwa” gape e ka kaya “go golegwa.” Ka sekai, lefoko la Segerika e leng “batlhokofatsi” le le dirisitsweng mo go Mathaio 18:34 le ranolwa e le “bagolegi” mo dithanolong di le dintsi, e leng se se bontshang kafa lefoko “tlhokofatsa” le amanang ka gone le lefoko “golega.” Gape, dipego tse di tshwanang tse di mo go Mathaio 8:29 le Luke 8:​30, 31 di bontsha gore lefoko “tlhokofatsa” le polelwana “molete o o se nang bolekanngo,” e leng lefelo la tshwantshetso le le kayang go sa nne gone gotlhelele kgotsa loso, di kaya selo se le sengwe. (Baroma 10:7; Tshenolo 20:1, 3) Tota e bile, buka ya Tshenolo e dirisa lefoko “tlhokofatsa” ka makgetlo a le mmalwa ka tsela ya tshwantshetso.​—Tshenolo 9:5; 11:10; 18:7, 10.