Fetela kwa tshedimosetsong

Go Itshwarela go Kaya Eng?

Go Itshwarela go Kaya Eng?

Karabo ya Baebele

Go itshwarela ke go lebalela motho phoso e a go e diretseng. Mo Baebeleng, lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “go itshwarela” le kaya “go golola,” jaaka fa motho a ka phimola sekoloto sa gago. Jesu o ne a dirisa tshwantshiso eno fa a ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela, o ne a re: “Re itshwarele maleo a rona, gonne le rona ka borona re itshwarela mongwe le mongwe yo o molato le rona.” (Luke 11:4) Ka tsela e e tshwanang, mo setshwantshong sa ga Jesu sa motlhanka yo o seng pelotlhomogi, o ne a tshwantsha go itshwarela le go phimola sekoloto.—Mathaio 18:23-35.

Re itshwarela ba bangwe ka go tlogela go boloka sekgopi le go sa batle go duelelwa kutlobotlhoko kgotsa ditshenyegelo tse re nnileng le tsone. Baebele e ruta gore lorato lo e seng lwa bopelotshetlha ke selo sa konokono se se ka re thusang go itshwarela ba bangwe, ka gonne lorato “ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko.”—1 Bakorintha 13:4, 5.

Go Itshwarela ga go kaye:

  • Go amogela phoso. Tota Baebele e kgala ba ba reng ditiro tse di bosula di siame kgotsa di a amogelesega.—Isaia 5:20.

  • Go itshela moriti o tsididi. Modimo o ne a itshwarela Kgosi Dafide morago ga gore a dire maleo a a masisi mme ga a ka a mo sireletsa fa a welwa ke ditlamorago tsa ditiro tsa gagwe. Gape Modimo o ne a dira gore maleo a ga Dafide a kwalwe mo Baebeleng gore a gakologelwe le gompieno.—2 Samuele 12:9-13.

  • Go letla batho ba go ja ntsoma. A re re ka sekai o adima mongwe madi a bo a sa a dirise sentle mo a felelang a palelwa ke go go duela jaaka a solofeditse. Motho yoo o a ikwatlhaya a bo a go kopa maitshwarelo. O ka mo itshwarela ka go sa boloke sekgopi, ka go sa nne o mo gopotsa tiragalo eo tota e bile o ka nna wa phimola sekoloto seo. Le fa go ntse jalo, o ka nna wa swetsa ka gore ga o na go tlhola o mo adima madi gape.—Pesalema 37:21; Diane 14:15; 22:3; Bagalatia 6:7.

  • Go itshwarela go se na lebaka le le utlwalang. Modimo ga a itshwarele batho ba ba tlolang ditaelo tsa gagwe ka bomo e bile ba sa batle go amogela diphoso tsa bone, go tlogela mekgwa ya bone le go kopa maitshwarelo mo go ba ba ba utlwisitseng botlhoko. (Diane 28:13; Ditiro 26:20; Bahebera 10:26) Ba ba sa ikwatlhaeleng diphoso tsa bone e nna baba ba Modimo e bile Modimo ga a lebelela gore re itshwarele batho ba ene a sa ba itshwarelang.—Pesalema 139:21, 22.

    Go tweng fa e le gore o kgopisitswe ke mongwe yo o sa batleng go ikopa maitshwarelo kgotsa tota le go amogela phoso ya gagwe? Baebele e re gakolola jaana: “Tlogela bogale mme o lese tšararego.” (Pesalema 37:8) O ka dira tshwetso ya gore o se ka wa nna o galefile mme e se gore o amogela diphoso tsa gagwe. Tshepa gore Modimo o tla atlhola motho yoo. (Bahebera 10:30, 31) Gape o ka gomodiwa ke go itse gore Modimo o tla tlisa nako e mo go yone re tla bong re sa tlhole re gopola kutlobotlhoko e re ka tswang re le mo go yone gone jaanong.—Isaia 65:17; Tshenolo 21:4.

  • Go itshwarela sepe fela se o akanyang gore ke phoso. Ka dinako tse dingwe, pele re itshwarela motho re ka nna ra tshwanelwa ke go amogela gore tota re ne re se na lebaka le le utlwalang la go kgopisega. Baebele ya re: “O se ka wa itlhaganelela go kgopisega mo moyeng wa gago, gonne go kgopisega go nna mo sehubeng sa dimatla.”—Moreri 7:9.

Ditsela tsa go itshwarela ba bangwe

  1. Gopola gore go itshwarela go kaya eng. Ga se gore o amogela phoso ya motho yoo kgotsa gore o itshela moriti o tsididi, o a bo o sa batle go boloka sekgopi.

  2. Lemoga melemo ya go itshwarela. Go sa boloke sekgopi go ka go thusa gore o nne o wetse makgwafo, go ka tokafatsa botsogo jwa gago gape go ka go okeletsa boitumelo. (Diane 14:30; Mathaio 5:9) Ntlha ya botlhokwa le go feta ke gore fa re itshwarela ba bangwe, Modimo o tla re itshwarela.—Mathaio 6:14, 15.

  3. Utlwela ba bangwe botlhoko. Rotlhe re dira diphoso. (Jakobe 3:2) Fela jaaka re itumela fa ba bangwe ba re itshwarela, le rona re tshwanetse go itshwarela ba bangwe.—Mathaio 7:12.

  4. Nna tekatekano. Fa go na le sengwe se se sennye se se dirang gore re ngongorege, re ka thusiwa ke go dirisa kgakololo eno ya Baebele: “Tswelelang lo itshokelana.”—Bakolosa 3:13.

  5. Dira ka bonako. Dira gore o itshwarele ba bangwe ka bonako go na le go letla gore tšhakgalo ya gago e gakale.—Baefeso 4:26, 27.