Fetela kwa tshedimosetsong

BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

“Ke ne Ke le Motho yo o Bogale”

“Ke ne Ke le Motho yo o Bogale”
  • O Tshotswe ka: 1975

  • O Tsholetswe Kwa: Mexico

  • Botshelo Jwa Gagwe Jwa Pele: O ne a rata ntwa; o kile a ya kgolegelong

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE

 Ke tsholetswe kwa torotswaneng e e bidiwang San Juan Chancalaito mo porofenseng ya Chiapas kwa Mexico. Kwa lapeng re ba-Chol ba ba tswang mo morafeng wa ba-Maya. Ke ngwana wa botlhano mo go ba le 12. Fa ke sa ntse ke gola, nna le bana ba kwa gae re ne re ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ka maswabi, ke ne ke sa dirise dilo tse ke neng ke di ithuta mo Baebeleng.

 Ke simolotse go dirisa diritibatsi le go utswa fa ke le dingwaga di le 13. Ke ne ka tswa kwa lapeng mme ka simolola go sasanka. Fa ke le dingwaga di le 16, ke ile ka simolola go bereka mo masimong a matekwane. Ke berekile koo ngwaga otlhe mme bosigo bongwe fa re le mo sekepeng re tsamaisa matekwane, segongwana se se neng se tlhometse ka dithunya se ile sa re tlhasela. Ba ile ba thuntsha sekepe sa rona mme ka itatlhela mo metsing ke bo ke thuma. Go tswa foo, ke ile ka tshabela kwa United States.

 Fa ke le koo, ke ne ke ntse ke rekisa diritibatsi mme ke ile ka tsena mo mathateng a magolo. Fa ke na le dingwaga di le 19, ke ile ka tshwarelwa go kgothotsa le go leka go bolaya motho mme ka tsenngwa mo kgolegelong. Ke ile ka nna leloko la segongwana sengwe sa mo kgolegelong e bile ke rata ntwa. Seo se ile sa dira gore ke isiwe kwa kgolegelong e e sireletsegileng thata ya Lewisburg kwa Pennsylvania.

 Fa ke le kwa kgolegelong eo, botshelo jwa me bo ile jwa senyegela pele. Ke ne ke na le di-tatoo tsa segongwana sa kwa kgolegelong ya ntlha mme seo se ile sa dira gore go nne motlhofo go kopana le maloko a mangwe a segongwana seo. Ke ile ka nna bogale le go feta e bile ke le rantwa dumela. Letsatsi lengwe segongwana sa rona se ile sa lwa le se sengwe mo lebaleng la kgolegelo. E ne e le ntwa ya matlho mahibidu, re lwa ka dithobane le ditshipi tsa go ikatisa. Batlhokomedi ba ile ba re kgaoganya ka go re tshela ka gase. Moragonyana ke ile ka isiwa kwa diseleng tse batho ba ba kotsi ba tsenngwang ba le bosi mo go tsone. Ke ne ke galefa tota e bile ke rogana. Ke ne ke rata go itaya batho. Ke ne ke sa bone sepe se se phoso ka dilo tse ke neng ke di dira.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE

 E re ka ke ne ke fetsa nako e ntsi ke le mo seleng, ke ile ka tsamaisa nako ka go bala Baebele. Mongwe wa batlhokomedi o ne a nnaya buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. a Fa ke ntse ke bala buka eno e e theilweng mo Baebeleng, ke ne ka gopola dilo di le dintsi tse ke di rutilweng ke Basupi fa ke ne ke le monnye. Go tswa foo, ke ne ka lemoga gore go rata ntwa go ne go tlhakatlhakantse botshelo jwa me. Gape ke ne ka akanya ka lelapa la gaetsho. E re ka bokgaitsadiake ba babedi e ne e setse e le Basupi ba ga Jehofa, ke ne ke akanya gore ‘Ba tlile go tshelela ruri.’ Ke ne ka ipotsa gore, ‘Ke eng se se nthibelang go tshelela ruri?’ Seo se ne sa dira gore ke batle go fetola botshelo jwa me.

 Ke ne ke itse gore ke tlhoka thuso gore ke kgone go tlogela mekgwa e e sa siamang. Ka jalo, ke ne ka rapela Jehofa Modimo ke mo kopa gore a nthuse. Go tswa foo ke ne ka kwalela ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa United States ke kopa gore ba nthomelele mongwe yo o ka ithutang Baebele le nna. Ofisi ya lekala e ile ya rulaganya gore mongwe mo phuthegong e e gaufi a nketele. Ka nako eo, ke ne ke sa letlelelwa go etelwa ke mongwe yo e seng wa lelapa, ka jalo Mosupi mongwe o ne a simolola go nthomelela makwalo a a kgothatsang le dibuka tsa Baebele tse di neng tsa nthusa go fetoga.

 Ke ile ka dira tshwetso ya go tlogela segongwana se go neng go fetile dingwaga di le dintsi ke le mo go sone. Moeteledipele wa segongwana seo le ene o ne a tswaletswe mo diseleng tsa batho ba ba kotsi, ka jalo ke ne ka bua le ene ka nako ya boikhutso ke mo raya ke re ke batla go nna Mosupi wa ga Jehofa. Ke ne ka gakgamala tota fa a nthaya a re: “Fa e le gore o tiisitse, ga go na bothata. Ga nkake ka go thibela go direla Modimo. Mme fa e le gore leo ga se lebaka la go tlogela segongwana, o tla di gama o sa di tlhapela.”

 Morago ga dingwaga di le pedi, batlhokomedi ba kgolegelo ba ne ba lemoga gore ke fetogile. Seo se ne sa dira gore ba ntshware sentle. Ka sekai, batlhokomedi ba ne ba tlogela go mpofa matsogo fa ke tswa mo seleng ya me ke ya go tlhapa. Mongwe wa batlhokomedi o ne a tla kwa go nna a bo a nkgothaletsa gore ke tswelele ke itshwere sentle. Tota e bile baeteledipele ba kgolegelo ba ne ba nkisa kwa kampeng e e gaufi le kgolegelo e kgolo gore ke feleletse ngwaga wa me wa bofelo koo. Ka 2004, fa ke sena go fetsa dingwaga di le 10 kwa kgolegelong, ke ne ka gololwa ke bo ke isiwa kwa Mexico ka bese ya kwa kgolegelong.

 Fela fa ke sena go goroga kwa Mexico, ke ne ka batla Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Lekgetlo la ntlha fa ke ya kwa Holong ya Bogosi, ke ne ke apere diaparo tsa kgolegelo ka gonne ke ne ke se na diaparo tse dingwe tse di siameng. Le fa ke ne ke sa lebege sentle, Basupi ba ne ba nkamogela ka lorato. Fa ke bona tsela e ntle e ba nkamogetseng ka yone, ke ne ke ikutlwa ke le mo gare ga Bakeresete ba boammaaruri. (Johane 13:35) Go tswa foo bagolwane ba ne ba rulaganya gore ke tshwarelwe thuto ya Baebele. Morago ga ngwaga ke ne ka kolobediwa mme ka nna Mosupi wa ga Jehofa ka September 3, 2005.

 Ka January 2007, ke ne ka nna moreri wa nako e e tletseng, ke fetsa diura di le 70 kgwedi le kgwedi ke ruta batho Baebele. Ka 2011, ke ne ka aloga kwa Sekolong sa Baebele sa Bakaulengwe Ba ba Sa Nyalang se gone jaanong se bidiwang Sekolo sa Baboledi ba Bogosi. Sekolo seno se nthusitse thata go dira maikarabelo a me mo phuthegong.

Gone jaanong ke itumelela go ruta batho go dirisana sentle le ba bangwe

 Ka 2013 ke ne ka nyala mosadi wa me yo o rategang e bong Pilar. O rata go bua a tshega a re ga a dumele gore nkile ka bo ke na le mekgwa e e sa siamang. Ga ke ise ke ko ke boele kwa mekgweng eo. Nna le mosadi wa me re dumela boammaaruri jwa gore Baebele e kgona go fetola motho ka gonne e nthusitse go fetoga.​—Baroma 12:2.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE

 Ke ikutlwa e kete mafoko a ga Jesu a a mo go Luke 19:10 a bua ka nna. Mo go yone Jesu a re “o tletse go batla a bo a boloka se se neng se latlhegile.” Ga ke tlhole ke ikutlwa ke latlhegile. E bile ga ke tlhole ke itaya batho. Ke lebogela Baebele ka gonne e nthusitse go itse gore ke tshelela eng, go dirisana le batho ba bangwe sentle mme sa botlhokwa ke gore e nthusitse go nna le botsala jo bo itumedisang le Mmopi wa me e bong Jehofa.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Buka eno e gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme ga e tlhole e gatisiwa. Gone jaanong buka e ba e dirisang thata go ithuta Baebele le batho ke Baebele e re Ruta Eng?