Fetela kwa tshedimosetsong

Kalogo ya Setlhopha sa Bo138 ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade

Kalogo ya Setlhopha sa Bo138 ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade

Ka March 14, 2015, tlelase ya bo138 ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade e ne ya aloga kwa lefelong la thuto la Basupi ba ga Jehofa kwa Patterson, New York. Thulaganyo eno e ne e reeditswe ke batho ba feta 14 000, go akaretsa le ba ba neng ba gokagantswe ka bidio mo mafelong a a farologaneng. Go ne ga simololwa ka go reediwa dipina tse nnè tse disha, tse moragonyana di neng tsa opelwa. *

Geoffrey Jackson, wa Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, e ne e le modulasetulo. O ne a simolola ka go kgothaletsa baithuti go se nne fela ka kitso mme ba dirise thapiso e ba e neilweng gore ba bangwe ba solegelwe molemo.​—2 Timotheo 2:2.

Mokaulengwe Jackson o ne a sekaseka sekao sa ga Moshe. Mogope wa ga Moshe e ne e le boremelelo jwa kobamelo. Le fa go ntse jalo, e rile motlaagana o sena go agiwa, o ne wa nna boremelelo jwa kobamelo ya boammaaruri. Go lebega Moshe a ne a sa letlelelwa go tsena mo karolong ya Boitshepo Jwa Maitshepo ya motlaagana; tshiamelo eo e ne e neilwe baperesiti fela. Le fa go ntse jalo, ga go na sepe se se bontshang gore Moshe o ne a ngongoregela phetogo eo. Go na le moo, o ne a ema Arone nokeng mo kabelong ya gagwe e ntšha ya go nna moperesiti. (Ekesodo 33:7-11; 40:34, 35) Re ithuta eng? Mokaulengwe Jackson o ne a re: “Itumelele tshiamelo nngwe le nngwe e o nang le yone mme o se ka wa batla go dira sengwe le sengwe mo phuthegong.”

“A o Tla Tshosiwa ke Modumo wa Letlhare?” Seno ke setlhogo sa puo ya ga Kenneth Flodin, mothusi mo Komiting e e Rutang ya Setlhopha se se Laolang. O ne a re baithuti ba ka lebana le maemo a lebegang a tshosa, jaaka go bogisiwa kgotsa go newa kabelo e e thata. O ne a dirisa Lefitiko 26:36, go tlhalosetsa baithuti gore ba tseye maemo ao fela jaaka letlhare le le omeletseng. Mokaulengwe Flodin gape o ne a gatelela sekao sa ga moaposetoloi Paulo, yo o neng a itshokela diteko tse dintsi ka gonne a ne a tshepile Jehofa.​—2 Bakorintha 1:8, 10.

“Lo Batlang?” Mark Sanderson, wa Setlhopha se se Laolang, o ne a neela puo e e latelang. O ne a bala Diane 13:12 e e reng: “Tebelelo e e busediwang morago e bobodisa pelo.” Ka maswabi, batho ba le bantsi ba ipeela mekgele e e jaaka go huma le go tuma mme ba swabisiwa ke go sa e fitlhelele.

Ka motlha wa ga Jesu, bangwe ba ne ba lebeletse dilo dingwe mo go Johane Mokolobetsi. (Luke 7:24-28) Ka sekai, ba ka tswa ba ne ba akantse gore e tla nna rafilosofi yo o rutang dilo fela tse di tla ba kgatlhang. Fa e le gore go ntse jalo, go raya gore ba ile ba swabisiwa ke go utlwa Johane a ba ruta boammaaruri jo bo tswang mo Baebeleng. Bangwe ba ka tswa ba ne ba akantse ka monna wa maratagolejwa. Mme Johane o ne a ikaparela diaparo tse di tlwaelegileng fela. Le fa go ntse jalo, ba ba neng ba lebeletse moporofeti ga ba a ka ba swaba ka gore Johane e ne e se moporofeti fela mme gape e ne e le moetapele wa ga Mesia!​—Johane 1:​29.

Mokaulengwe Sanderson o ne a re baithuti ba batle dilo tse di maleba. Go na le go batla go tseelwa kwa godimo le go batla go tshwarwa sentle mo dikabelong tsa bone, ba tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go diriseng se ba se ithutileng gore ba bangwe ba solegelwe molemo. Ba ka dira jalo ka go ruta ba bangwe dilo tse ba di ithutileng kwa Gileade, go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi le go ba rata. Mokaulengwe Sanderson o ne a re: “Nna motlhanka yo o ikokobeditseng wa bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago e bile o leke ka natla go dira thato ya ga Jehofa gonne seo ga se na go go swabisa.”

“Fepa ba ba Tshwerweng ke Tlala.” Seno ke setlhogo sa puo ya ga James Cauthon, motlhatlheledi wa Lephata la Dikolo Tsa Puso ya Modimo. Mokaulengwe Cauthon o ne a re mongwe le mongwe o tshwerwe ke tlala ya go ratiwa, go anaanelwa le go tsewa tsia. Tota le Jesu o ne a na le keletso eo mme Jehofa o ne a e kgotsofatsa ka go bua mafoko a a amang pelo fa Jesu a ne a kolobediwa.​—Mathaio 3:​16, 17.

Jehofa o re neile bokgoni jwa go kgothatsa le go nonotsha ba bangwe ka mafoko mme o lebeletse gore re dirise bokgoni joo. (Diane 3:27) Mokaulengwe Cauthon o ne a re: “Ithute go lemoga dilo tse dintle ka ba bangwe mme o se ka wa ikgogona mo go ba akgoleng.” Go akgola badumedikarona go tswa pelong go tla ba thusa go itse gore matsapa a bone ga se a bophiri.

“Tswelela o Intsha Setlhabelo.” Mark Noumair, mothusi mo Komiting e e Rutang, o ne a neela puo e e latelang. Mokaulengwe Noumair o ne a dirisa sekai sa ga moaposetoloi Paulo go kgothaletsa baithuti go se kgotsofalele go dira bonnye jo bo tlhokegang. Go na le moo, fela jaaka Paulo, ba tla itumela fa ba nna ba intsha setlhabelo.​—Bafilipi 2:17, 18.

Paulo ga ise a ko a itlhoboge le fa a ne a na le mathata. Paulo o ile a intsha setlhabelo e bile a dira ka natla go fitlha a swa. O ne a tshwanelwa ke go bua jaana: “Ke tabogile lobelo go ya bofelong.” (2 Timotheo 4:6, 7) Mokaulengwe Noumair o ne a kgothaletsa baithuti go etsa Paulo ka go ema Bogosi nokeng fa ba ntse ba dira dikabelo tsa bone.

Maitemogelo. Michael Burnett yo le ene eleng motlhatlheledi mo sekolong sa Gileade, o ne a tshwara karolo e e latelang ya thulaganyo. Baithuti ba ne ba dira dipontsho tsa se se diragetseng fa ba le mo bodireding mo Patterson.

Nako le nako baithuti ba ne ba nna le diphelelo tse di itumedisang e re ka ba ne ba nna ba ntshitse matlho dinameng gore ba rerele batho. Gape ba ne ba nna ba ikemiseditse go rerela batho ka puo e ba e antseng. Ka sekai, moithuti mongwe o ne a bolelelwa gore go na le batho ba bantsi ba ba buang Se-Spain kwa a neng a batla go ya go rera teng. Letsatsi lengwe pele ga a ya go rera, o ne a dirisa app ya JW Language go ithuta mafoko a Se-Spain a se kae. Ka lone letsatsi leo, o ne a kopana le monna mongwe yo o buang Se-Spain. O ne a dirisa bonnyane jo a bo ithutileng jwa Se-Spain go rerela monna yoo mme seo se ne sa dira gore monna le ba lelapa la gagwe ba simolole go ithuta Baebele.

Dipotsolotso. Go ne ga latela William Turner, Jr., mothusi mo Komiting ya Tirelo ya Setlhopha se se Laolang. O ne a botsolotsa baithuti ba le banè ka maitemogelo a ba nnileng le one pele ba tla sekolong sa Gileade le morago ga go thapisiwa mo sekolong.

Baithuti ba ne ba nopola dintlha tse di ba kgothaditseng mo tlelaseng. Ka sekai, moithuti mongwe o ne a bua ka se a se ithutileng mo go Luke kgaolo 10. Barutwa ba le 70 ba ba neng ba romilwe ke Jesu ba ne ba itumelela diphelelo tse di molemo tse ba nnileng le tsone mo bodireding. Le fa Jesu a ile a ipela le bone, o ne a ba ruta gore boipelo jwa bone bo se ka jwa ikaega ka se ba se fitlheletseng mme bo ikaege ka go itse gore ba dirile maiteko a go itumedisa Jehofa. Seno se re gopotsa gore selo se tota se re itumedisang ke go amogelwa ke Jehofa.

Mokaulengwe Turner o ne a balela baithuti Bafilipi 1:6, a bo a ba tlhomamisetsa gore Jehofa o ‘simolotse tiro e e molemo’ mo go bone le gore Jehofa o tla nna a ba eme nokeng.

“Tlhoma Matlho a Gago mo go Jehofa.” Samuel Herd wa Setlhopha se se Laolang, o ne a neela puo ya konokono ya thulaganyo eno. O ne a re ga re kgone go bona Jehofa ka matlho a rona. Jaanong re ka tlhoma jang matlho a rona mo go Jehofa?

Tsela nngwe e re ka bonang Jehofa ka yone ke ka go ithuta dilo tse a di bopileng. Mo godimo ga moo, Jehofa o ‘sedimoseditse matlho a dipelo tsa rona.’ (Baefeso 1:​18) Go nna re ithuta Baebele go tla re ruta dilo tse dintsi ka Jehofa. Gape go nna re ithuta ka Jehofa go tla dira gore re atamalane le ene.

Go tlhoma mogopolo mo Diefangeleng go tla re thusa go bona Jehofa sentle mo mafokong le mo ditirong tsa ga Jesu. Jesu o ne a senola botho jwa ga Jehofa gore a ka re: “Yo o mponeng o bone le Rara.”​—Johane 14:9.

Mokaulengwe Herd o ne a kgothaletsa bareetsi gore e se ka ya nna fela gore ba bona Jehofa mo sekaong sa ga Jesu mme gape ba etse se ba se bonang. Ka sekai, fela jaaka Jesu a ile a dira ka natla gore a fepe ba bangwe, le rona re batla go dira ka natla go abela ba bangwe se re se ithutileng.

Re tla nna le masego afe fa re tlhoma matlho mo go Jehofa? Re kgona go bua re tlhatswegile pelo jaaka mopesalema fa a ne a re: “Ke beile Jehofa fa pele ga me ka metlha. Ka gonne o kafa seatleng sa me sa moja, ga ke na go reketlisiwa.”—Pesalema 16:8.

Konelo. Fa ba baithuti ba sena go amogela didipoloma tsa bone, mongwe wa bone o ne a bala lekwalo le le amang maikutlo la go leboga. Mokaulengwe Jackson o ne a konela ka go bolelela baithuti gore ga go tlhokege gore ba ikutlwe e kete sengwe le sengwe se ba se rutang ba bangwe se tshwanetse go nna sesha kgotsa boteng. Gantsi e tla bo e le go gopotsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone dilo tse ba di itseng. Mokaulengwe Jackson o ne a gatelela botlhokwa jwa go nna boikokobetso. Go na le gore ba batle go tlotlomadiwa ka ntlha ya thapiso ya Gileade, ba tlotlomatse Lefoko la Modimo le dikgatiso tsa rona. Ka jalo, baalogi ba ka se kgobe marapo ba ba iseng ba ye sekolong sa Gileade mme ba tla kgothatsa badumedikabone le go ba thusa gore ba solegelwe molemo ke dilo tse phuthego ya Modimo e re tlamelang ka tsone. Botlhe ba ba neng ba reeditse thulaganyo eno ba ne ba tswa ba kgothetse e bile ba ikemiseditse go direla bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone.

Freeman and Miriam Abbey

Joel Acebes

Arsen le Alyona Airiiantc

Aynura Allahverdiyeva

Haja le Lalatiana Andriakaja

Dale le Sonia Clarke

Michael le Katrina Davies

Trent Edson

Aleksandr Fomin

Josué François

Juan Giovannelli

Mark le Jill Hollis

Daniel Jovanović

Hugues le Rachel Kabitshwa

Dong-in Kim

Yura Kucherenko

Robert le Samantha Li

Gilles le Christiane Mba

Kyaw le Hka Tawm Naing

Victor le Ami Namba

Ebenezer le Sonnie Neal

David Nwagu

Meray Razzouk

Sóstenes le Ely Rodrigues

Davy Sehoulia

Eki Soba

Simão Sona

Anja Van Looveren

Gwen Williams

K. Abdiel le Armande Worou

^ ser. 2 Dipina tse disha di ne di neetswe ba ba neng ba tla nna gone beke pele ga thulaganyo.

^ ser. 32 Ga go a bontshiwa dinaga tsotlhe mo mmapeng ono.

^ ser. 34 Ga se baalogi botlhe ba ba bontshitsweng fano.