Fetela kwa tshedimosetsong

A Basupi ba ga Jehofa ba Pateletsa Batho go Tsena Kereke ya Bone?

A Basupi ba ga Jehofa ba Pateletsa Batho go Tsena Kereke ya Bone?

 Nnyaa, ga go a nna jalo. Makasine wa rona wa Tora ya Tebelo o a re: “Go pateletsa batho go fetola bodumedi jwa bone go phoso.” a Ga re pateletse batho ka ntlha ya mabaka a a latelang:

  •   Jesu ga ise a gatelele batho go amogela dithuto tsa gagwe. O ne a itse gore ke ba se kae fela ba ba neng ba tla amogela molaetsa wa gagwe. (Mathaio 7:13, 14) Fa bangwe ba barutwa ba gagwe ba ne ba kgopisiwa ke se a neng a se bua, o ne a ba tlogela ba tsamaya go na le go ba pateletsa go mo sala morago.​—Johane 6:60-62, 66-68.

  •   Jesu o ne a sa rute barutwa ba gagwe go pateletsa batho go fetola bodumedi jwa bone. Barutwa ba gagwe ba ne ba sa leke go pateletsa batho go amogela dikgang tse di molemo, mme ba ne ba batlana le batho ba ba tla amogelang molaetsa.—Mathaio 10:7, 11-14.

  •   Go patelediwa go fetola bodumedi ga go thuse ka gonne Modimo o amogela fela kobamelo e e tswang pelong.​—Duteronome 6:4, 5; Mathaio 22:37, 38.

A tiro ya rona ke go sokolola batho?

 Ke boammaaruri gore re rera molaetsa wa Baebele mo “karolong e e kgakalakgakala ya lefatshe” mme re dira jalo “phatlalatsa le ka ntlo le ntlo” fela jaaka re laetswe mo Baebeleng. (Ditiro 1:8; 10:42; 20:20) Bakeresete ba bogologolo ba ne ba latofadiwa ka go ntsha batho mo dikerekeng tsa bone, le rona re a tle re diragalelwe ke seo. (Ditiro 18:12, 13) Le fa go ntse jalo, ditatofatso tseo ga di boammaaruri. Ga re leke go pateletsa ope go dumela se re se dumelang. Go na le moo, re dumela gore batho ba tshwanetse go nna le kitso e e tla ba thusang go itlhophela bodumedi sentle.

 Ga re pateletse batho go fetola bodumedi jwa bone e bile ga re itire badumedi re bo re dira ditiro tsa sepolotiki kgotsa go tsamaisa dipampitshana tsa go batla maloko. Seno se farologana le se se dirwang ke batho ba ba ipitsang Bakeresete mme ba tlontlolola Keresete ka go dira dilo tseo. b

A motho o na le tshwanelo ya go fetola bodumedi jwa gagwe?

Aborahame o ne a tlogela bodumedi jwa masika a gagwe

 Ee, Baebele e bontsha gore motho o na le tshwanelo ya go fetola bodumedi jwa gagwe. E bua ka ba bantsi ba ba ileng ba tlhopha go se latele bodumedi jwa masika a bone mme ba tlhopha go obamela Modimo wa boammaaruri. Bangwe ba batho bao ke Aborahame, Ruthe, batho bangwe kwa Athena le moaposetoloi Paulo. (Joshua 24:2; Ruthe 1:14-16; Ditiro 17:22, 30-34; Bagalatia 1:14, 23) Mo godimo ga moo, Baebele e tlotla tshwanelo ya motho ya go dira tshwetso e e sa siamang ya go tlogela kobamelo e e amogelwang ke Modimo.​—1 Johane 2:​19.

 Tshwanelo ya go fetola bodumedi e buelelwa ke Maikano a Lefatshe Lotlhe a Ditshwanelo Tsa Batho, e UN e e bitsang “molaomotheo wa ditshwanelo tsa batho mo lefatsheng lotlhe.” Setlankana seo sa re mongwe le mongwe o na le “kgololesego ya go fetola bodumedi” le go “batla, go amogela le go anamisa tshedimosetso” tota le ka bodumedi. c Gape ditshwanelo tseno di dumalana le gore motho o tshwanetse go tlotla tshwanelo ya yo mongwe ya go nna mo bodumeding jwa gagwe le go gana go amogela tshedimosetso e a sa dumalaneng le yone.

A go fetola bodumedi ke go nyatsa setso sa motho?

 Ga go a tshwanela go tsewa jalo. Baebele e re kgothaletsa go tlotla batho botlhe, e ka tswa e le ba bodumedi bofe. (1 Petere 2:​17) Mo godimo ga moo, Basupi ba ga Jehofa ba ikobela taelo ya Baebele ya go tlotla batsadi ba bone, tota le fa ba le mo bodumeding bo sele.​—Baefeso 6:​2, 3.

 Le fa go ntse jalo, ga se mongwe le mongwe yo o dumalanang le tsela e Baebele e lebang dilo ka yone. Mosadi mongwe yo o goletseng kwa Zambia a re: “Kwa ke goletseng teng, go fetola bodumedi . . . go ne go tsewa e le go se ikanyege, go swabisa ba lelapa le baagi ba motse.” O ne a lebana le seemo seno a sa ntse a le mosha. O ne a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme moragonyana a dira tshwetso ya go fetola bodumedi. A re: “Batsadi ba me ba ne ba nna ba mpolelela go re ga ba rate tshwetso e ke e dirileng le go re ke ba swabisitse. Go ne go le thata tota, ka gonne ke ne ke batla go itumedisa batsadi ba me. . . . Go tlhopha go ikanyega mo go Jehofa go na le mo setsong ga go reye gore ga ke ikanyege mo go ba lelapa la me.” d

a Bona Tora ya Tebelo ya January 1, 2002, tsebe 12, serapa 15.

b Ka sekai, ka ngwaga wa 785 C.E., Charlemagne o ne a ntsha molao wa gore batho ba kwa Saxony ba ba ganang go kolobediwa go nna Bakeresete ba bolawe. Gape, tumalano ya kwa Augsburg, e e neng ya saeniwa ka 1555 C.E. ke makoko a lwantshanang mo Mmusomogolong wa Roma o o Boitshepo, e ne ya re mmusi mongwe le mongwe o tshwanetse go nna Mokatoliki kgotsa Molutere le gore mongwe le mongwe a tsene kereke ya mmusi gagwe. Ba ba neng ba sa batle go tsena kereke ya mmusi ba ne ba patelesega go tswa mo nageng eo.

c Ditshwanelo tse di tshwanang le tseno di teng le mo mekgatlong e mengwe ya ditshwanelo tsa batho mo lefatsheng lotlhe. Le fa go ntse jalo, dinaga tse di reng di tsaya ditshwanelo tseno tsia, di na le go di itlhokomolosa.

d Jehofa ke leina la Modimo wa boammaaruri le le mo Baebeleng.