Fetela kwa tshedimosetsong

Basupi ba ga Jehofa ba Ikutlwa Jang ka Diphitlho?

Basupi ba ga Jehofa ba Ikutlwa Jang ka Diphitlho?

 Re latela ditaelo tsa Baebele fa go tla mo dikgannyeng tse di amanang le diphitlho, go akaretsa le dilo tse di latelang:

  •   Go tlwaelegile go utlwa botlhoko fa o tlhokafaletswe. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba utlwile botlhoko fa ba tlhokafaletswe. (Johane 11:33-35, 38; Ditiro 8:2; 9:39) Ka jalo, ga re tseye diphitlho e le nako ya go ijesa monate. (Moreri 3:1, 4; 7:1-4) Go na le moo, re di tsaya e le nako ya go gomotsa ba ba tlhokafaletsweng.—Baroma 12:15.

  •   Baswi ga ba itse sepe. Re tila meetlo kgotsa dingwao tse di dirwang ke batho ba ba dumelang gore baswi ba a re bona e bile ba ka kgona go re thusa. (Moreri 9:5, 6, 10) Meetlo eno e akaretsa ditebelelo, diphitlho tse di turang, meletlo ya go gopola baswi, mpho ya badimo, go bua le go kopa thuso mo baswing le meetlo e e dirwang fa motho a tlhokafaletswe ke molekane wa lenyalo. Re tila meetlo le dingwao tseno tsotlhe ka gonne re ikobela taelo ya Baebele e e reng: “Jalo tswang mo gare ga bone, . . . mme lo tlogele go ama selo se se seng phepa.”—2 Bakorintha 6:17.

  •   Baswi ba tla tshela gape. Baebele e re ruta gore baswi ba tlile go tshela gape le gore go tla tla nako e loso lo tla bong lo seyo ka yone. (Ditiro 24:15; Tshenolo 21:4) Go itse seno go re thusa gore re tile dingwao le meetlo e e dirwang ke batho ba bangwe le gore re latele sekao sa Bakeresete ba bogologolo.—1 Bathesalonika 4:13.

  •   Baebele ya re re nne boingotlo. (Diane 11:2) Ga re dumele gore phitlho e tshwanetse go nna lefelo la go “bontsha ka mabela se motho a nang le sone” mo botshelong. (1 Johane 2:16) Ga re dumele gore phitlho e tshwanetse go tura, go kgatlha batho, gore go rekwe makesi a a turang kgotsa gore batho ba bonwe ba apere diaparo tse di turang.

  •   Ga re pateletse batho gore ba dire diphitlho ka tsela e re di dirang ka yone. Re latela molaomotheo ono wa Baebele: “Mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelela mo Modimong.” (Baroma 14:12) Mme fa motho a re naya tshono ya go tlhalosa dilo tse re di dumelang, re dira jalo ka “bonolo le tlotlo e e boteng.”—1 Petere 3:15.

Diphitlho tsa Basupi di ntse jang?

 Lefelo: Lelapa le ka itirela tshwetso ya gore a le tla tshwarela phitlho kwa Holong ya Bogosi, kwa mabitleng, kwa legaeng la bone, kwa mmoshareng kgotsa gore a ba tla fisa setopo.

 Tirelo: Go neelwa puo go gomotsa batho ba ba tlhokafaletsweng le go tlhalosa se Baebele e se rutang ka loso le ka tsogo ya baswi. (Johane 11:25; Baroma 5:12; 2 Petere 3:13) Mo thulaganyong ya phitlho go ka tlotliwa ka botho jo bontle jwa moswi, gongwe go akarediwa le se re ka ithutang sone mo sekaong sa gagwe.—2 Samuele 1:17-27.

 Go ka opelwa pina e e theilweng mo Baebeleng. (Bakolosa 3:16) Phitlho e konela ka thapelo e e gomotsang ba ba tlileng phitlhong.—Bafilipi 4:6, 7.

 Dituelo kgotsa dikoleke: Ga re duedisa batho go tshwara diphitlho e bile ga re tseye koleke kwa diphuthegong tsa rona.—Mathaio 10:8.

 Batho ba ba tlileng phitlhong: Batho ba e seng Basupi ba ka tla phitlhong e e tshwaretsweng kwa Holong ya Bogosi fela jaaka ba ka tla fa e se phitlho.

A Basupi ba ya kwa diphitlhong tsa batho ba e seng Basupi?

 Mosupi mongwe le mongwe ke ene a itirelang tshwetso a ikaegile ka segakolodi sa gagwe. (1 Timotheo 1:19) Mme ga re nne le seabe mo meletlong ya bodumedi e re dumelang gore e kgatlhanong le melao ya Baebele.—2 Bakorintha 6:14-17.