Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GO THUSA BA BA SWETSWENG

Se se Ka Thusang ba ba Tlhokafaletsweng

Se se Ka Thusang ba ba Tlhokafaletsweng

BOSHENG JAANA GO DIRILWE DIPATLISISO TSE DINTSI MALEBANA LE KUTLOBOTLHOKO E E NNANG TENG FA MOTHO A TLHOKAFALETSWE. Mme jaaka re bone mo ditsebeng tse di fetileng, se bomankge ba se buang se tsamaisana le se se kwadilweng mo Lefokong la Modimo e leng Baebele. Seno se re bontsha gore le fa Baebele e le buka ya bogologolo, kgakololo ya yone e a thusa. Gape Baebele e na le tshedimosetso e e ka thusang batho ba ba tlhokafaletsweng.

  • Go itse gore baswi ba rona ga ba boge

    Moreri 9:5 ya re ‘baswi ga ba itse sepe’ le gore ‘dikakanyo tsa bone di a nyelela.’ (Pesalema 146:4) Gape Baebele e tshwantsha loso le boroko.—Johane 11:11.

  • Re kgothadiwa ke go itse gore Modimo o a re rata

    Pesalema 34:15 ya re: “Matlho a ga Jehofa * a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya go goa ga bone ba kopa thuso.” Go tshololela Modimo maikutlo a rona ka thapelo go gomotsa thata go feta fa o bua le motho yo mongwe kgotsa o leka go laola maikutlo a gago. Seno se re thusa gore re nne ditsala tsa Mmopi wa rona e bile o tla dirisa maatla a gagwe go re gomotsa.

  • Go itse gore go na le bokamoso jo bo itumedisang

    A o akanya gore batho ba ba mo mabitleng ba tla tsamaya ba tshela gape? Ee ka gonne Baebele e re solofetsa jalo. Baebele e tlhalosa tsela e maemo a tlileng go nna ka yone mo lefatsheng fa e re Modimo “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a [rona], mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:3, 4.

Batho ba ba dumelang mo Modimong yo go buiwang ka ene mo Baebeleng e bong Jehofa, ba kgothadiwa ke go itse gore ba tla boa ba kopana gape le baratiwa ba bone ba ba tlhokafetseng. Ka sekai, Ann yo monna wa gagwe a neng a tlhokafala morago ga gore ba fetse dingwaga tse 65 mo lenyalong a re: “Baebele e nthusa go itse gore batho ba ba tlhokafetseng ga ba boge le gore Modimo o tlile go ba tsosa. Ke na le go gopola ntlha eno nako le nako fa ke akanya ka monna wa me mme seo se nthusa gore ke kgone go itshokela se se ntiragaletseng!”

Tiina yo re buileng ka ene mo ditsebeng tse di fetileng a re: “Fa e sa le Timo a tlhokafala, Modimo o ntse a nkeme nokeng. Jehofa o ile a nkgomotsa thata fa ke ne ke utlwile botlhoko. Ke dumela se Baebele e se buang fa e re Modimo o tlile go tsosa ba ba tlhokafetseng. Seo se dira gore ke kgone go itshoka go fitlha ke boa ke kopana le Timo gape.”

Eno ke tsela e batho ba le dimilionemilione ba ba dumelang mo Baebeleng ba ikutlwang ka yone. Tota le fa o akanya gore se Baebele e se buang ga se utlwale kgotsa ke go ijesa dijo tsa ditoro fela, goreng o sa iphe nako ya go dira dipatlisiso go bona gore a kgakololo ya yone kgotsa ditsholofetso tse di mo go yone di a utlwala kana jang? Gongwe o tla fitlhela gore Baebele e kgona go thusa batho ba ba tlhokafaletsweng.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Leba dibidio tse di buang ka kgang eno mo jw.org

Baebele e re solofetsa gore batho ba ba tlhokafetseng ba tla boa ba tshela gape

BASWI BA KAE?

Go diragalang ka rona fa re swa? Karabo ya Baebele e ka re gomotsa fela thata

Ya kwa DIKGATISO > DIBIDIO (Dibidio Tsotlhe: Baebele)

DIKGANG TSE DI MOLEMO

Re ka bona kae dikgang tse di itumedisang? Bidio eno e bua ka boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo

Ya kwa DIKGATISO > DIBIDIO (Dibidio Tsotlhe: Dipokano le Bodiredi Jwa Rona)

^ ser. 7 Baebele ya re leina la Modimo ke Jehofa.