Fetela kwa tshedimosetsong

Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Swa?

Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Swa?

Karabo ya Baebele

Ke ga tlholego go botsa gore ke ka ntlha yang fa batho ba swa, segolobogolo fa mongwe yo re atamalaneng le ene a swa. Baebele ya re: “Lobolela lo lo bakang loso ke boleo.”—1 Bakorintha 15:56.

Ke ka ntlha yang fa batho botlhe ba leofile e bile ba swa?

Batho ba ntlha, Adame le Efa, ba ne ba latlhegelwa ke matshelo a bone ka gonne ba ne ba leofetse Modimo. (Genesise 3:17-19) Go tsuologela Modimo ga bone go ne go tla felela ka loso ka gonne Modimo ke ene a nang le “motswedi wa botshelo.”—Pesalema 36:9; Genesise 2:17.

Adame o ne a fetisetsa diphelelo tsa boleo mo baneng ba gagwe botlhe. Baebele ya re: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) Batho botlhe ba swa ka go bo botlhe ba leofile.—Baroma 3:23.

Kafa loso lo tla fedisiwang ka teng

Modimo o solofetsa gore go tla nna le nako e ka yone ‘a tla kometsang loso ka bosaengkae.’ (Isaia 25:8) Gore a fedise loso, o tshwanetse go tlosa selo se se lo bakang, e leng boleo. Modimo o tla dira seno a dirisa Jesu Keresete, yo o “tlosang boleo jwa lefatshe.”—Johane 1:29; 1 Johane 1:7.