Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Micronesia

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Micronesia

KATHERINE o goletse kwa United States mme fa a ne a le dingwaga di le 16 o ne a kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a dira ka natla mo bodireding le fa go ntse jalo go ne go se na batho ba le bantsi ba ba tsibogelang molaetsa wa Bogosi mo lefelong le a neng a rera kwa go lone. A re: “Ke ne ke bala ka maitemogelo a batho ba ba neng ba rapela Modimo gore a ba romele mongwe yo o ka ba thusang go mo itse. Gantsi ke ne ke eletsa e kete nka kopana le motho yo o ntseng jalo, mme seo ga se a ka sa direga.”

Morago ga gore Katherine a rere dingwaga di le dintsi mo go yone tshimo eo, o ne a simolola go akanya gore a fudugele kwa lefelong le kwa go lone batho ba tla amogelang molaetsa wa Bogosi. Le fa go ntse jalo, o ne a ipotsa gore a o tla kgona. Mo botshelong jwa gagwe jotlhe, o ne a kile a tswa mo gae a ya go eta gangwe fela—dibeke di le pedi fela—mme o ne a tlhologelelwa gae letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, keletso ya gagwe e e tswang pelong ya go batla go thusa batho ba ba batlang Jehofa e ne e le maatla go feta sepe fela. Fa a sena go akanyetsa mafelo a le mmalwa a a ka fudugelang kwa go one, o ne a kwalela lekala la kwa Guam mme a newa tshedimosetso e a neng a e tlhoka. Ka Phukwi 2007, fa Katherine a le dingwaga di le 26, o ne a fudugela kwa Saipan, setlhaketlhake sengwe se se mo Lewatleng la Pacific, dikilometara di ka nna 10 000 go tswa kwa gabone. Go fuduga ga gagwe go ne ga nna le diphelelo dife?

DITHAPELO TSE PEDI DI A ARABIWA

Nakwana fela fa Katherine a sena go goroga kwa phuthegong e ntšha, o ne a kopana le Doris, mosadi mongwe yo o mo dingwageng tsa bo40, yo o neng a amogela thuto ya Baebele. Fa ba sena go ithuta dikgaolo tsa ntlha tse tharo tsa buka ya Baebele e Ruta Eng? Katherine o ne a simolola go tshwenyega. A re: “Doris e ne e le moithuti yo o tswelelang pele sentle mme ke ne ke sa batle go senya dilo. Ke ne ke ise ke ko ke tshware thuto ya Baebele ya ka metlha mme ke ne ke akanya gore Doris o ne a tlhoka go ithuta le kgaitsadi yo o nang le maitemogelo a a oketsegileng, gongwe mongwe yo o lekanang le ene ka dingwaga.” Katherine o ne a rapela Jehofa a mo kopa gore a mo thuse go bona kgaitsadi yo o tshwanelegang yo o ka ithutang le Doris. Go tswa foo, o ne a swetsa ka gore a itsise Doris gore go na le mongwe o sele yo o tla mo tshwarelang thuto.

Katherine a re: “Pele ga nka bua ka kgang eno, Doris o ne a re go na le bothata bongwe jo a batlang go mpolelela jone. Fa ke sena go mo reetsa, ke ne ka mmolelela kafa Jehofa a ileng a nthusa ka gone ka bothata jo bo tshwanang le jwa gagwe. O ne a nteboga.” Morago ga foo, Doris o ne a raya Katherine a re: “Jehofa o go dirisa go nthusa. Ka letsatsi le o neng o tla la ntlha mo ntlong ya me, ke ne ke feditse diura tse dintsi ke bala Baebele. Ke  ne ke lela, ke kopa Modimo gore a nthomelele mongwe yo o tla nthusang go tlhaloganya Baebele. Morago ga moo, o ne wa kokota mo mojakong wa me. Jehofa o ne a arabile thapelo ya me!” Katherine o gelela dikeledi fa a tlhalosa kgang eno e e amang pelo. A re: “Se Doris a neng a se bua e ne e le karabo ya thapelo ya me. Jehofa o ne a mpontsha gore nka kgona go tswelela ka thuto eo.”

Doris o ne a kolobediwa ka 2010 mme gompieno le ene o na le dithuto di le mmalwa tsa Baebele tse a di tshwarang. Katherine a re: “A bo ke leboga jang ne go bo keletso e ke sa bolong go nna le yone ya go thusa mongwe yo o pelo e phepa go nna motlhanka wa ga Jehofa, e ile ya nna boammaaruri!” Gompieno, Katherine o itumelela go nna mmulatsela yo o kgethegileng kwa setlhaketlhakeng sa kwa Pacific sa Kosrae.

DIKGWETLHO DI LE THARO—TSELA YA GO LEBANA LE TSONE

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba fetang lekgolo ba ba tswang kwa moseja (ba dingwaga tse di tlogang ka 19 go fitlha ka 79) ba direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone kwa Micronesia. Erica yo o ileng a fudugela kwa Guam ka 2006 fa a le dingwaga di le 19, o tlhalosa sentle maikutlo a a tshwanang le a badiri bano ba ba tlhoafetseng ba nang le one. A re: “Go monate tota go nna mmulatsela mo tshimong e mo go yone batho ba nyoretsweng boammaaruri. Ke leboga thata go bo Jehofa a ile a nthusa go tsenela mofuta ono wa tirelo. Eno ke yone tsela e e molemo ya go tshela!” Gompieno, Erica o direla ka boitumelo e le mmulatsela yo o kgethegileng kwa Ebeye, kwa Ditlhaketlhakeng tsa Marshall. Gone ke boammaaruri gore go direla kwa nageng e sele go na le dikgwetlho tsa gone. Mma re sekaseke di le tharo tsa tsone mme re bone kafa batho ba ba fudugetseng kwa Micronesia ba lebanang le tsone ka teng.

Erica

Tsela ya botshelo. Fa Simon wa dingwaga di le 22 a sena go goroga kwa setlhaketlhakeng sa Palau ka 2007, o ne a lemoga ka bonako fela gore a ka amogela madi a le mannye thata fa a bapisiwa le a a neng a a amogela fa a ne a le kwa nagagaeng ya gagwe, kwa Engelane. “Ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta gore ke se ka ka reka sengwe le sengwe fela se ke se batlang. Gone jaanong, ke tlhopha ka kelotlhoko dijo tse ke batlang go di reka, ke lebelela mo mabenkeleng a mangwe go bona dilo tsa tlhwatlhwa e e kwa tlase. Fa sengwe se robega, ke batla dikarolo tsa sone tse di kileng tsa dirisiwa mme ke bo ke batla mongwe yo o ka nthusang gore ke e baakanye.” Go tshwanelwa ke go tshela botshelo jo bo motlhofo go ile ga mo ama jang? Simon a re: “Go ile ga nthusa gore ke ithute gore ke dilo dife tse di leng botlhokwa tota mo botshelong le gore nka tshela jang ka se sennye se ke nang le sone. Ka makgetlo a le mmalwa ke ne ka lemoga sentle kafa Jehofa a ntlhokomelang ka gone. Mo dingwageng di le supa tse ke ntseng ke direla mono ka tsone, ka metlha ke nna ke ntse ke na le se nka se jang le lefelo la go latsa tlhogo.” Ee ruri, Jehofa o tshegetsa batho ba ba tshelang botshelo jo bo sa raraanang e le ka gonne ba batla Bogosi pele.—Math. 6:32, 33.

Go tlhologelelwa gae. Erica a re: “Ke atamalane thata le ba lelapa la gaetsho, mme ke ne ke tshwenyegile gore go ba tlhologelelwa go ne go tla kgoreletsa bodiredi jwa me.” O ne a dira eng go ipaakanyetsa seno? “Pele ga ke fuduga, ke ne ka bala ditlhogo tsa Tora ya Tebelo tse di buang ka go tlhologelelwa gae. Seno se ne sa nthusa gore ke kgone go lebana le kgwetlho eo. Mo setlhogong sengwe,  mmè mongwe o ne a tlhomamisetsa morwadie gore Jehofa o tla mo tlhokomela, a re, ‘Jehofa a ka go tlhokomela botoka go na le nna.’ Ruri mafoko ao a ne a nnonotsha.” Hannah le mogatse e bong Patrick, ba direla kwa Majuro kwa Ditlhaketlhakeng tsa Marshall. Hannah o lepalepana le bothata jwa go tlhologelelwa gae ka go tlhoma mogopolo mo bakaulengweng le bokgaitsadi ba phuthego e ba leng mo go yone. A re: “Ka metlha ke leboga Jehofa ka ntlha ya bokaulengwe jwa rona jwa lefatshe lotlhe ka gonne le bone bakaulengwe bano ke karolo ya lelapa la gaetsho. Fa ba ne ba sa nkema nokeng ka lorato, ke ne ke se kitla ke kgona go direla kwa go nang le tlhokego gone.”

Simon

Go nna le ditsala. Simon a re: “Fa o goroga kwa nageng e sele, bontsi jwa dilo ga di tshwane le tse o di tlwaetseng. Ka dinako tse dingwe ke tlhologelelwa go dira metlae e batho ba ka e tlhaloganyang sentle.” Erica a re: “Kwa tshimologong, ke ne ke sa kgone go tlwaelana le ba bangwe, mme seo se ne sa nthusa gore ke akanyetse maitlhomo a me a go fuduga. Ga ke a fuduga ka gonne ke batla gore nna ke solegelwe molemo, go na le moo e ne e le gore ke direle Jehofa mo go oketsegileng.” Gape o ne a re: “Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka nna le ditsala tse di itumedisang tse ke di ratang thata.” Simon o ne a dira ka natla go ithuta Se-Palau, mme seo se mo thusa go ‘pitlologa’ le go tlwaelana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba lefelo leo. (2 Bakor. 6:13) Maiteko a a neng a a dira go ithuta puo eo a ne a dira gore bakaulengwe ba mo rate thata. Ee, fa batho ba ba sa tswang go goroga mo nageng e sele le bakaulengwe ba lefelo leo ba dirisana mmogo, ba tla itumelela go nna ditsala tse di atamalaneng thata mo phuthegong. Batho ba ba ithaopang ka go rata go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone ba nna le diphelelo dife tse dingwe tse di molemo?

‘GO ROBA KA BOGOLO’

Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Yo o jalang ka bogolo gape o tla roba ka bogolo.” (2 Bakor. 9:6) Ga go pelaelo gore molaomotheo o o mo mafokong ano o dira le mo bathong ba ba oketsang bodiredi jwa bone. Ke melemo efe e ba e ‘robang ka bogolo’ kwa Micronesia?

Patrick le Hannah

Kwa Micronesia, go sa ntse go na le ditshono di le dintsi tsa go simolola dithuto tsa Baebele le go iponela ka matlho kafa batho ba ba ithutang boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo le go bo dirisa, ba gatelang pele semoyeng ka teng. Patrick le Hannah ba ile ba rera le kwa Angaur, setlhaketlhake se sennye se se nang le baagi ba le 320. Fa ba sena go rera koo ka dikgwedi di le pedi, ba ne ba kopana le mmè mongwe yo o se nang molekane. Ka bonako fela o ne a amogela thuto ya Baebele, a ithuta ka tlhoafalo mme a dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe. Hannah a re: “Morago ga thuto nngwe le nngwe, fa re palama dibaesekele tsa rona re tsamaya, re ne re lebana, re bo re re: ‘Re a go leboga Jehofa!’” Gape Hannah a re: “Ke a itse gore Jehofa a ka bo a ile a dirisa tsela epe fela go gogela mosadi yono kwa go ene, mme ka ntlha ya go bo re direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone, re ile ra kgona go bona nku eno le go e thusa go itse Jehofa. Ano ke mangwe a maitemogelo a a molemo go a feta otlhe a re kileng ra nna le one mo botshelong jwa rona!” Jaaka Erica a bolela, “fa o thusa motho go itse Jehofa, o nna le boipelo jo bo seng kana ka sepe!”

A O KA THUSA?

Mo dinageng di le dintsi, go tlhokega bareri ba Bogosi ba ba oketsegileng. A o ka nna mongwe wa batho ba ba ka fudugelang kwa mafelong a a tlhokang thuso? Rapela Jehofa o mo kope gore a go thuse go nna le keletso e kgolo ya go oketsa bodiredi jwa gago. Tlotla ka kgang eno le bagolwane ba phuthego, molebedi wa potologo kgotsa batho bangwe ba ba kileng ba nna le tshiamelo ya go direla kwa go neng go tlhokega thuso gone. Fa o simolola go dira dithulaganyo, kwalela lekala le le tlhokomelang tshimo e o batlang go ya kwa go yone mme o kope tshedimosetso e e oketsegileng. * Gongwe le wena o ka kopanela le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba diketekete—ba basha kgotsa ba ba godileng, ba ba seng mo lenyalong kgotsa ba ba mo lenyalong—ba ba ithaopang ka go rata mme o itumelele go “roba ka bogolo.”

^ ser. 17 Bona setlhogo se se reng, “A o Ka Kgona go ya Kwa Makedonia?” mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 2011.