Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itumelele Masego a go Abela ba Bangwe

Itumelele Masego a go Abela ba Bangwe

“BESE e ka nna ya tsamaya mme monna wa Mo-China ene o a sala!” Seo ke se Alexandra a ileng a se utlwa fa a le mo beseng e e neng e tloga e kgabaganya molelwane o o fa gare ga dinaga tse pedi tsa Amerika Borwa. O ne a fologa a ya go bona gore go diragalang mme a fitlhela lekawana la Mo-China le leka go tlhalosetsa motlhokomedi wa kwa molelwaneng bothata jwa lone le ntse le itoma diteme ka Se-Spain. E re ka Alexandra a ne a kopanela mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa ya Se-China, o ne a ithaopela go toloka.

Monna yoo o ne a tlhalosetsa motlhokomedi gore ke moagi wa koo mme batho ba ne ba utswile dipampiri le madi a gagwe. Kwa tshimologong, motlhokomedi o ne a sa dumele se monna yoo a neng a se bua e bile o ne a belaela gore Alexandra ke mongwe wa batho ba ba utswang batho ba bo ba gweba ka bone. Kwa bofelong o ne a dumela kgang ya monna yoo a bo a re a duele madi a gore ga a tshwara dipampiri tse di tlhokegang. E re ka a ne a sena madi, Alexandra o ne a mo naya madi a a kana ka R280. Monna yoo o ne a mo leboga thata a bo a mo raya a re o tla mo duela madi a a fetang ao. Alexandra o ne a tlhalosa gore o ne a sa batle go duelwa le gore o itumelela go mo thusa ka gonne go dira jalo ke selo se se siameng. O ne a naya monna yoo dikgatiso tse di buang ka Baebele a bo a mo kgothaletsa gore a ithute Baebele le Basupi.

Go a itumedisa go utlwa gore batho ba bangwe ba kgona go abela batho ba ba sa ba itseng le gore dilo tse di ntseng jalo di dirwa ke batho ba ba tsenang kereke le batho ba ba sa e tseneng. A o ne o ka ikemisetsa go thusa ba bangwe ka tsela eo e e bontshang gore o ba tsaya ba le botlhokwa? Potso eo e botlhokwa ka gonne Jesu o ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Gape dipatlisiso tsa saense di bontsha gore go aba go a thusa. Mma re bone gore go thusa jang.

GO ITUMELELA GO ABA

Go lemogilwe gore go abela ba bangwe le go itumela ke monwana le lenala. Moaposetoloi Paulo o ne a re “Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.” O ne a bua ka Bakeresete ba ba neng ba ntsha meneelo go thusa badumedimmogo le bone ka dinako tsa mathata. (2 Bakorintha 8:4; 9:7) Paulo o ne a sa re ba abetse ba bangwe ka gonne ba ne ba itumetse. Boammaaruri ke gore go abela ba bangwe go ne go dirile gore ba itumele.

Patlisiso nngwe ya re go aba “go ama dikarolo tsa boboko tse di dirang gore motho a itumele, a dirisane le ba bangwe sentle le go ba tshepa mme seo se dira gore motho a kgotsofale.” Patlisiso e nngwe yone ya re “go naya mongwe madi go dira gore o itumele thata go gaisa fa o a dirisa.”

A o kile wa akanya gore o ka se kgone go abela ba bangwe ka gonne maemo a gago ga a go letle? Boammaaruri ke gore rotlhe re ka kgona go itumelela go abela ba bangwe. Fa o aba mpho ka maitlhomo a a siameng, ga e tlhoke go nna ya maemo a a kwa godimo. Mosupi mongwe wa ga Jehofa o ne a kwalela bagatisi ba makasine ono lekwalo le le nang le moneelo a re: “Ke feditse dingwaga ke ntsha moneelo o monnye kwa Holong ya Bogosi.” Le fa go ntse jalo, o ne a re: “Jehofa Modimo o nneile se se fetang se ke mo neileng sone. . . . Ke lo leboga thata ka go bo lo nthusitse gore ke ntshe mpho eno—go dira gore ke itumele.”

Madi ga se one fela a re ka a abang. Re ka aba ka ditsela tse dintsi.

GO ABA GO SIAMETSE BOTSOGO JWA GAGO

Go aba go dira gore wena le batho ba bangwe lo itumele

Baebele ya re: “Motho wa bopelonomi jwa lorato o direla moya wa gagwe ka tsela e e duelang, mme motho yo o setlhogo o tlisetsa mmele wa gagwe matlhabisa ditlhong.” (Diane 11:17) Batho ba ba pelonomi ba ikemiseditse go abela ba bangwe nako ya bone, maatla, tlhokomelo le dilo tse dingwe. Go tshela jaana go ba thusa ka ditsela tse di farologaneng, mme e e di gaisang tsotlhe ke gore go siametse botsogo jwa bone.

Dipatlisiso di bontsha gore batho ba ba ithaopelang go thusa ba bangwe ga ba nne le ditlhabi tse dintsi e bile ga ba gatelelwe thata mo maikutlong. Go na le moo, ba nna le botsogo jo bo botoka. Gape go itumelela go abela ba bangwe go tokafatsa botsogo jwa batho ba ba tshwerweng ke malwetse a a sa alafegeng jaaka jwa go omelela dithishu tsa mmele le HIV. Gape dipatlisiso di bontsha gore fa batho ba ba lekang go tlogela go nwa bojalwa thata ba direla batho ba bangwe dilo tse di siameng, ga ba gatelelwe thata mo maikutlong e bile seo se dira gore ba se ka ba nna le poelomorago.

Go akanngwa gore go “utlwela ba bangwe botlhoko, go aba le go nna pelonomi, go dira gore motho a se ka a nna le maikutlo a a sa siamang.” Gape go aba go dira gore motho a se ka a tshwenyega thata e bile go dira gore madi a elele sentle mo mmeleng. E bile fa batho ba ba tlhokafaletsweng ke balekane ba bone ba ne ba thusa batho ba bangwe, seo se ne se ba thusa gore ba se ka ba tshwenyega thata mo maikutlong.

Ruri seno ke boammaaruri. Go aba go a thusa.

FA O ABELA BA BANGWE, LE BONE BA TLA ABA

Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Itlwaetseng go aba, mme batho ba tla lo abela. Ba tla tshela mo diropeng tsa lona selekanyo se se molemo, se papietswe, se tsikitleditswe e bile se penologa. Gonne ka selekanyo se lo lekanyang ka sone, le bone ba tla lo lekanyetsa ka sone.” (Luke 6:38) Fa o aba, batho ba bangwe ba tla go leboga e bile ba tla itlwaetsa go abela ba bangwe. Go aba go dira gore batho ba dirisane sentle ba bo ba nne ditsala.

Go aba go dira gore batho ba dirisane sentle ba bo ba nne ditsala

Babatlisisi ba ba ithutang ka ditirisano tsa batho ba lemogile gore “batho ba ba tsayang ba bangwe ba le botlhokwa, ba ba tlhotlheletsa go dira se se tshwanang.” Tota e bile, “go bala fela ka batho ba ba botshitseng gore ba kgathalela ba bangwe, go tlhotlheletsa motho gore a itlwaetse go aba.” Le fa go ntse jalo, patlisiso nngwe ya re “mongwe le mongwe a ka kgona go tlhotlheletsa batho ba bangwe kgotsa batho ba bantsi go akaretsa le ba a sa ba itseng kgotsa ba a iseng a kopane le bone.” Seno se raya gore fa o abela motho sengwe, le ene a ka abela yo mongwe mme batho ba bangwe le bone ba bo ba simolola go dira jalo. A o ka se itumelele go tshela le batho ba ba ntseng jalo? Ruri go ne go tla nna monate tota fa batho ba ne ba ka itlwaetsa go aba.

Go ne ga direga sengwe kwa Florida, U.S.A. se se bontshang gore go aba go a thusa. Setlhopha sa Basupi ba ga Jehofa se ne sa ithaopela go thusa batho ba ba neng ba senyeditswe ke kgwanyape. Fa ba ntse ba letetse didirisiwa kwa ntlong e ba neng ba tlile go e baakanya, ba ne ba lemoga gore fense ya moagelani mongwe e ne e senyegile, ka jalo ba ne ba e baakanya. Moragonyana moagelani yoo o ne a kwalela ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa a re: “Ke lo leboga go menagane. Ga ke ise ke kopane le batho ba ba lorato jaana.” Go leboga go ile ga mo tlhotlheletsa go ntsha moneelo o a neng a re ke wa tiro e e kgolo ya Basupi.

ETSA JEHOFA KA GO ABA

Dipatlisiso tsa saense di bontsha gore “go lebega go na le sengwe se se tlhotlheletsang batho go thusa ba bangwe.” Patlisiso eo ya re bana “ba bontsha gore ba kgathalela batho ba bangwe le fa ba ise ba itse go bua.” Goreng? Ka gonne Baebele ya re batho ba bopilwe “mo setshwanong sa Modimo,” ka jalo, ba na le dinonofo tse di tshwanang le tsa Modimo.—Genesise 1:27.

Nngwe ya dinonofo tse di kgatlhang ka Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimo, ke bopelotshweu. O re neile botshelo le sengwe le sengwe se re se tlhokang gore re itumele. (Ditiro 14:17; 17:26-28) Re ka itse Rraarona yo o kwa legodimong le boikaelelo jwa gagwe jo bo siameng ka go ithuta Lefoko la gagwe e leng Baebele. Gape Baebele e tlhalosa gore Modimo o re baakanyeditse bokamoso jo bo itumedisang. * (1 Johane 4:9, 10) E re ka Jehofa Modimo e le motswedi wa bopelotshweu e bile re bopilwe mo setshwanong sa gagwe, re tshwanetse go mo etsa ka go abela ba bangwe, ka gonne seno se tla re thusa e bile se tla dira gore a re amogele.—Bahebera 13:16.

A o gopola Alexandra yo re buileng ka ene kwa tshimologong ya setlhogo seno? Kgang ya gagwe e ne ya fela jang? Motho yo a neng a palame bese le ene o ne a mo raya a re o sentse ka madi a gagwe ka go a naya monna wa Mo-China. Monna yoo o ne a founela ditsala tsa gagwe gore di mo kgatlhantshe kwa bese e emang gone mme o ne a duela Alexandra. Gape monna yoo o ne a dira se Alexandra a neng a mo kopile sone a bo a simolola go ithuta Baebele. Ba ne ba itumelela go kopana gape morago ga dikgwedi di le tharo kwa kopanong ya Se-China ya Basupi ba ga Jehofa kwa Peru. Monna yono o ne a bontsha gore o leboga Alexandra ka go mo laletsa le batho ba a neng a ile le bone kwa kopanong go ya go ja kwa resetšhurenteng ya gagwe.

Go abela ba bangwe le go ba thusa go dira gore motho a itumele. Mme go itumedisa thata fa o thusa batho ba bangwe go itse Motswedi wa dimpho tsotlhe tse di molemo e bong Jehofa Modimo! (Jakobe 1:17) A o itumelela masego a go abela ba bangwe?

^ ser. 21 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. E gone mo www.pr418.com/tn. Leba DIKGATISO > DIBUKA & DIBUKANA.