Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GO THUSA LELAPA | LENYALO

Go Dirisana le Batsadi ba Molekane wa Gago

Go Dirisana le Batsadi ba Molekane wa Gago

KGWETLHO

“Fa re na le mathata, mosadi wa me o ne a bolelela batsadi ba gagwe ka gone. Mme rraagwe o ne a mpiletsa kwa go ene gore a nkgakolole. Ke ne ke sa itumela le e seng!”—James. *

“Matsalaake o tle a re, ‘Ke tlhologelela morwaake!’ O nnela go bua gore ba ne ba atamalane, mme seo se dira gore ke ikutlwe molato go bo ke nyalane le ene e bile ke baketse mmaagwe kutlobotlhoko e kana kana!” —Natasha.

A lo ka kgona go dira gore go dirisana le batsadi ba lona e se ka ya nna bothata mo lenyalong la lona?

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Lenyalo le dira gore o nne le lelapa le lesha. Baebele ya re monna yo o nyalang “o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe.” Go ntse fela jalo le ka mosadi. Baebele ya re fa a nyalwa, bobedi jono e nna “nama e le nngwe.” Ba nna lelapa le lesha.—Mathaio 19:5.

Lenyalo la lona le tla pele ga batsadi ba lona. Mogakolodi wa manyalo e bong John M. Gottman o ne a kwala jaana: “Sengwe sa dilo tsa botlhokwa thata se motho yo o nyetsweng a tshwanetseng go se dira ke go akanya ka molekane wa gagwe mo go sengwe le sengwe se a se dirang. Fa o batla gore wena le molekane wa gago lo nne seoposengwe, o ka tshwanelwa ke go tlogela go dira dilo tse o neng o di dira le ba lelapa la gaeno.” *

Go ka nna thata gore batsadi bangwe ba tlwaele. Monna mongwe yo o sa tswang go nyala a re: “Pele ke nyala, mosadi wa me o ne a direla batsadi ba gagwe sengwe le sengwe se ba se batlang. Mme fa re sena go nyalana, mmaagwe o ne a lemoga gore go na le mongwe yo o tlang pele mo botshelong jwa gagwe. Go ne go le thata gore a tlwaele.”

Go ka nna thata le mo bathong ba ba sa tswang go nyalana. James yo o umakilweng pelenyana a re: “Batsadi ba molekane wa gago ga ba tshwane le ditsala tse o di itlhophetseng. Go ntse jaaka e kete mongwe a re, ‘O na le ditsala tse pedi tse disha, o rata kgotsa o sa rate.’ Tota le fa ba sa go tseye sentle, ke ba lelapa la gago!”

SE O KA SE DIRANG

Fa wena le molekane wa gago lo na le mathata a go dirisana sentle le batsadi ba lona, a rarabololeng mmogo. Dirisa kgakololo ya Baebele ya go “senka kagiso, mme o e latelele.”—Pesalema 34:14.

Gore o kgone go dira seno, akanya ka ditiragalo tse di latelang. Mo go tsone, go buiwa ka monna kgotsa mosadi. Le fa go ntse jalo, dikgwetlho tseno di ama banna le basadi, mme melaometheo e go builweng ka yone e ka go thusa go rarabolola mathata a amanang le batsadi ba molekane wa gago.

Mosadi wa gago a re o eletsa e kete o ka bo o atamalane le mmaagwe. Mme go thata gore o dirisane le ene.

Leka seno: Bua le mosadi wa gago ka bothata jono, mme o ikemisetse go dira diphetogo. Kgang ya botlhokwa ke gore o ikutlwa jang ka mosadi wa gago yo o ikanneng gore o tla mo rata—e seng gore o ikutlwa jang ka matsalaago. Fa lo ntse lo tlotla ka gone, batla tsela e le nngwe kgotsa tse pedi tsa kafa o ka tokafatsang kamano ya gago le matsalaago ka gone, mme o dire jalo. Fa mosadi wa gago a bona matsapa a o a tsayang, ga go pelaelo gore o tla go tlotla thata.—Molaomotheo wa Baebele: 1 Bakorintha 10:24.

Monna wa gago a re o rata batsadi ba gago go mo feta.

Leka seno: Bua le monna wa gago ka bothata jono, mme o leke go leba dilo ka tsela e a di lebang ka yone. Ke boammaaruri gore monna wa gago ga a tshwanela go fufega fa o tlotla batsadi ba gago. (Diane 23:22) Mme gone o ka tshwanelwa ke go mo tlhomamisetsa—ka mafoko le ka ditiro—gore o tla pele ga batsadi ba gago. Fa monna wa gago a tlhomamisegile ka seno, a ka se nne le boikutlo jwa gore o rata batsadi ba gago go mo gaisa.—Molaomotheo wa Baebele: Baefeso 5:33.

Mosadi wa gago o kopa kgakololo mo batsading ba gagwe e seng mo go wena.

Leka seno: Bua le mosadi wa gago mme lo dumalane gore lo tla dirisana jang le batsadi ba lona. Lwelang go nna tekatekano. A ka metlha go phoso gore o bue le motsadi fa o na le mathata? O ka bua leng le ene? Fa lo dumalana ka gore lo tla dirisana jang le bone, seo e ka se nne bothata.—Molaomotheo wa Baebele: Bafilipi 4:5.

^ ser. 4 Maina a a mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 9 Go tswa mo bukeng ya The Seven Principles for Making Marriage Work.