Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 POTSOLOTSO | BRETT SCHENCK

“Ke Tlhatswegile Pelo Gore Botshelo bo Tlhamilwe ke Modimo”

“Ke Tlhatswegile Pelo Gore Botshelo bo Tlhamilwe ke Modimo”

Brett Schenck ke moitse wa tsa tikologo kwa United States yo o tlogetseng tiro. O ithutile kafa dimela, diphologolo mmogo le tikologo di dirisanang ka teng. Ke eng fa a dumela gore go na le Mmopi? Tsogang! e ne ya mmotsolotsa ka tiro ya gagwe ya saense le ka tumelo ya gagwe.

O godile jang?

Rre e ne e le moenjenere wa metšhine. Gantsi o ne a le matlhagatlhaga fa a ntlotlela ka dipalo le saense. Fa ke sa le mosimane, ke ne ke kgatlhiwa ke dimela le diphologolo tse di mo dinokaneng le mo makadibeng a a fa gaufi le kwa gae kwa New Paris, Ohio, kwa U.S.A. Ka jalo fa ke ya kwa Purdue University ke ne ka ithuta ikholoji, e leng thuto ya kafa ditshedi, dimela le tikologo ya tsone di amanang ka teng.

A o ne o kgatlhegela bodumedi?

Ee. Rre o ne a nkgothaletsa go ithuta ka bodumedi jwa rona jwa Lutere. Ke ne ka ithuta Segerika (se se tlwaelegileng) sa Se-Koine, nngwe ya dipuo tsa ntlha tse Baebele e neng ya kwalwa ka tsone. Ke ne ka simolola go tlotla Baebele thata.

O ne o ikutlwa jang ka kgopolo ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe?

Kereke e ke neng ke e tsena e ne e dumalana le kgopolo eno. Badiri ka nna ba ne ba e dumela. Ka jalo le nna ke ne ka e dumela fela. Mme gape ke ne ke dumela mo Modimong. Ke ne ke akanya gore ditumelo tseno tse pedi di a nyalana. Le fa ke ne ke tlotla Baebele, ke ne ke sa dumele gore e tswa kwa Modimong.

Ke eng se se dirileng gore o fetole tsela e o neng o leba Baebele ka yone?

Nna le mosadi wa me Debbie re ne ra etelwa ke banyalani ba Basupi ba ga Jehofa e bong Steve le Sandy. Ba ne ba re bontsha gore le fa Baebele e se buka e e rutang saense, e bua boammaaruri ka dilo tsa saense. Ka sekai, fa e bua ka Modimo ya re: “Go na le Yo o nnang kwa godimo ga kgolokwe ya lefatshe.” (Isaia 40:22) Gape ya re: “O lepeletsa lefatshe mo go se nang sepe.” (Jobe 26:7) Ka nako eo ke ne ke dirisa ditshwantsho tse di tserweng ka sathalaete go ithuta ikholoji, ka jalo ke ne ka kgatlhiwa ke ditemana tseno. Di kwadilwe pele motho ope fela a ka tsaya setshwantsho sa lefatshe le le lepeletseng mo go se nang sepe. Fa nna le mosadi wa me re ntse re ithuta  Baebele le Steve le Sandy, ke ne ka ithuta ka dipolelelopele tse di diragaditsweng, ka kgakololo e e mosola le ka ditlhaloso tse di neng tsa ntlhatswa pelo. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka tlhatswega pelo gore Baebele ke Lefoko la Modimo.

O fetotse mogopolo leng malebana le gore botshelo bo simologile jang?

Kgabagare Steve o ne a mpontsha mafoko ano a a utlwalang sentle a a mo Baebeleng: “Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lo lo tswang mo mmung.” (Genesise 2:7) Botshelo jwa motho wa ntlha mo lefatsheng bo tlhalosiwa sentle mo Baebeleng. Seno se ne sa tsosa potso e e reng: A Baebele e dumalana le dintlha tsa saense? Steve o ne a nkgothaletsa go batlisisa kgang eo mme ke ne ka dira jalo.

O ithutileng ka thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe?

Ke ithutile dilo di le dintsi. Sengwe sa tsone ke gore thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe e leka go tlhalosa gore mefuta ya ditshedi e tswa kae. Ditshedi tsotlhe di na le dirwe tse di dirang sentle tse di jaaka pelo, makgwafo le matlho. Gape fa re leba ditshedi tse dinnye tse di bonwang fela ka maekerosekoupo, re bona thulaganyo e e tlhamilweng ka tsela e e gakgamatsang mo teng ga disele. Dilo tseo di tlhamilwe ke mang? Batho ba ba dumelang gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe, ba dumela gore dithulaganyo tse di atlegang tsa ditshedi di tswelela di le teng ka gonne ditshedi tse di nang le tsone ke tsone di kgonang go tswelela di tshela botoka. Mme kgopolo eo ga e arabe potso e e reng: Dithulaganyo tseo di tswa kae? Ke lemogile gore borasaense ba le bantsi ga ba dumele gore thuto ya go iphetogela ga ditshedi e araba potso eno. Porofesa mongwe wa thutodiphologolo o ne a ntoma tsebe a re ga a dumele dithuto dipe fela tsa go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe. Le fa go ntse jalo, o ne a sa batle gore go itsewe maikutlo a gagwe ka gonne a sa batle go latlhegelwa ke tiro.

A se o se itseng ka ikholoji se nonotsha tumelo ya gago?

Ee, se a e nonotsha. Tiro ya me e ne e akaretsa go ithuta kafa ditshedi di dirisanang ka teng. Mo lefatsheng, setshedi sengwe le sengwe se tlhoka se sengwe. Ka sekai, akanya ka malomo le dinotshe. Mebala ya malomo, menko ya one, tswina ya one le tsela e a bopegileng ka yone e diretswe gore malomo a ngoke dinotshe le gore di tshasegelwe ke mmudula. Dinotshe di dirilwe gore di kgone go monya tswina mo lelomong lengwe di bo di isa mmudula wa lone kwa go le lengwe gore semela se ate. Go bonala sentle gore malomo le dinotshe di diretswe gore di thusane ka se di se tlhokang.

‘Tsela e thulaganyo yotlhe ya ditshedi mo lefatsheng e kgonang go itsosolosa ka yone e ntlhatswa pelo gore botshelo bo tlhamilwe ke Modimo’

Mo thulaganyong ya go dirisana ga dimela le ditshedi, re bona kafa di tlhokanang thata ka teng. Thulaganyo eno ke tikologo e mo go yone go nang le mefuta e le diketekete ya diphologolo, dimela, dibakateria le di-fungus. Diphologolo tsotlhe di tlhoka dimela gore di je le gore di bone okosejene mme bontsi jwa dimela tse di nang le malomo di tlhoka diphologolo. Le fa dithulaganyo tsa dimela le ditshedi di raraane thata mme ditshedi tse di mo dithulaganyong tseno di lebega di ka swa motlhofo, di ka kgona go tswelela di le teng ka diketekete tsa dingwaga. Tota le fa thulaganyo nngwe ya dimela le ditshedi e ka senyega ka ntlha ya kgotlelo, fa kgotlelo eo e fela, thulaganyo eo e kgona go boa e itsosolosa gape. Fa ke bona kafa thulaganyo ya ditshedi tsotlhe mo lefatsheng e kgonang go itsosolosa ka teng, ke tlhatswega pelo gore botshelo bo tlhamilwe ke Modimo.

Ke ka ntlha yang fa o ile wa nna Mosupi wa ga Jehofa?

Ke ne ke tshwentswe thata ke go bona kafa batho ba senyang tikologo ka teng. Ke ne ke itse gore le fa dithulaganyo tsa ditshedi di kgona go itsosolosa, seo ga se reye gore di ka se senngwe. Basupi ba ga Jehofa ba nthutile gore go ya ka Dikwalo, Modimo o tla “senya ba ba senyang lefatshe.” (Tshenolo 11:18) Ke ne ke tsaya mafoko ao a le botlhokwa. Fa ke ntse ke ithuta Baebele, ke ne ka simolola go lemoga gore tsholofelo e re e newang mo Baebeleng ruri e tla diragala.

Ke itumelela go bolelela ba bangwe dilo tse ke di dumelang, mme ke ithutile Baebele le borasaense bangwe. Fa ke le dingwaga di le 55, ke ne ka rola tiro pele ga nako gore ke dirise nako e e oketsegileng ke thusa batho go tlhaloganya Mmopi wa botshelo le boikaelelo jwa gagwe fa a ne a bopa lefatshe la rona le lentlentle.