Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SE SE KA FA NTLE

Go Fedisa Tirisodikgoka mo Lelapeng

Go Fedisa Tirisodikgoka mo Lelapeng

Tiragalo 1: Batsadi ba ga Isabel * ba etile. Ba itisa monate le morwadiabone le monna wa gagwe, e bile ba nna le motlotlo o o monate. Ruri motsadi mongwe le mongwe a ka ikutlwa a le motlotlo ka monna yo o nyetseng morwadie. O mo tshwere sentle tota.

Tiragalo 2: Frank o tuka bogale. Le mo lekgetlhong leno, o tla phatloga ka bogale jaaka a tlwaetse—mme seo se raya gore o tla itaya mosadi wa gagwe mo sefatlhegong, a mo rage, a mo goge ka moriri kgotsa a mo itaaganye gantsi ka tlhogo mo leboteng.

O KA nna wa gakgamadiwa ke go utlwa gore ditiragalo tseno ka bobedi ke tsa batho ba le bangwe fela.

Fela jaaka batho ba le bantsi ba ba dirisang dikgoka mo malapeng a bone, Frank o itse go itira e kete ke motho yo o siameng fa a le mo gare ga batho kgotsa fa a na le batsadi ba mosadi wa gagwe. Mme fa Frank a na le mosadi wa gagwe ba le babedi fela, o nna setlhogo mo go ene ka tsela e e feteletseng.

Banna ba le bantsi ba ba tshwanang le Frank ba goletse mo malapeng a tirisodikgoka e neng e tlwaelegile mo go one, mme fa ba setse ba godile ba akanya gore boitshwaro jwa bone bo a  amogelesega e bile bo siame. Mme gone ga go sepe se se siameng ka tirisodikgoka ya mo lelapeng. Ke gone ka moo batho ba gamaregang fa ba utlwa go twe monna o iteile mosadi wa gagwe.

Le fa go ntse jalo, tirisodikgoka ya mo lelapeng e aname ka tsela e e sa jeseng diwelang. Ka sekai, kwa United States, mo patlisisong nngwe go ne ga fitlhelwa gore mo letsatsing le le lengwe fela, go letsa palogare ya batho ba feta 16 ka motsotso mo nageng eo yotlhe ba leletsa mafelo a a thusang batho ba ba sotliwang mo malapeng. Tirisodikgoka ya mo lelapeng ke bothata jo bo aparetseng lefatshe lotlhe, jo bo amang batho ba ditso tsotlhe, ba maemo otlhe a itsholelo le ba maemo otlhe mo setšhabeng. E re ka bontsi jwa ditiragalo di sa begelwe mapodise kgotsa balaodi, go bonala sentle gore tirisodikgoka ya mo lelapeng e aname thata go feta kafa dipalopalo di bontshang ka teng. *

Dipego tsa tirisodikgoka ya mo lelapeng di tsosa dipotso tse di jaaka tseno: Go tla jang gore monna a tshware motho yo mongwe makgwakgwa jaana, segolobogolo mosadi wa gagwe? A banna ba ba itayang basadi ba bone ba ka thusiwa?

Basupi ba ga Jehofa, bagatisi ba makasine ono, ba dumela gore kgakololo e e mosola ya Baebele e ka thusa batho ba ba dirisang dikgoka mo balekaneng ba bone ba lenyalo gore ba fetole tsela e ba itshwarang ka yone. A go motlhofo gore motho a tlogele boitshwaro jo bo ntseng jalo? Nnyaa, ga go motlhofo. A mme go ka kgonega? Ee! Go ithuta Baebele go thusitse batho ba le bantsi gore ba tlogele mokgwa wa go nna dikgoka mme ba nne pelonomi ba bo ba bontshe tlotlo. (Bakolosa 3:8-10) Akanya ka kgang ya ga Troy le Valerie.

Lo ne lo dirisana jang kwa tshimologong?

Valerie: Mo maitseboeng a fa Troy a sena go ntlhoma letlhokwa, o ne a mpetsa ka tlelapa mo ke neng ka sala ke na le letsadi le le neng la  tsaya beke yotlhe go fola. O ne a kopa maitshwarelo a sa kgaotse mme a ntsholofetsa gore a ka se tlhole a mpaya seatla. Mo dingwageng tse di neng tsa latela, go kopa maitshwarelo e ne ya nna puo ya ka metlha.

Troy: Ke ne ke tenwa ke sengwe le sengwe fela—ka sekai, gore dijo ga di a tlisiwa ka nako. Nako nngwe ke ne ka itaya Valerie ka tlhobolo. Ka lekgetlho le lengwe, ke ne ka mo itaya botlhoko mo ke neng ke akanya gore ke mmolaile. Go tswa foo ke ne ka leka go mo tshosa ka go baya thipa mo molaleng wa ngwana wa rona ke mo tshosetsa ka go re ke tla mmolaya.

Valerie: Ke ne ke tshelela mo letshogong. Ka dinako tse dingwe ke ne ke tshwanelwa ke go tswa mo ntlong ke sia go fitlha Troy a diga makgwafo. Mme le fa a ne a mpetsa botlhoko jalo, go itshokela dipuo tsa gagwe tse di kgobang go ne go le thata go feta go itshokela dititeo tsa gagwe.

Troy, a o ne o sa bolo go nna motho yo o dikgoka?

Troy: Ee, go tloga fela ke sa le ngwana. Ke goletse mo lelapeng le le tletseng tirisodikgoka. Rre o ne a tlhola a itaya Mmè fa pele ga me le bana ba kwa gae. Fa Rre a sena go tswa mo gae, Mmè o ne a nna le monna yo mongwe yo le ene a neng a mo itaya. Gape o ne a betelela nkgonne wa mosetsana—le nna. O ne a tlhatlhelwa mo kgolegelong ka ntlha ya seo. Gone ke a itse gore dilo tseno tsotlhe ga di kae gore go siame gore ke dirise dikgoka.

Valerie, ke eng se se dirileng gore o se ka wa tswa mo lenyalong leno?

Valerie: Ke ne ke boifa. Ke ne ke akanya gore, ‘Gongwe o tla mpatla a bo a mpolaya kgotsa a bolaya batsadi ba me. Gongwe fa nka mo tshwarisa, dilo di tla etegela pele.’

Dilo di simolotse leng go fetoga?

Troy: Mosadi wa me o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Kwa tshimologong ke ne ke fufega ka gonne a na le ditsala tse disha gape ke ne ke akanya gore ke tshwanetse go mo namola mo bathong ba ke neng ke tsaya gore ke lekoko le le sa tlwaelegang. Ka jalo ke ne ka nna dikgoka le go feta, e seng mo go Valerie fela, mme le mo Basuping. Mme letsatsi lengwe morwa wa rona wa dingwaga tse nnè e bong Daniel, yo o neng a na le bolwetse jwa go wa, o ne a robadiwa kwa kokelong ka dibeke di ka nna tharo. Mo nakong eo, Basupi ba ne ba re direla mo gontsi—go akaretsa le go re tlhokomelela morwadiarona wa dingwaga tse thataro e bong Desiree. Mosupi mongwe o ne a bereka bosigo kwa tirong, mme fa a tswa tirong o ne a tla go tlhola le Daniel gore Valerie a kgone go robala. Bopelonomi jwa batho bao—ba ke neng ke ba tlhoketse maitseo mo go kana kana—bo  ne jwa nkama tota. Ke ne ka lemoga gore batho bano ba ne ba itshwara jaaka Bakeresete ba boammaaruri, ka jalo ke ne ka kopa Basupi gore ba ithute Baebele le nna. Fa ke ntse ke ithuta Baebele, ke ne ka ithuta kafa monna a tshwanetseng go tshwara mosadi wa gagwe ka teng le kafa a sa tshwanelang go mo tshwara ka teng. Ke ne ka tlogelela ruri mekgwa ya me ya go dirisa dikgoka le go sotla. Kgabagare ke ne ka nna Mosupi wa ga Jehofa.

Ke melaometheo efe ya Baebele e e go thusitseng go fetoga?

Troy: E mentsi tota. Mo go 1 Petere 3:7, Baebele ya re ke tshwanetse go bontsha mosadi wa me “tlotlo.” Bagalatia 5:23 e kgothaletsa gore re bontshe “bopelonomi” le “boikgapo.” Baefeso 4:31 e kgala “puo ya go kgoba.” Bahebera 4:13 ya re “dilo tsotlhe di . . . mo pontsheng fela” fa pele ga Modimo. Ka jalo Modimo o bona tsela e ke itshwarang ka yone, tota le fa baagelani ba me ba sa e bone. Gape ke ne ka ithuta gore ke tshwanetse go tlogela batho ba ke neng ke itsalantse le bone ka gonne “go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” (1 Bakorintha 15:33) Tota batho ba pele e neng e le ditsala tsa me ba ne ba nkgothaletsa mekgwa ya me ya tirisodikgoka. Ba ne ba akanya gore go siame go itaya mosadi gore “a se ka a tswa mo taolong.”

O ikutlwa jang ka lenyalo la gago gone jaanong?

Valerie: E setse e le dingwaga di le 25 jaanong fa e sa le Troy a nna Mosupi wa ga Jehofa. Fa e sa le ka nako eo, o ntse a le lorato, a le pelonomi e bile a nkakanyetsa tota.

Troy: Nka se kgone go fetola kutlobotlhoko yotlhe e ke e baketseng ba lelapa la me, mme tota mosadi wa me o ne a sa tshwanelwe ke go tshwarwa ka tsela e ke neng ke mo tshwara ka yone. Mme ke lebile pele fa go tla bo go diragadiwa Isaia 65:17, fa karolo eno e e utlwisang botlhoko ya botshelo jwa rona e tla bo e lebaletswe ruri.

Ke kgakololo efe e mongwe le mongwe wa lona a ka e nayang malapa a a aparetsweng ke tirisodikgoka?

Troy: Fa e le gore o dirisa dikgoka mo lelapeng kgotsa o tlhaba ba lelapa la gago ka mafoko, amogela gore o tlhoka thuso mme o e senke. Go na le thuso e ntsi e o ka e bonang. Nna ke ile ka ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa le go kopanela le bone mme seo se nthusitse gore ke fenye mekgwa ya me e e neng e tseneletse thata ya tirisodikgoka.

Valerie: O se ka wa itlhaganelela go bapisa seemo sa gago le sa motho ope o sele kgotsa go latela kgakololo ya batho ba ba akanyang gore ba itse se se go siametseng. Gone ke boammaaruri gore batho ba ka se nne le diphelelo tse di tshwanang, mme nna ke itumelela gore ga ke a ka ka tlogela monna wa me ka gonne jaanong re na le kamano e e molemo.

GO FEDISA TIRISODIKGOKA MO LELAPENG

Go ithuta Baebele go thusitse banna ba le bantsi go dira diphetogo tse di tlhokegang

Baebele ya re: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo.” (2 Timotheo 3:16) Fela jaaka Troy, yo kgang ya gagwe e tlhalositsweng fa godimo, batho ba bantsi ba ba neng ba sotla balekane ba bone ba lenyalo ba ile ba dirisa kgakololo ya Baebele mme ba ile ba kgona go fetola tsela e ba akanyang le e ba itshwarang ka yone.

A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng kafa Baebele e ka go thusang ka gone mo lenyalong la gago? Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefelong la lona kgotsa o ye kwa atereseng eno ya Internet www.pr418.com/tn.

^ ser. 3 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 8 Gone ke boammaaruri gore go na le banna ba le bantsi ba ba itewang ke basadi. Le fa go ntse jalo, mo bontsing jwa dikgetsi tse di begilweng tsa tirisodikgoka ya mo lelapeng, banna e a bo e le bone ba sotlang basadi.