Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 5

Ke Eng se o Tla se Lemogang Kwa Dipokanong Tsa Rona Tsa Bokeresete?

Ke Eng se o Tla se Lemogang Kwa Dipokanong Tsa Rona Tsa Bokeresete?

Argentina

Sierra Leone

Belgium

Malaysia

Batho ba le bantsi ba tlogetse go ya dikerekeng ka gonne ga ba bone kgomotso kgotsa dikarabo tsa dipotso tsa botlhokwa mo botshelong. Jaanong ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa? Ke eng se o tla se lemogang kwa go tsone?

Boipelo jwa go nna mo bathong ba ba lorato le ba ba amegang ka ba bangwe. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bakeresete ba ne ba rulagantswe ka diphuthego. Ba ne ba kopana mmogo go obamela Modimo, go ithuta Dikwalo le go kgothatsana. (Bahebera 10:24, 25) Fa ba kopane jalo ka lorato, ba ne ba ikutlwa ba na le ditsala tsa mmatota—bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete. (2 Bathesalonika 1:3; 3 Johane 14) Re latela one mokgwa oo e bile re nna le boipelo jo bo tshwanang le jo ba neng ba na le jone.

Melemo ya go dirisa melaometheo ya Baebele. Fela jaaka go ne go ntse ka nako ya go kwalwa ga Baebele, le gompieno banna, basadi le bana ba phuthega mmogo. Barutisi ba ba tshwanelegang ba dirisa Baebele go re thusa go lemoga kafa re ka dirisang ka gone melaometheo ya yone mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. (Duteronome 31:12; Nehemia 8:8) Botlhe ba ka tsaya karolo mo metlotlong e bareetsi ba nnang le seabe mo go yone le mo go opeleng, e leng tsela e ka yone re bolelang tsholofelo ya rona ya Bokeresete.—Bahebera 10:23.

Go ipelela go bona tumelo ya gago mo Modimong e nonotshiwa. Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela maloko a phuthego nngwe ya mo motlheng wa gagwe a re: “Ke tlhologeletswe go lo bona, . . . gore lo kgothatsane, mongwe le mongwe ka tumelo ya yo mongwe, ya lona le ya me.” (Baroma 1:11, 12) Go nna gone ka metlha kwa dipokanong le badumedi ka rona go nonotsha tumelo le boikemisetso jwa rona jwa go tshela botshelo jwa Bokeresete.

Re go laletsa gore o nne gone kwa go nngwe ya dipokano tsa rona mme o kgone go iponela seno. O tla amogelwa ka lorato. Go tsenwa mahala—ga go kopiwe dikoleke.

  • Go latelwa mokgwa ofe fa go tshwarwa dipokano tsa rona tsa phuthego?

  • Go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete go tla re solegela molemo jang?