Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 12

Tiro ya Rona ya go Rera ka Bogosi e Rulagantswe Jang?

Tiro ya Rona ya go Rera ka Bogosi e Rulagantswe Jang?

Spain

Belarus

Hong Kong

Peru

Pelenyana ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a itsise gore: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Mme gone, tiro eno e e dirwang mo lefatsheng lotlhe e ne e tla fitlhelelwa jang? Ka go latela mokgwa o Jesu a neng a o dirisa fa a le mo lefatsheng.—Luke 8:1.

Re etela batho kwa magaeng a bone. Jesu o ne a thapisa barutwa ba gagwe gore ba rere dikgang tse di molemo ka ntlo le ntlo. (Mathaio 10:11-13; Ditiro 5:42; 20:20) Bareri bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba abelwa dikarolo tse ba neng ba tshwanetse go rera kwa go tsone. (Mathaio 10:5, 6; 2 Bakorintha 10:13) Ka tsela e e tshwanang, le gompieno tiro ya rona ya go rera e rulagantswe sentle, mme phuthego nngwe le nngwe e abelwa lefelo le e tshwanetseng go rera mo go lone. Seno se re thusa go diragatsa taelo ya ga Jesu ya go “rerela batho le go neela bosupi ka botlalo.”—Ditiro 10:42.

Re leka ka natla go fitlhelela batho gongwe le gongwe kwa ba leng teng. Jesu o ile a re tlhomela sekao ka go rerela batho mo mafelong a botlhe, jaaka kwa lotshitshing lwa lewatle kgotsa kwa sedibeng. (Mareko 4:1; Johane 4:5-15) Le rona re leka go bua le batho ka Baebele gongwe le gongwe kwa ba fitlhelwang teng—mo mebileng, kwa mafelong a kgwebo, kwa diphakeng kgotsa ka founo. Gape fa re bulegelwa ke tshono, re rerela baagelani ba rona, badirimmogo, ba re tsenang sekolo le bone le ba masika. Maiteko ano otlhe a re a dirang a thusitse gore batho ba le dimilionemilione lefatshe ka bophara ba utlwe “dikgang tse di molemo tsa poloko.”—Pesalema 96:2.

A go na le mongwe yo o ka ratang go bua le ene ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo le kafa dikgang tseno di amang isagwe ya gagwe ka gone? O se ka wa ipolokela molaetsa ono o o nayang tsholofelo. Bolelela ba bangwe ka one ka bonako jo bo kgonegang!

  • Ke ‘dikgang dife tse di molemo’ tse di tshwanetseng go bolelwa?

  • Basupi ba ga Jehofa ba etsa sekao sa ga Jesu jang fa ba rera?