Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?

Basupi ba ga Jehofa ba fitlhelwa mo lefatsheng lotlhe mme ba tswa mo merafeng le mo ditsong tse di farologaneng. Ke eng se se kopantseng batho bano ba ba sa tshwaneng?

Thato ya Modimo ke Eng?

Modimo o batla gore batho botlhe ba itse thato ya gagwe. Thato ya Modimo ke eng, mme ke bomang ba ba rutang batho ka yone?

THUTO 1

Basupi ba ga Jehofa ke Batho ba Mofuta Ofe?

O itse basupi ba ga Jehofa ba le kae? Tota ke eng se o se itseng ka rona?

THUTO 2

Ke ka Ntlha Yang fa re Bidiwa Basupi ba ga Jehofa?

Sekaseka mabaka a le mararo a go bo re ile ra bidiwa ka leina leno.

THUTO 3

Boammaaruri Jwa Baebele bo ne Jwa Senolwa Jang Gape?

Re ka tlhomamisega jang gore re tlhaloganya sentle se Baebele e se rutang?

THUTO 4

Ke ka Ntlha Yang fa re Ile ra Gatisa Thanolo ya Lefatshe le Lesha?

Ke eng se se dirang gore thanolo eno e farologane le tse dingwe?

THUTO 5

Ke Eng se o Tla se Lemogang Kwa Dipokanong Tsa Rona Tsa Bokeresete?

Re kopana mmogo go ithuta Baebele le go kgothatsana. Ba tla go amogela ka lorato!

THUTO 6

Go Kopana Mmogo le Bakeresete ka Rona go re Solegela Molemo Jang?

Lefoko la Modimo le kgothaletsa Bakeresete go kopana mmogo. Ithute gore go kopana mmogo jalo go re solegela molemo jang.

THUTO 7

Dipokano Tsa Rona di Tshwarwa Jang?

A o kile wa ipotsa gore ke eng se se dirwang kwa dipokanong tsa rona? Ga go pelaelo gore o tla kgatlhiwa ke thuto ya Baebele ya maemo a a kwa godimo e o tla e amogelang.

THUTO 8

Ke ka Ntlha Yang fa re Apara Sentle Fa re Ya Dipokanong?

A Modimo o a amega ka gore re apara jang? Ithute melaometheo ya Baebele e e re kaelang mo kgannyeng ya moaparo le go ipaakanya sentle.

THUTO 9

Re ka Baakanyetsa Jang Dipokano ka Tsela e e Tla re Solegelang Molemo?

O tla solegelwa molemo thata ke dipokano fa o baakanyetsa go sa le gale.

THUTO 10

Kobamelo ya Lelapa ke Eng?

Bona gore thulaganyo eno e ka go thusa jang go atamalana le Modimo le go nonotsha kamano ya lelapa la gago.

THUTO 11

Ke ka Ntlha Yang fa re Nna le Dikopano Tse Dikgolo?

Ngwaga le ngwaga re kopana gararo go ipelela dikokoano tsa botlhokwa. O ka solegelwa molemo jang ke go nna gone kwa dikokoanong tseno?

THUTO 12

Tiro ya Rona ya go Rera ka Bogosi e Rulagantswe Jang?

Re latela sekao se Jesu a se tlhomileng fa a ne a le mo lefatsheng. Ke mekgwa efe e re e dirisang fa re rera?

THUTO 13

Mmulatsela ke Eng?

Basupi bangwe ba fetsa diura di le 30, 50 kgotsa go feta mo tirong ya go rera kgwedi le kgwedi. Ba tlhotlhelediwea ke eng go dira jalo?

THUTO 14

Babulatsela ba Diretswe Dikolo Dife?

Ke thapiso efe e e kgethegileng e e diretsweng ba ba dirang tiro ya go rera ka Bogosi ka nako e e tletseng?

THUTO 15

Bagolwane ba Thusa Phuthego Jang?

Bagolwane ke banna ba ba godileng semoyeng ba ba etelelang pele mo phuthegong. Ba thusa phuthego jang?

THUTO 16

Tiro ya Batlhanka ba Bodiredi ke Efe?

Batlhanka ba bodiredi ba thusa gore dilo di dirwe sentle mo phuthegong. Ithute gore botlhe mo phuthegong ba solegelwa molemo jang ke tiro ya bone.

THUTO 17

Balebedi ba ba Etang ba re Thusa Jang?

Ke eng fa balebedi ba ba etang ba etela diphuthego? O ka solegelwa molemo jang ke maeto a bone?

THUTO 18

Re Thusa Bakaulengwe ba Rona Jang ka Dinako Tsa Mathata?

Fa go nna le masetlapelo, ka bonako fela re dira dithulaganyo tsa go thusa ba ba amilweng ke masetlapelo ka dilo tsa semoya le ka dilo tse dingwe tse ba di tlhokang. Re dira seo ka ditsela dife?

THUTO 19

Motlhanka yo o Boikanyego Le yo O Botlhale ke Mang?

Jesu o ne a solofetsa gore o tla tlhoma motlhanka yo o neng a tla aba dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng. Motlhanka yono o dira seno jang?

THUTO 20

Tiro ya Setlhopha se se Laolang ke Eng Gompieno?

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, setlhopha se sennye sa banna ba bagolwane le baaposetoloi ba ne ba direla e le setlhopha se se laolang mo phuthegong ya Bokeresete. Gompieno ke bomang ba ba bopang setlhopha seno?

THUTO 21

Bethele ke Eng?

Bethele ke lefelo le le tlhomologileng le le agilweng ka boikaelelo jwa botlhokwa. Ithute mo go oketsegileng ka batho ba ba berekang koo.

THUTO 22

Ke Eng se se Dirwang Kwa Ofising ya Lekala?

Batho ba gololesegile go ka etela nngwe ya diofisi tsa rona tsa makala. Le wena re go laletsa go dira jalo!

THUTO 23

Dikgatiso Tsa Rona di Kwalwa le go Ranolwa Jang?

Re dira dikgatiso ka dipuo di feta 750. Goreng re tsaya matsapa a a kalo?

THUTO 24

Tiro ya Rona e e Dirwang mo Lefatsheng Lotlhe e Tshegediwa Jang ka Madi?

Fa go tliwa mo kgannyeng ya madi, ke eng se se dirang gore phuthego ya rona e farologane le madumedi a mangwe?

THUTO 25

Diholo Tsa Bogosi—Goreng di Agiwa Mme di Agiwa Jang?

Ke eng fa mafelo a rona a kobamelo a bidiwa Diholo tsa Bogosi? Ithute kafa dikago tseno tse di sa raraanang di thusang diphuthego tsa rona ka gone.

THUTO 26

Re ka Thusa Jang go Tlhokomela Holo ya Rona ya Bogosi?

Holo ya Bogosi e e phepa le e e tlhokometsweng sentle e galaletsa Modimo wa rona. Go dirwa dithulaganyo dife go tlhokomela Holo ya Bogosi?

THUTO 27

Laeborari ya Holo ya Bogosi E ka Re Solegela Molemo Jang?

A o ka rata go dira dipatlisiso gore o nne le kitso e e oketsegileng ya Baebele? Dirisa laeborari ya mo Holong ya Bogosi!

THUTO 28

Ke Eng Se o Ka se Fitlhelang mo Website ya Rona

O ka ithuta mo go oketsegileng ka rona le ka se re se dumelang gape o ka bona dikarabo tsa dipotso tsa Baebele tse o ipotsang tsone.

A o Tla Dira Thato ya ga Jehofa?

Ruri Jehofa Modimo o a go rata. O ka bontsha jang gore o eletsa go mo itumedisa ka tsela e o tshelang ka yone letsatsi le letsatsi?