Fetela kwa tshedimosetsong

Tatelano ya Ditiragalo Tsa Baebele e Bontsha Eng ka Ngwaga wa 1914?

Tatelano ya Ditiragalo Tsa Baebele e Bontsha Eng ka Ngwaga wa 1914?

Karabo ya Baebele

Tatelano ya ditiragalo tsa Baebele e bontsha gore Bogosi jwa Modimo bo tlhomilwe kwa legodimong ka 1914. Seno se bonala sentle mo boporofeting jo bo mo bukeng ya Baebele ya Daniele kgaolo 4.

Go sekaseka boporofeti. Modimo o ne a dira gore Kgosi Nebukadenesare wa Babelona a lore toro ya boporofeti e e ka ga setlhare se segolo se se neng sa remiwa. Kutu ya sone e ne ya thibelwa go gola ka lobaka lwa “metlha e supa,” mme morago ga moo se ne se tla gola gape.—Daniele 4:1, 10-16.

Go diragadiwa ga ntlha ga boporofeti. Setlhare se segolo se ne se tshwantshetsa Kgosi Nebukadenesare ka boene. (Daniele 4:20-22) O ne a ‘remiwa’ ka tsela ya tshwantshetso fa ka nakwana a ne a latlhegelwa ke tlhaloganyo le bogosi dingwaga di le supa. (Daniele 4:25) Fa Modimo a dira gore Nebukadenesare a boelwe ke tlhaloganyo, o ne a nna gape mo setulong sa bogosi a bo a lemoga gore Modimo ke ene a nang le tshwanelo ya go busa.—Daniele 4:34-36.

Bosupi jwa gore boporofeti bo diragadiwa ka tsela e kgolwane. Boikaelelo jwa boporofeti jono e ne e le gore “batho ba ba tshelang ba tle ba itse gore Mogodimodimo ke Mmusi mo bogosing jwa batho, le gore o bo naya yo a batlang go bo mo naya a ba a tlhoma mo go jone le eleng wa maemo a a kwa tlase thata mo bathong.” (Daniele 4:17) A Nebukadenesare yo o ikgogomosang e ne e le ene yo kgabagare Modimo a neng a batla go mo naya bobusi joo? Nnyaa, ka gonne pelenyana Modimo o ne a mmontshitse toro e nngwe ya boporofeti e e bontshang gore bobusi joo bo ne bo se kitla bo newa ene kgotsa mmusi ope fela wa bopolotiki. Go na le moo, Modimo ka boene o ne a tla “tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha.”—Daniele 2:31-44.

Mo nakong e e fetileng, Modimo o ne a tlhomile bogosi jo bo neng bo emela bobusi jwa gagwe mo lefatsheng: setšhaba sa Iseraele wa bogologolo. E re ka babusi ba bogosi joo ba ne ba sa ikanyege, Modimo o ne a bo letla go ‘senngwa’ mme a bolelela pele gore o ne a tla bo naya “yo o nang le tshwanelo e e kafa molaong.” (Esekiele 21:25-27) Baebele e tlhalosa gore Jesu Keresete ke ene yo o nang le tshwanelo e e kafa molaong ya go amogela bogosi jono jo bo sa khutleng. (Luke 1:30-33) Go farologana le Nebukadenesare, Jesu ene o “boikokobetso mo pelong” jaaka go ne go boleletswe pele.—Mathaio 11:29.

Setlhare sa Daniele kgaolo 4 se tshwantshetsa eng? Mo Baebeleng, ka dinako dingwe ditlhare di tshwantshetsa bobusi. (Esekiele 17:22-24; 31:2-5) Fa Daniele kgaolo 4 e diragadiwa ka tsela e kgolwane, setlhare se segolo se tshwantshetsa bobusi jwa Modimo.

Go remiwa ga setlhare go kaya eng? Fela jaaka go remiwa ga setlhare go ne go tshwantshetsa go kgaosediwa ga bobusi jwa ga Nebukadenesare, gape go ne go tshwantshetsa go kgaosediwa ga bobusi jwa Modimo mo lefatsheng. Seno se ne sa direga fa Nebukadenesare a senya Jerusalema, kwa dikgosi tsa Iseraele di neng di nna mo “setulong sa bogosi sa ga Jehofa” gone e le baemedi ba Modimo ka boene.—1 Ditiragalo 29:23.

“Metlha e supa” e tshwantshetsa eng? “Metlha e supa” e tshwantshetsa lobaka lwa nako lo mo go lone Modimo a neng a letleletse ditšhaba go busa mo lefatsheng go se na bogosi bope jwa gagwe jo a bo tlhomileng. Go ya ka tatelano ya ditiragalo tsa Baebele, “metlha e supa” e simologile ka Diphalane 607 B.C.E., fa Jerusalema e ne e senngwa ke Bababelona. *2 Dikgosi 25:1, 8-10.

“Metlha e supa” e boleele jo bo kae? Ga e ka ke ya nna dingwaga tse supa jaaka go ne go ntse mo kgannyeng ya ga Nebukadenesare. Jesu o ne a naya karabo fa a ne a re “Jerusalema [e e tshwantshetsang bobusi jwa Modimo] o tla gatakwa ke ditšhaba, go fitlha dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba di fela.” (Luke 21:24) “Dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba,” e leng nako e Modimo a neng a letla gore bobusi jwa gagwe bo ‘gatakiwe ke ditšhaba,’ di tshwana fela le “metlha e supa” ya Daniele kgaolo 4. Seno se raya gore “metlha e supa” e ne e sa ntse e tsweletse fa Jesu a ne a le mo lefatsheng.

Baebele e re bontsha tsela e re ka itseng boleele jwa “metlha [eo] e supa” ya boporofeti ka yone. Ya re “metlha” e meraro le sephatlo e lekana le malatsi a le 1 260, ka jalo “metlha e supa” e lekana le palo eo gabedi, kgotsa malatsi a le 2 520. (Tshenolo 12:6, 14) Fa re dirisa molao wa boporofeti wa gore “letsatsi le emela ngwaga,” malatsi a le 2 520 a tshwantshetsa dingwaga di le 2 520. Ka jalo, “metlha e supa” kgotsa dingwaga tse 2 520, di ne di tla wela ka Diphalane 1914.—Dipalo 14:34; Esekiele 4:6.

^ ser. 8 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng malebana le lebaka la go bo go dirisitswe letlha la 607 B.C.E., bona setlhogo sa “Jerusalema wa Bogologolo o Sentswe Leng?—Karolo ya Ntlha,” mo go tsebe 26-31 ya makasine wa Tora ya Tebelo wa October 1, 2011 le sa “Jerusalema wa Bogologolo o Sentswe Leng?—Karolo ya Bobedi,” mo go tsebe 22-28 ya makasine wa Tora ya Tebelo wa November 1, 2011.