Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele ya Reng ka go Bua ka Diteme?

Baebele ya Reng ka go Bua ka Diteme?

Karabo ya Baebele

Go “bua ka diteme” ke bokgoni jo Bakeresete bangwe ba bogologolo ba neng ba na le jone jwa go bua puo e ba iseng ba e ithute. Batho ba ba itseng puo eo ba ne ba kgona go tlhaloganya Bakeresete bao fa ba e bua. (Ditiro 2:4-8) Go bua ka diteme e ne e le nngwe ya dimpho tse Modimo a ileng a dirisa moya o o boitshepo go di naya Bakeresete bangwe ba bogologolo.—Bahebera 2:4; 1 Bakorintha 12:4, 30.

 Go bua ka diteme go simologile leng e bile kae?

Kgakgamatso eno e diragetse lekgetlo la ntlha kwa Jerusalema mo mosong wa letsatsi la mokete wa Pentekosete ya ngwaga wa 33. Barutwa ba ga Jesu ba ka nna 120 ba ne ba phuthegile mmogo fa “ba tlala moya o o boitshepo mme ba simolola go bua ka diteme tse di farologaneng.” (Ditiro 1:15; 2:1-4) Boidiidi jwa batho “ba ba tswang mo setšhabeng sengwe le sengwe sa tse di kafa tlase ga legodimo” ba ile ba phuthega ka gonne ba utlwa barutwa ba bua dipuo tsa bone.—Ditiro 2:5, 6.

 Boikaelelo jwa go bua ka diteme e ne e le eng?

  1. Go bontsha gore Modimo o ne a eme Bakeresete nokeng. Mo nakong e e fetileng, Modimo o ne a dirisa dikgakgamatso go bontsha gore o tshegetsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba jaaka Moshe. (Ekesodo 4:1-9, 29-31; Dipalo 17:10) Go ntse fela jalo le ka go bua ka diteme, Modimo o ne a bontsha gore o tshegetsa phuthego e e sa tswang go tlhomiwa ya Bakeresete. Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Diteme ke tsa sesupo, e seng mo badumeding, mme mo go ba ba sa dumeleng.”—1 Bakorintha 14:22.

  2. Go thusa Bakeresete gore ba kgone go rerela batho botlhe. Batho ba ba ileng ba utlwa balatedi ba ga Jesu mo letsatsing leo la Pentekosete ba ile ba re: “Re ba utlwa ba bua ka diteme tsa rona kaga dilo tse dikgolo tsa Modimo.” (Ditiro 2:11) Ka jalo, kgakgamatso eno e ne e thusa Bakeresete “go neela bosupi ka botlalo” le go ‘dira batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa,’ jaaka Jesu a ne a ba laetse. (Ditiro 10:42; Mathaio 28:19) Batho ba ka nna 3 000 ba ba boneng kgakgamatso eo le go reetsa bosupi jo ba bo newang ba ile ba nna balatedi ba ga Jesu ka lone letsatsi leo.—Ditiro 2:41.

 A go bua ka diteme e ne e tla nna selo sa go ya go ile?

Nyaa. Dimpho tsa moya o o boitshepo, go akaretsa le go bua ka diteme, e ne e le selo sa nakwana. Baebele ya re: “Fa go na le dimpho tsa go porofeta, di tla nyelediwa; fa go na le diteme, di tla kgaotsa.”—1 Bakorintha 13:8.

 Go bua ka diteme go fedile leng?

Gantsi baaposetoloi ba ne ba le gone fa dimpho tsa moya o o boitshepo di newa Bakeresete ba bangwe, e bile ka dinako tse dingwe baaposetoloi ba ne ba baya motho diatla gore a amogele dimpho tseo. (Ditiro 8:18; 10:4 4-46) Go bonala batho ba ba ileng ba amogela dimpho tseo go tswa mo baaposetoloing ba sa di fetisetsa mo bathong ba bangwe. (Ditiro 8:5-7, 14-17) Ka sekai, mokgweetsi a ka newa laesense, mme ene ga a na tetla ya semolao ya go naya motho o mongwe laesense. Go bonala go bua ka diteme go fedile fa baaposetoloi le Bakeresete ba ba ileng ba amogela mpho eo mo go bone ba sena go tlhokafala.

 A go bua ka diteme go sa ntse go dirwa le gompieno?

Go bonala mpho ya go bua ka diteme e ile ya fela nako nngwe go ela kwa bokhutlong jwa ngwaga wa 100. Gompieno ga go na motho yo o ka reng Modimo o mo neile maatla a go bua ka diteme. *

 Bakeresete ba nnete ba ka lemogiwa jang?

Jesu o ile a re lorato lo tla tlhomolola balatedi ba gagwe. (Johane 13:34, 35) Tota le moaposetoloi Paulo o ne a re lorato ke lone lo lo senolang Bakeresete ba nnete. (1 Bakorintha 13:1, 8) O ne a re moya o o boitshepo o tla thusa Bakeresete go nna le “maungo a moya” mme leungo la ntlha ke lorato.—Bagalatia 5:22, 23.