Fetela kwa tshedimosetsong

Banefilime E ne E le Bomang?

Banefilime E ne E le Bomang?

Karabo ya Baebele

Banefilime e ne e le diganka e bile e le mekaloba e e neng ya nna gone fa baengele ba ba bosula ba ne ba robalana le basadi ba mo motlheng wa ga Noa. *

Pego ya Baebele ya re “bomorwa Modimo wa boammaaruri ba [ne ba] simolola go bona bomorwadia batho, gore ba ne ba le bantle.” (Genesise 6:2) “Bomorwa Modimo” e ne e le baengele ba ba neng ba sa batle go reetsa Modimo “mme ba latlha lefelo la bone le le tshwanetseng la bonno” kwa legodimong. Ba ne ba iphetola batho ba bo ba “itseela basadi.”—Jude 6; Genesise 6:2.

Baengele bao ba ne ba robalana le basadi ba bo ba nna le bana ba ba sa tlwaelegang, ba ba bidiwang Banefilime. (Genesise 6:4) Banefilime e ne e le diganka tse di kgerisang batho e bile ba ile ba tlatsa lefatshe ka thubakanyo. (Genesise 6:13) Baebele e ba bitsa “ba ba thata ba bogologolo, banna ba ba tumileng.” (Genesise 6:4) Ba ile ba dira gore batho ba rate dikgoka le go tshelela mo letshogong.—Genesise 6:5; Dipalo 13:33. *

Dikgopolo tse di phoso ka Banefilime

Kgopolo e e phoso: Banefilime ba sa ntse ba le teng mo lefatsheng.

Boammaaruri: Jehofa o ile a senya batho ba ba bosula ba nako eo ka morwalela. Banefilime le bone ba ile ba fedisiwa. Mme go ile ga falola fela Noa le ba lelapa la gagwe ka gonne ba ne ba dira dilo tse di itumedisang Jehofa.—Genesise 6:9; 7:12, 13, 23; 2 Petere 2:5.

Kgopolo e e phoso: Borraabone Banefilime e ne e le batho ba mo lefatsheng.

Boammaaruri: Borraabone ba ne ba bidiwa “bomorwa Modimo wa boammaaruri.” (Genesise 6:2) Baebele e dirisa mafoko ano fa e bua ka baengele. (Jobe 1:6; 2:1; 38:7) Gape e na le dipego tsa baengele ba ba ileng ba iphetola batho. (Genesise 19:1-5; Joshua 5:13-15) Moaposetoloi Petere o kile a bua ka “meya e e mo kgolegelong, e e neng e kile ya ne e sa utlwe fa bopelotelele jwa Modimo bo ne bo letile mo malatsing a ga Noa.” (1 Petere 3:19, 20) Buka ya Baebele ya Jude ya re baengele bangwe ‘ba ne ba se ka ba boloka boemo jwa bone jwa kwa tshimologong mme ba latlha lefelo la bone le le tshwanetseng la bonno.’—Jude 6.

Kgopolo e e phoso: Banefilime ke baengele ba ba neng ba tla mo lefatsheng.

Boammaaruri: Go ya ka Genesise kgaolo 6, Banefilime e ne e se baengele go na le moo, e ne e le bana ba ba ileng ba nna teng fa baengele ba ne ba tlhakanela dikobo le basadi. Fa baengele ba sena go ‘itseela basadi botlhe ba ba neng ba ba tlhopha,’ Jehofa o ne a re mo dingwageng tse 120 tse di latelang, o tlile go fedisa batho ba ba bosula. (Genesise 6:1-3) Baebele ya re “mo metlheng eo,” baengele bao ba ba iphetotseng batho ba ne ba tswelela ba “robala le bomorwadia batho mme ba ba tsholela bana ba basimane, e ne e le ba ba thata ba bogologolo,” ba ba bidiwang Banefilime.—Genesise 6:4.

^ ser. 1 Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “Banefilime” le ka tswa le kaya “batho ba ba digang ba bangwe.” Buka nngwe e e tlhalosang mafoko a Baebele ya re lefoko leno le bua ka “batho ba ba dirisanang le ba bangwe ka dikgoka.”

^ ser. 3 Go bonala Baiseraele ba go buiwang ka bone mo go Dipalo 13:33 ba bone dirintlha tsa banna ba ba neng ba ba gopotsa Banefilime, ba ka nako eo ba neng ba sa tlhole ba le gone.—Genesise 7:21-23.