Fetela kwa tshedimosetsong

A Baebele ya Re go Ithata go Phoso?

A Baebele ya Re go Ithata go Phoso?

Karabo ya Baebele

Baebele ya re go ithata ga go phoso fa fela re sa go feteletse. Go ithata go akaretsa go itlhokomela, go itlotla le go itsaya re le botlhokwa. (Mathaio 10:31) Baebele e tekatekano fa e bua ka kgang eno.

Re tshwanetse go rata mang pele?

  1. Re tshwanetse go rata Modimo pele. Baebele ya re taelo e e di gaisang tsotlhe ke e e reng: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago.”—Mareko 12:28-30; Duteronome 6:5.

  2. Taelo ya bobedi e e di gaisang tsotlhe ya re: “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.”—Mareko 12:31; Lefitiko 19:18.

  3. Le fa go se na temana e e re kgothaletsang gore re ithate, taelo e e reng “o rate moagelani wa gago jaaka o ithata,” e re bontsha gore go ithata le go itlotla go botlhokwa fa re sa go feteletse.

Jesu o ne a rata mang pele?

Jesu o ile a bontsha barutwa ba gagwe gore ba ka dirang go rata Modimo, moagelani le go ithata mme o ile a ba laela gore ba etse sekao sa gagwe.—Johane 13:34, 35.

  1. O ne a rata Jehofa Modimo e bile tiro ya Modimo e ne e tla pele mo botshelong jwa gagwe. O ile a re: “Gore lefatshe le itse gore ke rata Rara, fela jaaka Rara a nneile taelo go dira, ke dira jalo.”—Johane 14:31.

  2. Jesu o ne a rata baagelani ba gagwe mme o ile a bontsha seo ka go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang le go ba swela.—Mathaio 20:28.

  3. O ne a bontsha gore o a ithata ka gonne o ne a ikhutsa, a ja le go ipha nako le barutwa ba gagwe le batho ba bangwe.—Mareko 6:31, 32; Luke 5:29; Johane 2:1, 2; 12:2.

A go rata batho ba bangwe pele go ka dira gore o se ka wa tlhola o itumela kgotsa go itlotla?

Nnyaa ka gonne re bopilwe mo setshwanong sa Modimo yo o lorato. (Genesise 1:27; 1 Johane 4:8) Seno se raya gore re kgona go rata batho ba bangwe. Le fa go ithata go le botlhokwa, re itumela thata fa re rata Modimo pele e bile re thusa batho ba bangwe. Baebele ya re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

Gompieno batho ba le bantsi ba re fa o batla go itumela, o tshwanetse go ikakanyetsa pele. Ga ba reetse taelo ya Modimo e e reng o rate moagelani wa gago jaaka o ithata. Mme dipatlisiso tse di dirilweng bosheng di bontsha gore batho ba ba latelang kgakololo ya Baebele e e reng “a mongwe le mongwe a nne a batle, e seng molemo wa gagwe, fa e se wa motho yo mongwe,” ba itumetse e bile ga ba lwale thata.—1 Bakorintha 10:24.