Fetela kwa tshedimosetsong

Goreng lo sa Keteke Keresemose?

Goreng lo sa Keteke Keresemose?

Dikgopolo tse di tlwaelegileng tse di seng boammaaruri

 Se se seng boammaaruri: Basupi ba ga Jehofa ga ba keteke Keresemose ka gonne ga ba dumele mo go Jesu.

 Boammaaruri: Re Bakeresete. Re dumela gore re ka bolokwa fela ka Jesu Keresete.—Ditiro 4:12.

 Se se seng boammaaruri: Lo kgaoganya malapa ka go ruta maloko a lona gore a se ka a keteka Keresemose.

 Boammaaruri: Re amega thata ka malapa e bile re dirisa Baebele go thusa batho go nna le malapa a a nonofileng.

 Se se seng boammaaruri: Lo fetwa ke moya o o nnang gone ka Keresemose wa bopelotshweu, wa kagiso mo lefatsheng le wa go eleletsa batho dilo tse di molemo.

 Boammaaruri: Letsatsi le letsatsi re lwela go nna pelotshweu le go tshela le batho ka kagiso. (Diane 11:25; Baroma 12:18) Ka sekai, tsela e re tshwarang dipokano tsa rona le e re dirang tiro ya go rera ka yone e dumalana le taelo ya ga Jesu e e reng: “Lo amogetse mahala, nayang mahala.” (Mathaio 10:8) Mo godimo ga moo, re bontsha batho gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela re ka solofelang gore bo tla tlisa kagiso ya mmatota mo lefatsheng.—Mathaio 10:7.

Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba sa keteke Keresemose?

  •   Jesu o ne a laela gore re gopole loso lwa gagwe e seng botsalo jwa gagwe.—Luke 22:19, 20.

  •   Baaposetoloi ba ga Jesu le barutwa ba bogologolo ba ne ba sa keteke Keresemose. The New Catholic Encyclopedia ya re “moletlo wa Botsalo o simologile ka 243 [C.E.] kgotsa morago ga foo,” dingwaga di feta lekgolo morago ga loso lwa moaposetoloi wa bofelo.

  •   Ga go na bosupi bope jwa gore Jesu o tshotswe ka December 25; letlha le a tshotsweng ka lone ga le a kwalwa mo Baebeleng.

  •   Re dumela gore Modimo ga a amogele Keresemose ka gonne e simologile kwa meetlong le kwa dingwaong tsa boheitane.2 Bakorintha 6:17.

Ke eng fa lo itetla go se ratiwe ke batho ka go se keteke Keresemose?

 Batho ba le bantsi ba sa ntse ba keteka Keresemose le fa ba itse gore e simologile kwa boheitaneng le gore ga e umakwe gope mo Baebeleng. Batho bao ba ka botsa jaana: Ke eng fa Bakeresete ba tlhopha go farologana le batho ba bangwe jaana? Ke eng fa ba tsaya kgang eno masisi thata?

 Baebele e re kgothaletsa gore re akanye, re dirise ‘maatla a rona a go akanya.’ (Baroma 12:1, 2) E re ruta gore re anaanele boammaaruri. (Johane 4:23, 24) Ka jalo, le fa re amega ka gore batho ba re leba jang, re kgomarela melaometheo ya Baebele tota le fa seo se kaya gore re ka se ratiwe ke batho ba bangwe.

 Le fa rona re tlhopha gore re se ka ra keteka Keresemose, re tlotla tshwanelo e mongwe le mongwe a nang le yone ya go itirela tshwetso mo kgannyeng eno. Ga re itshunye nko mo meketeng ya Keresemose e batho ba bangwe ba e dirang.