Fetela kwa tshedimosetsong

A Jesu E ne E le Monna Fela yo o Molemo?

A Jesu E ne E le Monna Fela yo o Molemo?

Karabo ya Baebele

Jesu e ne e se monna fela yo o siameng. Totatota o ile a itshupa e le motho yo o nang le tlhotlheletso e kgolo go gaisa botlhe mo hisitoring ya batho. Ela tlhoko mafoko ano a bakwadi ba hisitori ba ba tumileng le ba bangwe ba ileng ba a bua ka ene:

“Jesu wa Nasaretha . . . ke motho yo mogolo go gaisa botlhe mo hisitoring.”—H. G. Wells, rahisitori wa Moesemane.

“Botshelo [jwa ga Jesu] ke jwa motho yo o neng a na le tlhotlheletso e kgolo go gaisa botlhe mo polaneteng eno mme tlhotlheletso ya gagwe e sa ntse e oketsega.”—Kenneth Scott Latourette, rahisitori le mokwadi wa Moamerika.

Baebele e tlhalosa lebaka la go bo Jesu a ile a nna le tlhotlheletso e kgolo go feta motho ope fela yo o kileng a tshela. Fa Jesu a ne a botsa balatedi ba gagwe ba ba neng ba atamalane thata le ene gore ba akanya gore ke ene mang, mongwe wa bone o ile a araba jaaka a opile kgomo lonaka: “O Keresete, Morwa Modimo yo o tshedileng.”—Mathaio 16:16.