Fetela kwa tshedimosetsong

A Basupi ba ga Jehofa ba Fetotse Baebele Gore e Dumalane Le se Ba se Dumelang?

A Basupi ba ga Jehofa ba Fetotse Baebele Gore e Dumalane Le se Ba se Dumelang?

 Nnyaa, ga re a dira jalo. Go na le moo, fa re ne re lemoga gore dilo tse re di dumelang ga di tsamaisane le se se mo Baebeleng, re ne ra di fetola.

 Bogologolo pele re gatisa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ka 1950, re ne ra tlhatlhoba Baebele. Re ne re dirisa dithanolo dipe fela tse di neng di le teng mme ra thaya se re se dumelang mo go tsone. Sekaseka dikai di le mmalwa tsa dilo tse Basupi ba ga Jehofa ba sa bolong go di dumela mme o itirele tshwetso ya gore a di dumalana le se tota Baebele e se rutang.

  1.   Se re se dumelang: Modimo ga se Tharonngwe. Kgatiso ya July 1882 ya makasine wa Zion’s Watch Tower e ne ya re: “Babadi ba rona ba itse gore le fa re dumela mo go Jehofa le Jesu le Moya o o boitshepo, re gana gotlhelele thuto e e seng ya Dikwalo ya gore bano ke Medimo e meraro mo mothong a le mongwe, kana jaaka ba bangwe ba re, ke Modimo o le mongwe mo bathong ba bararo.”

      Se Baebele e se buang: “Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa yo mongwe fela.” (Duteronome 6:4, Baebele e e Boitshepo) “Re na le Modimo o le mongwe fela, Rara, yo dilo tsotlhe di tswang mo go ene, yo re bopetsweng ene; le Morena a le mongwe fela, e bong Jesu Keresete yo dilo tsotlhe di leng ka ene, yo le rona re leng ka ene.” (1 Bakorintha 8:6, Baebele ya Tswana Central) Jesu ka boene o ne a re: “Rara o mogolo mo go nna.”​—Johane 14:28, Douay-Rheims Version.

  2.   Se re se dumelang: Batho ga ba tlhokofadiwe ka bosakhutleng mo molelong wa dihele. Makasine wa Zion’s Watch Tower wa June 1882 wa setlhogo se se reng “Dituelo Tsa Boleo ke Loso,” se se nopotsweng mo go Baroma 6:23 mo thanolong ya King James Version, o ne wa re: “Mafoko ano a tlhamaletse e bile a a utlwala. Tota ga go utlwale gore batho ba bantsi ba ba iphakang fa ba tsaya Baebele e le Lefoko la Modimo ba ganetse mafoko ano a a utlwalang, ba bo ba re ba dumela fa Baebele e ruta gore dituelo tsa boleo ke go tshelela ruri o tlhokofadiwa.”

      Se Baebele e se buang: “Mowa o o leofang, go tla swa one.” (Esekiele 18:4, 20, Baebele e e Boitshepo) Kotlhao ya bofelo ya batho ba ba ganetsang Modimo ga se tlhokofatso ya bosakhutleng, mme ke “tshenyego e e sa khutleng.”—2 Bathesalonika 1:9, Baebele e e Boitshepo.

  3.   Se re se dumelang: Bogosi jwa Modimo ke puso ya mmatota, e seng boemo jwa pelo. Makasine wa Zion’s Watch Tower wa December 1881 o ne wa bua jaana ka Bogosi jwa Modimo: “Boammaaruri ke gore, go tlhomiwa ga bogosi jono go tla akaretsa go senngwa ga magosi otlhe a lefatshe.”

      Se Baebele e se buang: “E tla re mo metlheng ya dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa gope, mme le mmuso wa lone ga o kitla o tlogelelwa tšhaba e sele, mme bo tla thubaganya bo nyeletsa magosi ao otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.”—Daniele 2:44, Baebele e e Boitshepo.

A Thanolo ya Lefatshe le Lesha ke yone fela e Basupi ba ga Jehofa ba e dirisang go tshegetsa se ba se dumelang?

 Nnyaa, re dirisa dithanolo tse dingwe tse dintsi tsa Baebele mo tirong ya rona ya go rera. Tota e bile, le fa gone re naya batho khopi ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha kwantle ga tuelo e le karolo ya thulaganyo ya rona ya go ithuta Baebele mahala, re itumelela go ithuta le batho ba ba ratang go dirisa dithanolo tse dingwe.