Fetela kwa tshedimosetsong

A Basupi ba ga Jehofa Ba na Le Baebele ya Bone?

A Basupi ba ga Jehofa Ba na Le Baebele ya Bone?

 Basupi ba ga Jehofa ba dirisitse dithanolo tse dintsi tse di farologaneng fa ba ithuta Baebele. Mme fa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e le teng ka dipuo dingwe, re rata go dirisa yone thata ka gonne e na le leina la Modimo, e nepile e bile e a utlwala.

  •   E na le leina la Modimo. Bagatisi bangwe ba Baebele ga ba tlotlomatse Mokwadi wa yone. Ka sekai, thanolo nngwe ya Baebele e na le lenaane la maina a batho ba feta 70 ba ba nnileng le seabe mo go gatisiweng ga yone. Le fa go ntse jalo, yone Baebele eno ga e umake leina la Mokwadi wa yone—Jehofa Modimo—gotlhelele!

     Thanolo ya Lefatshe le Lesha yone e buseditse leina la Modimo mo le neng le tlhaga gone mo mekwalong ya ntlhantlha ka makgetlho a ka nna dikete e bile maina a batho ba ba mo komiting e e neng e ranola Baebele eno ga a kwalwa.

  •   E nepile. Ga se dithanolo tsotlhe tse di tlhalosang molaetsa wa Baebele ka tsela e o neng o le ka yone go tswa kwa tshimologong. Ka sekai, thanolo nngwe e ranola Mathaio 7:13 jaana: “Tsenang ka kgoro e tshesane, ka gonne kgoro e e yang kwa diheleng e atlhame e bile tsela e e yang teng e motlhofo.” Le fa go ntse jalo, mokwalo wa ntlhantlha o dirisitse lefoko “tshenyego” e seng “dihele.” Baranodi ba ka tswa ba dirisitse lefoko “dihele” ka gonne ba ne ba dumela gore baikepi ba tla tlhokofadiwa ka bosakhutleng kwa molelong wa dihele. Mme kgopolo eno ga e tswe mo Baebeleng. Ka jalo, Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ranola temana eo jaana ka nepo: “Tsenang ka kgoro e tshesane; ka gonne tsela e e isang tshenyegong e atlhame e bile e bulegile.”

  •   E a utlwala. Thanolo e e molemo e tshwanetse e bo e nepile, e utlwala sentle e bile e tlhaloganyesega motlhofo. Ela tlhoko sekai seno. Mo go Baroma 12:11, moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o dirisitse mafoko a fa a ranolwa jaaka a ntse a kayang “go bedisa moya.” E re ka mafoko ano a sa utlwale ka Setswana, Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ranola temana eno ka tsela e e tlhaloganyesegang motlhofo. Ya re Bakeresete ba tshwanetse go ‘tuka mo moyeng.’

 Mo godimo ga gore Thanolo ya Lefatshe le Lesha e dirisa leina la Modimo, e nepile e bile e utlwala sentle, go na le sengwe se e tlhomologileng ka sone: Ga e rekisiwe. Seno se dira gore batho ba le dimilione ba kgone go bala Baebele ka puo ya bone—tota le fa ba ne ba ka se kgone go ithekela Baebele.