Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

AspctStyle/stock.adobe.com

LETSHOLO LA GO LALETSA BATHO GO TLA SEGOPOTSONG

Jesu o Tla Fedisa Dintwa

Jesu o Tla Fedisa Dintwa

 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a rata batho thata, go ya bokgakaleng jwa gore a ba swele. (Mathaio 20:28; Johane 15:13) E re ka Jesu e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, go ise go ye kae o tla bontsha gore o rata batho ka go dirisa taolo e a nang le yone go “fedisa dintwa mo lefatsheng lotlhe.”—Pesalema 46:9.

 Bona gore Baebele e a re Jesu o tla dira eng:

  •    “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le motho wa maemo a a kwa tlase le ope fela yo o se nang mothusi. O tla utlwela batho ba maemo a a kwa tlase le bahumanegi botlhoko, e bile o tla boloka matshelo a bahumanegi. O tla ba golola mo kgatelelong le mo thubakanyong.”—Pesalema 72:12-14.

 Re ka bontsha jang gore re lebogela se Jesu a re diretseng sone le se a tla re direlang sone? Mo go Luke 22:19, Jesu o ne a re balatedi ba gagwe ba gopole loso lwa gagwe. Ke ka moo Basupi ba ga Jehofa ba kopanang mmogo ngwaga le ngwaga go gopola loso lwa ga Jesu. Re go laletsa gore o tle go gopola le rona loso lwa ga Jesu ka Sontaga, March 24, 2024.

Batla Lefelo le Segopotso se Tla Tshwarelwang Kwa go Lone