Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

alfa27/stock.adobe.com

LETSHOLO LA GO LALETSA BATHO GO TLA SEGOPOTSONG

Jesu o Tla Fedisa Bokebekwa

Jesu o Tla Fedisa Bokebekwa

 Jesu o a itse gore go ntse jang go boga ka ntlha ya bokebekwa le tshiamololo. O ile a latofadiwa ka maaka, a itewa, a sekisiwa, a tshwarwa, a bo a bolawa setlhogo. Le fa gone a sa dira sepe se se phoso, o ile a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo “go rekolola ba le bantsi.” (Mathaio 20:28; Johane 15:13) E re ka Jesu e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, go ise go ye kae o tla dira gore go nne le tshiamiso mo lefatsheng lotlhe, gape o tla fedisa bokebekwa.—Isaia 42:3.

 Baebele e tlhalosa gore lefatshe le tla nna jang fa Jesu a sena go tsaya kgato:

  •    “Batho ba ba bosula ba tla bo ba sa tlhole ba le teng; o tla sekaseka kwa ba neng ba le gone, mme ba tla bo ba seyo. Le fa go ntse jalo, ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, mme ba tla tshela ka boitumelo go rena kagiso.”—Pesalema 37:10, 11.

 Re ka bontsha jang gore re lebogela se Jesu a re diretseng sone le se a tla re direlang sone? Mo go Luke 22:19, Jesu o ne a re balatedi ba gagwe ba gopole loso lwa gagwe. Ke ka moo Basupi ba ga Jehofa ba kopanang mmogo ngwaga le ngwaga go gopola loso lwa ga Jesu. Re go laletsa gore o tle go gopola le rona loso lwa ga Jesu ka Sontaga, March 24, 2024.

Batla Lefelo le Segopotso se Tla Tshwarelwang Kwa go Lone